Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 32

Kafa Jesu a Neng a Sirelediwa ka Teng

Kafa Jesu a Neng a Sirelediwa ka Teng

KA DINAKO tse dingwe Jehofa o dira dilo tse di gakgamatsang go sireletsa bana le batho ba ba sa kgoneng go itshireletsa. Fa o tsamaya mo nageng, o ka nna wa bona tsela e nngwe e Jehofa a dirang seno ka yone. Mme pele o ka nna wa se ka wa tlhaloganya se tota se diregang.

O bona nonyane e wela fa fatshe fa tlase ga gago. E lebega e gobetse. Fa o leka go e atamela, e goga lengwe la diphuka tsa yone e bo e go katoga. Go tswa foo, ka tshoganetso fela, nonyane eo e a fofa. Lefuka la yone le ne le sa gobala gotlhelele! A o itse gore nonyane eo e ne e dira eng?—

Gaufi le lefelo le o boneng nonyane e wetse fa go lone, mamphorwana a yone a ne a iphitlhile mo sekgweng. Mmaaone o ne a tshaba gore o tla a bona mme o bo o a gobatsa. Ka jalo o ne a itira e kete o gobetse mme a go isa go sele. A o itse gore ke mang yo o ka re sireletsang jaaka nonyane e sireletsa mamphorwana a yone?— Mo Baebeleng, Jehofa o tshwantshiwa le nonyane e e bidiwang ntsu, e e thusang mamphorwana a yone.—Duteronome 32:11, 12.

Nonyane eno e sireletsa jang mamphorwana a yone?

Ngwana wa botlhokwa thata wa ga Jehofa ke Morwawe yo o rategang, Jesu. Fa Jesu a ne a le kwa legodimong, e ne e le motho yo o maatla wa semoya jaaka Rraagwe. O ne a kgona go itshireletsa. Mme fa Jesu a tsholwa e le ngwana mo lefatsheng, o ne a sa kgone go itshireletsa. O ne a tlhoka go sirelediwa.

Jesu o ne a tshwanelwa ke gore a gole a nne motho yo o itekanetseng yo o godileng ka botlalo gore a tle a diragatse thato ya Modimo ka ene mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, Satane o ne a leka go bolaya Jesu pele ga seo se direga. Maiteko a go bolaya Jesu fa e sa le ngwana le tsela e Jehofa a neng a mo sireletsa ka yone ke kgang e e kgatlhang. A o ka rata go e utlwa?—

Nako e khutshwane fa Jesu a sena go tsholwa, Satane o dira gore sengwe se se lebegang jaaka naledi se phatshime mo loaping kwa Botlhaba. Banna ba ba bidiwang balepadinaledi, ba ba ithutang dinaledi, ba sala naledi morago dikilometara di le makgolo go ya Jerusalema. Fa ba le koo, ba botsa gore yo e neng e tlile go nna kgosi ya Bajuda o tla tsholelwa kae. Fa banna ba ba itseng se Baebele e se buang ka seno ba bodiwa, ba araba jaana: “Kwa Bethelehema.”—Mathaio 2:1-6.

Fa balepadinaledi ba sena go etela Jesu, Modimo o ba lemotsha jang ka tsela e e dirang gore Jesu a falole?

Fa Herode, kgosi e e bosula ya Jerusalema a sena go utlwa ka kgosi eno e ntšha e e sa tswang go tsholwa mo motseng o o fa gaufi wa Bethelehema, o raya balepadinaledi a re: ‘Tsamayang lo batle ngwana mme lo bone mo a leng teng, mme lo boe lo tle go mpolelela.’ A o itse gore ke ka ntlha yang fa Herode a batla go itse gore Jesu o kae?— Ke ka gonne Herode o lefufa mme o batla go mmolaya!

Modimo o sireletsa Morwawe jang?— Fa balepadinaledi ba bona Jesu ba mo naya dimpho. Moragonyana Modimo o lemotsha balepadinaledi mo torong gore ba se ka ba boela kwa go Herode. Ka jalo ga ba boele Jerusalema mme ba boela gae ka tsela e sele. Fa Herode a lemoga gore balepadinaledi ba setse ba tsamaile, o galefa thata. Herode o leka go bolaya Jesu ka go dira gore go bolawe bana botlhe ba basimane ba kwa Bethelehema ba ba nang le dingwaga tse di kafa tlase ga tse pedi! Mme ka nako eo Jesu ga a tlhole a le koo.

A o itse gore ke eng se se thusang Jesu go falola?— Fa balepadinaledi ba sena go ya gae, Jehofa o lemotsha monna wa ga Marea, e bong Josefa gore a tsamaye a tshabele kwa Egepeto. Fa Jesu a le koo o babalesegile mo go Herode. Dingwaga moragonyana, fa Marea le Josefa ba boa kwa Egepeto ba na le Jesu, Modimo o lemotsha Josefa gape. O mmolelela mo torong gore a fudugele kwa Nasaretha, kwa Jesu a tla babalesegang gone.—Mathaio 2:7-23.

