Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 40

Kafa re ka Itumedisang Modimo ka Gone

Kafa re ka Itumedisang Modimo ka Gone

RE KA dirang go itumedisa Modimo? A go na le sengwe se re ka mo nayang sone?— Jehofa a re: “Gonne phologolo nngwe le nngwe ya naga ya sekgwa ke ya me.” Gape a re: “Selefera ke ya me, le gouta ke ya me.” (Pesalema 24:1; 50:10; Hagai 2:8) Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se re ka se nayang Modimo. Ke eng seo?—

Jehofa o re dumelela gore re itlhophele gore a re batla go mo direla kgotsa ga re batle. Ga a re pateletse go dira se ene a batlang re se dire. A re bone gore ke ka ntlha yang fa Modimo a re dirile gore re kgone go itlhophela gore a re batla go mo direla kgotsa ga re batle.

Gongwe o itse gore roboto ke eng. Ke motšhine o o dirilweng gore o dire sengwe le sengwe se motho yo o o dirileng a batlang gore o se dire. Ka jalo roboto ga e kgone go itlhophela. Jehofa a ka bo a dirile gore rotlhe re tshwane le diroboto. A ka bo a re dirile gore re dire fela se ene a batlang re se dira. Mme Modimo ga a ka a dira jalo. A o itse gore ke ka ntlha yang?— Ditshamekisi dingwe di tshwana le diroboto. Fa o tobetsa konopo di dira fela se motho yo o di dirileng a batlang gore di se dire. A o kile wa bona setshamekisi se se ntseng jalo?— Gantsi batho ba lapisiwa ke go tshameka ka setshamekisi se se kgonang go dira selo se le sengwe fela. Modimo ga a batle gore re mo obamele fela ka gonne re le diroboto tse di dirilweng gore di mo direle. Jehofa o batla gore re mo direle ka gonne re mo rata le ka gonne re batla go mo utlwa.

Ke ka ntlha yang fa Modimo a sa dira gore re tshwane le roboto eno?

O akanya gore Rraarona yo o kwa legodimong o ikutlwa jang fa re mo utlwa ka go bo re batla?— Mpolelele, tsela e o itshwarang ka yone e dira gore batsadi ba gago ba ikutlwe jang?— Baebele ya re ngwana yo o botlhale ‘o ipedisa rraagwe,’ mme ngwana yo o sematla ‘ke khutsafalo mo go mmaagwe.’ (Diane 10:1) A o lemogile gore fa o dira se batsadi ba go kopang gore o se dire, o a ba itumedisa?— Mme ba ikutlwa jang fa o sa ba utlwe?—

O ka itumedisa Jehofa le batsadi ba gago jang?

Jaanong a re akanyeng ka Rre wa rona yo o kwa legodimong Jehofa. O re bolelela gore re ka dirang gore re mo itumedise. Tlisa Baebele ya gago mme re bule mo go Diane 27:11. Mo temaneng eno, Modimo o re raya a re: “Tlhalefa morwaaka, [kgotsa re ka re morwadiake] mme o ipedise pelo ya me, gore ke tle ke fetole ene yo o nkgobang.” A o itse gore go kgoba mongwe go raya eng?— Motho a ka go kgoba ka go go tshega a re ga o kgone go dira sengwe se o rileng o kgona go se dira. Satane o kgoba Jehofa jang?— A re bone.

Gakologelwa gore mo go Kgaolo 8 ya buka eno, re ithutile gore Satane o batla go nna Wa Ntlha e bile o batla gore mongwe le mongwe a mo obamele. Satane a re batho ba obamela Jehofa fela ka gonne o tla ba naya botshelo jo bo sa khutleng. Fa Satane a sena go dira gore Adame le Efa ba se ka ba utlwa Jehofa, Satane o ne a tlhasela Modimo ka go mo latofatsa a re: ‘Batho ba go obamela fela ka ntlha ya se o ba nayang sone. Ntetle fela mme ke tla kgona go dira gore batho ba go tlhanogele.’

Fa Adame le Efa ba sena go leofa, Satane o ne a latofatsa Jehofa a reng?

Gone ke boammaaruri mafoko ao ga a yo mo Baebeleng. Mme fa re bala ka monna yo o bidiwang Jobe, go bonala sentle gore Satane o ne a raya Modimo selo se se tshwanang le seo. Go ne go le botlhokwa mo go Satane le mo Modimong gore a Jobe o ne a tla ikanyega mo Modimong kgotsa nnyaa. A re bule Dibaebele tsa rona mo go Jobe kgaolo 1 le 2 go bona gore go ne ga direga eng.

