Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 47

Kafa re ka Bonang ka Teng Gore Haramagedona e Atametse

Kafa re ka Bonang ka Teng Gore Haramagedona e Atametse

O ITSE gore sesupo ke eng, ga ke re?— Mo go Kgaolo 46 re badile ka sesupo se Modimo a ileng a re re tla bona ka sone gore ga a kitla a tlhola a fedisa lefatshe ka morwalela. Baaposetoloi le bone ba ne ba botsa Jesu sesupo se ba neng ba tla lemoga ka sone gore o boile le sa gore bokhutlo jwa lefatshe kana jwa tsamaiso eno ya dilo, bo gaufi.—Mathaio 24:3.

E re ka batho ba ne ba se kitla ba bona Jesu fa a le kwa legodimong, ba ne ba tlhoka sesupo se ba neng ba tla bona ka sone gore o simolotse go busa. Ka jalo Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe dilo tse ba neng ba tshwanetse go di ela tlhoko mono lefatsheng. Fa dilo tseno di direga, go ne go tla kaya gore o boile le gore o simolotse go busa e le Kgosi kwa legodimong.

Fa Jesu a ne a bontsha barutwa ba gagwe kafa go leng botlhokwa ka teng gore ba nne ba etse tlhoko, o ne a re: “Elang tlhoko setlhare sa mofeige le ditlhare tsotlhe tse dingwe: Fa di setse di thuntse, ka go se ela tlhoko lo a itse ka bolona gore jaanong selemo se gaufi.” O kgona go lemoga fa selemo se le gaufi. Mme le Haramagedona o kgona go lemoga gore e gaufi fa o bona dilo tse Jesu a buileng ka tsone di direga.—Luke 21:29, 30.

Jesu o ne a ruta thuto efe fa a ne a bua ka setlhare sa mofeige?

Mo tsebeng eno le e e latelang re tlile go bona ditshwantsho tsa dilo tse Jesu a ileng a re di tla nna sesupo sa gore Bogosi Jwa Modimo bo gaufi. Fa dilo tseno tsotlhe di direga, Bogosi Jwa Modimo jo Keresete e leng Mmusi wa jone bo tla thubaganya dipuso tse dingwe tsotlhe, jaaka fa re badile mo go Kgaolo 46.

Ka jalo, leba ditshwantsho tse di mo ditsebeng tse pedi tse di tlang pele ga eno sentle, mme re tla bua ka tsone. O ka bala ka dilo tse o di bonang mo ditshwantshong tseno mo go Mathaio 24:6-14 le Luke 21:9-11. Gape leba nomore e nnye e e mo setshwantshong sengwe le sengwe. Nomore e e tshwanang le eo e tlhaga mo tshimologong ya serapa se se tlhalosang setshwantsho seo. Jaanong a re bone gore a dilo tse dintsi tse e leng sesupo se Jesu a buileng ka sone di a direga gompieno.

(1) Jesu o ile a re: “Lo tlile go utlwalela ka dintwa le dipego tsa dintwa; . . . setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi.” A o kile wa utlwa go buiwa ka dintwa?— Ntwa ya ntlha ya lefatshe e ne ya lowa ka 1914 go fitlha ka 1918, mme morago ga moo go ne ga lowa Ntwa ya Lefatshe II, go tloga ka 1939 go fitlha ka 1945. Go ne go ise go nne le dintwa tsa lefatshe pele ga tseo! Gone jaanong go tletse dintwa mo lefatsheng lotlhe. Go buiwa ka dintwa letsatsi le letsatsi mo thelebisheneng, mo radiong le mo makwalodikgannyeng.

(2) Gape Jesu o ile a re: “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo . . . mo mafelong ka go latelana.” Jaaka o ka tswa o itse, ga se batho botlhe ba ba nang le dijo tse di lekaneng. Letsatsi le letsatsi diketekete tsa batho di a swa ka ntlha ya go tlhoka dijo tse di lekaneng.