Jesu yo mmotlana o falola jang gape?

A o bona kafa Jehofa a neng a sireletsa Morwawe ka teng?— O ka re ke mang yo o tshwanang le mamphorwana a a neng a fitlhilwe ke mmaaone mo sekgweng kgotsa le Jesu fa a ne a sa ntse a le lesea? A ga se wena?— Le wena go na le batho ba ba batlang go go gobatsa. A o a itse gore ke bomang?—

Baebele ya re Satane o tshwana le tau e e dumang e e batlang go re ja. Mme fela jaaka gantsi ditau di tlhasela diphologolo tse dinnye, Satane le madimona a gagwe gantsi ba tlhasela bana. (1 Petere 5:8) Mme Jehofa o nonofile go feta Satane. Jehofa a ka sireletsa bana ba gagwe e bile a ka fetola sengwe le sengwe se se bosula se Satane a se ba dirang.

A o gakologelwa gore mo go Kgaolo 10 ya buka eno ke eng se Diabolo le madimona a gagwe ba lekang go dira gore re se dire?— Ee, ba batla gore re kopanele dikobo ka tsela e Modimo a reng e phoso. Mme ke bomang fela ba ba tshwanetseng go kopanela dikobo?— Ke fela bagolo ba babedi, ba bong jo bo sa tshwaneng, ba ba nyalaneng.

Le fa go ntse jalo, go utlwisa botlhoko gore bagolo bangwe ba rata go kopanela dikobo le bana. Fa ba dira jalo, basimane le basetsana ba simolola go dira dilo tse di maswe tse ba di ithutileng mo bagolong bano. Gape ba simolola go dirisa dirwe tsa bone tsa tsalo ka tsela e e sa siamang. Go ne ga direga jalo kwa motseng wa bogologolo wa Sodoma. Baebele ya re batho ba koo, “go simolola ka mosimane go fitlha ka monnamogolo” ba ne ba leka go kopanela dikobo le banna ba ba neng ba etetse Lote.—Genesise 19:4, 5.

Fela jaaka Jesu a ne a tlhoka go sirelediwa, le wena o tlhoka go sirelediwa mo bagolong—le mo baneng ba bangwe—ba ba ka nnang ba leka go kopanela dikobo le wena. Gantsi batho bano ba tla itira e kete ke ditsala tsa gago. E bile ba ka nna ba go naya sengwe fa o ka solofetsa gore ga o na go bolelela ba bangwe ka se ba batlang go se dira le wena. Mme batho bano ba pelotshetlha, jaaka Satane le madimona a gagwe, e bile ba batla go ijesa monate. Mme ba leka go ijesa monate ka go kopanela dikobo le bana. Seno ke selo se se maswe tota!

A o itse gore ba ka nna ba dira eng gore ba ijese monate?— Ba ka nna ba leka go tshwaratshwara dirwe tsa gago tsa tsalo. E bile ba ka nna ba gotlha dirwe tsa bone tsa tsalo ka tsa gago. Mme ga o a tshwanela go letla ope gore a tshameke ka dirwe tsa gago tsa tsalo. Le bomogoloo kgotsa bokgaitsadio kgotsa batsadi ba gago ga ba a tshwanela go tshameka ka tsone. Dikarolo tseno tsa mmele wa gago ke tsa gago fela.

O tshwanetse go dira eng fa mongwe a leka go go tshwara ka tsela e e sa siamang?

O ka sireletsa mmele wa gago jang mo bathong ba ba batlang go dira dilo tse di maswe tse di tshwanang le tseno?— Sa ntlha, o se ka wa letla ope gore a tshware dirwe tsa gago tsa tsalo. Fa mongwe a leka go dira seno, o bue ka lentswe le le utlwalang o re: “Ntlogela! Ke ya go bolela gore o ntirang!” Mme fa motho yoo a re ke molato wa gago go bo a dira seo mo go wena, o se ka wa mo dumela. Seo ga se boammaaruri. O tsamaye fela o ye go bolela gore o go dira eng go sa kgathalesege gore ke mang yo o go dirang jalo! O tshwanetse go ya go bolela gore o go dira eng le fa motho yoo a re selo se lo se dirang ke sephiri sa lona fela. Le fa motho yoo a go solofetsa dimpho tse dintle kgotsa a go tshosa, o tshwanetse go tswa fa go ene mme o ye go bolela gore o go dira eng.

Ga go tlhokege gore o boife mme o tshwanetse go nna kelotlhoko. Fa batsadi ba gago ba go lemotsha ka batho kgotsa ka mafelo a a ka nnang kotsi mo go wena, o tshwanetse go ba reetsa. Fa o ba reetsa, o dira gore motho yo o bosula yoo a se ka a kgona go go utlwisa botlhoko.

Bala kafa o ka itshireletsang ka teng mo ditirong tse di sa siamang tsa go kopanela dikobo, mo go Genesise 39:7-12; Diane 4:14-16; 14:15, 16; 1 Bakorintha 6:18; le 2 Petere 2:14.