Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 9

Dirisa Ditshwantsho le Dibidio fa o Ruta

Dirisa Ditshwantsho le Dibidio fa o Ruta

Genesise 15:5

KGANGKGOLO: Dirisa ditshwantsho le dibidio fa o ruta gore batho ba kgone go tlhaloganya le go gopola dintlha tsa botlhokwa.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Tlhopha ditshwantsho le dibidio tse di ka tokafatsang tsela e o rutang ka yone. Fa o neela puo, o ka dirisa ditshwantsho, di-diagram, dimmapa le lenaane la ditiragalo go tlhomolola dintlha tsa botlhokwa. Fa o le mo bodireding o ka dirisa dibidio. Thusa bareetsi gore ba se ka ba gopola setshwantsho fela mme ba gopole ntlha ya botlhokwa e o e rutang.

  • Tlhomamisa gore bareetsi ba kgona go bona ditshwantsho tse o di dirisang.