Ela tlhoko gore mo go Jobe kgaolo 1 Satane o teng kwa legodimong fa baengele ba tlile go bona Jehofa. Ka jalo Jehofa o ne a botsa Satane jaana: “O tswa kae?” Satane o araba ka gore, o ntse a tsamayatsamaya mo lefatsheng. Ka jalo Jehofa a mmotsa a re: ‘A o lemogile Jobe, gore o a nkobamela mme ga a dire sepe se se bosula?’—Jobe 1:6-8.

Gone fela foo Satane o dira seipato. ‘Jobe o go obamela fela ka gonne a se na mathata. Fa o ka tlogela go mo sireletsa le go mo segofatsa o tla go tlhapatsa fa pele ga gago.’ Mme Jehofa a mo araba a re: ‘Go siame Satane, o ka dira sengwe le sengwe se o batlang go se dira mo go Jobe mme fela o se ka wa mo utlwisa botlhoko.’—Jobe 1:9-12.

Satane o ne a dirang?— O ne a dira gore batho ba utswe dikgomo le ditonki tsa ga Jobe mme ba bolaye batho ba ba neng ba di tlhokometse. Legadima le ne la itaya la bolaya dinku le badisa ba tsone. Moragonyana batho ba ne ba tla go utswa dikamela le go bolaya batlhokomedi ba tsone. La bofelo Satane o ne a dira gore phefo e kgolo e dige ntlo e bana ba ga Jobe ba le lesome ba neng ba le mo go yone mme ba swa botlhe. Go sa kgathalesege dilo tseno tsotlhe, Jobe o ne a tswelela a direla Jehofa.—Jobe 1:13-22.

Fa Jehofa a kopana le Satane gape, o mmolelela gore Jobe o sa ntse a ikanyega. Satane o dira seipato a re: ‘Fa o ka ntetla fela gore ke mo utlwise botlhoko mo mmeleng, o tla go tlhapatsa fa pele ga gago.’ Ka jalo Jehofa a letla Satane go utlwisa Jobe botlhoko mo mmeleng mme a mo tlhagisa gore a se ka a bo a bolaya Jobe.

Jobe o ne a itshokela eng, mme ke ka ntlha yang fa seno se ne sa itumedisa Modimo?

Satane a itaya Jobe gore mmele otlhe wa gagwe o tswe dintho. Dintho tseno di ne di nkga bosula jaana mo e leng gore go ne go se na yo o batlang go mo atamela. Tota le mosadi wa gagwe o ne a mo raya a re: “Tlhapatsa Modimo mme o swe!” Ba ba neng ba itira e kete ke ditsala tsa ga Jobe ba ne ba mo etela mme ba mo kgoba marapo le go feta ka go mo raya ba re mathata ano otlhe a tshwanetse a bo a mo tlela ka gonne a dirile sengwe se se maswe thata. Go sa kgathalesege mathata le botlhoko tse Satane a neng a di tlisetsa Jobe, Jobe o ne a tswelela a direla Jehofa ka boikanyegi.—Jobe 2:1-13; 7:5; 19:13-20.

O akanya gore boikanyegi jwa ga Jobe bo ne jwa dira gore Jehofa a ikutlwe jang?— Bo ile jwa mo itumedisa ka gore Jehofa o ne a kgona go raya Satane a re: ‘Bona Jobe! O nkobamela ka gonne a batla.’ A le wena o tla tshwana le Jobe, o le motho yo Jehofa a ka mo dirisang go bontsha gore Satane ke moaki?— Tota re na le tshiamelo ya go bontsha gore Satane o bua maaka fa a re a ka tlogedisa batho botlhe go direla Jehofa. Jesu o ne a go leba e le tshiamelo.

Morutisi yo Mogolo ga a ka a letla Satane go Mo dirisa dilo tse di bosula. Akanya fela kafa sekai sa gagwe se neng sa itumedisa Rraagwe ka gone! Jehofa o ne a ka bua ka Jesu a araba Satane a re: ‘Bona Morwaake! O ne a ikanyega mo go nna ka botlalo ka gonne a nthata!’ Gape akanya kafa Jesu a itumelang ka gone fa a itumedisa Rraagwe. Jesu o ne a ba a itshokela loso mo koteng ya tlhokofatso ka ntlha ya boitumelo joo.—Bahebera 12:2.

A o batla go tshwana le Morutisi yo Mogolo mme o itumedise Jehofa?— Ka jalo nna o ithute ka se Jehofa a batlang o se dira mme o mo itumedise ka go se dira!

Bala ka se Jesu a neng a se dira go itumedisa Modimo le ka se le rona re tshwanetseng go se dira, mo go Diane 23:22-25; Johane 5:30; 6:38; 8:28; le 2 Johane 4.