(3) Jesu o ile a oketsa jaana: ‘Mo mafelong ka go latelana go tla nna le malwetse a leroborobo.’ A o itse gore leroborobo ke eng?— Ke bolwetse jo bo bolayang batho ba bantsi. Leroborobo lengwe le le bidiwang Spanish flu le ile la bolaya batho ba ka nna dimilione tse 20 mo e ka nnang mo ngwageng o le mongwe fela. Mo nakong ya rona go bonala go tlile go swa batho ba ba fetang palo eo ka ntlha ya AIDS. Gape go na le bolwetse jwa kankere, bolwetse jwa pelo le malwetse a mangwe a a bolayang diketekete tsa batho ngwaga le ngwaga.

(4) Jesu o ile a tlhalosa selo se sengwe gape se e neng e tla nna sesupo, a re: “Go tla nna le . . . dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.” A o itse gore thoromo ya lefatshe ke eng?— Thoromo ya lefatshe e dira gore lefatshe le tshikinyege. Matlo a wa mme gantsi batho ba a swa. Fa e sa le ka 1914, go nnile le dithoromo tse dintsi tsa lefatshe ngwaga le ngwaga. A o kile wa utlwa go buiwa ka dithoromo tsa lefatshe?—

(5) Jesu o ile a re selo se sengwe se e neng e tla nna sesupo e ne e tla nna go ‘oketsega ga bosula.’ Ke sone se se dirang gore go tlale bogodu le bokebekwa jo bo kanakana. Batho gongwe le gongwe ba boifa gore mongwe o tla ba thubela matlo. Ga go ise go direge gore go nne le bokebekwa jo bontsi jaana mo lefatsheng.

(6) Jesu o ile a tlhalosa selo se sengwe se se botlhokwa se e neng e tla nna sesupo fa a ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Fa e le gore ruri o dumela “dikgang tse di molemo tseno,” o tshwanetse go bua le batho ba bangwe ka tsone. Fa o dira jalo o ka thusa go diragatsa sesupo seno.

Batho bangwe ba ka re dilo tse Jesu a buileng ka tsone di ne di ntse di direga pele. Mme gone, ga go ise go direge gore dilo tseno tsotlhe di direge mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe ka nako e le nngwe. Ka jalo, a jaanong o a tlhaloganya gore sesupo se kaya eng?— Se kaya gore fa re bona dilo tseno tsotlhe di direga, lefatshe leno le le bosula le tla tloga le fedisiwa mme go tle lefatshe le lesha la Modimo.

Fa Jesu a ne a tlhalosa sesupo seno, o ile a bua le ka nako e e kgethegileng ya ngwaga. O ile a re: “Nnang lo rapele gore go tshaba ga lona go se ka ga diragala ka nako ya mariga.” (Mathaio 24:20) O akanya gore o ne a kaya eng ka seo?—

Fa motho a tshwanelwa ke go tshaba kotsi nngwe go le mariga, ka nako e go leng thata go tsamaya ka yone, go ka direga eng?— Ga go kitla go nna motlhofo go falola. A go ne go se kitla go utlwisa botlhoko gore motho a bolawe ke serame sa mariga fela ka gonne a ile a se ka a simolola loeto lwa gagwe ka nako e e siameng?—

Jesu o ne a ruta thuto efe fa a ne a bua ka kgang ya go tshaba ka nako ya mariga?

A o kgona go lemoga se Jesu a neng a leka go se tlhalosa fa a ne a re batho ba se ka ba letela go tshaba ka nako ya mariga?— O ne a bolela gore ka gonne re itse gore Haramagedona e gaufi, ga re a tshwanela go diega go bontsha gore re rata Modimo ka go mo direla. Fa re ka diega, re ka nna ra siiwa ke nako. Ka jalo re tla bo re tshwana fela le batho ba nako ya Morwalela, ba ba ileng ba utlwa Noa mme ba se ka ba tsena mo arakeng.

A jaanong re bone gore go tla bo go ntse jang fa ntwa ya Haramagedona e fetile. Re tla utlwa gore Modimo o tlile go re direla eng rona rotlhe ba re mo ratang le ba re mo direlang.

Ditemana tse di latelang le tsone di bontsha gore Haramagedona e gaufi: 2 Timotheo 3:1-5 le 2 Petere 3:3, 4.