Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 6

Dikwalo di Tlhalositswe Sentle

Dikwalo di Tlhalositswe Sentle

Johane 10:33-36

KGANGKGOLO: O se ka wa bala temana fela o bo o fetela kwa ntlheng e e latelang. Dira gore bareetsi ba bone kafa temana e o e badileng e amanang ka gone le ntlha e o e buang.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Tlhomolola mafoko a konokono. Fa o sena go bala temana, tlhomolola mafoko a a amanang le ntlha e o e buang. O ka dira seo ka go boeletsa mafoko ao kgotsa ka go botsa potso e e tla dirang gore bareetsi ba a bone.

  • Gatelela ntlha e o batlang bareetsi ba e gakologelwa. Fa o ile wa tlhalosa lebaka la go bo o bala temana, bontsha gore mafoko a konokono mo temaneng eo a tshegetsa lebaka leo jang.

  • Tlhalosa Dikwalo ka tsela e e motlhofo. O se ka wa bua ka dintlha tse di sa amaneng ka gope le se o se buang. Bua ka dilo tse di tla thusang bareetsi go tlhaloganya ntlha ya botlhokwa, o akantse ka se ba setseng ba se itse ka setlhogo seo.