Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 31

Kwa re ka Bonang Kgomotso Teng

Kwa re ka Bonang Kgomotso Teng

A O A tle o hutsafale kgotsa o jewe ke bodutu?— A o a tle o ipotse gore a go na le yo o go ratang?— Bana bangwe ba a tle ba ipotse jalo. Modimo o solofetsa jaana: “Nna ga nkitla ke go lebala.” (Isaia 49:15) A seo ga se itumedise?— Ee, ruri Jehofa Modimo o a re rata!

O akanya gore kwanyana eno e e latlhegileng e ikutlwa jang?

Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a re: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pesalema 27:10) Go itse seo go ka re gomotsa thata, ga ke re?— Ee, Jehofa o re bolelela jaana: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. . . . Ke tla go thusa tota.”Isaia 41:10.

Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe Jehofa o letla gore Satane a re bakele mathata. Jehofa o letla le gore Satane a leke batlhanka ba Gagwe. Nako nngwe Diabolo o ne a dira gore Jesu a boge thata jaana mo e leng gore Jesu o ne a goela kwa go Jehofa a re: ‘Modimo wa me, Modimo wa me, o ntlogeletseng?’ (Mathaio 27:46) Le fa Jesu a ne a boga, gone o ne a itse gore Jehofa o a mo rata. (Johane 10:17) Mme Jesu o ne a itse le gore Modimo o letla Satane gore a leke batlhanka ba Gagwe e bile o letla Satane gore a ba bogise. Mo kgaolong e nngwe re tla tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letla Satane go dira dilo tseno.

Fa re le babotlana, ka dinako tse dingwe re na le go tshoga. Ka sekai, a o kile wa timela?— A o ne o tshogile?— Bana ba le bantsi ba ne ba tla tshoga. Morutisi yo Mogolo o kile a bua kgang nngwe ka go timela. Mme go ne go sa timela ngwana. Go ne go timetse nku.

O tshwana le nku ka ditsela dingwe. Jang? Dinku ga di dikgolo go le kalo e bile ga di a nonofa. Mme di tlhoka mongwe yo o tla di tlhokomelang a bo a di sireletse. Motho yo o tlhokomelang dinku o bidiwa modisa.

Mo kgannyeng nngwe e Jesu a neng a e bua o ne a bua ka modisa yo o neng a na le dinku di le lekgolo. Mme nngwe ya dinku tseo e ne ya timela. Gongwe e ne e batla go bona gore go na le eng ka kwa ga thota. Mme go ise go ye kae, nku eo e ne e setse e katogetse kgakala le tse dingwe. A o ka akanya fela kafa nku eo e neng ya ikutlwa ka teng fa e re e leba ya fitlhela gore e nosi?—

Modisa o ne a tla dirang fa a lemoga gore nku eo e le nngwe e ne e seyo? A o ne a tla re ke molato wa nku eo ka jalo ga a ye go itshwenya ka yone? Kgotsa a o ne a tla tlogela dinku di le 99 mo lefelong le le babalesegileng mme a ye go batla e le nngwe fela? A o ne a ka tsaya matsapa a makalo ka ntlha ya nku e le nngwe fela?— Fa o ne o le nku eo e e latlhegileng, a o ne o tla batla gore modisa a ye go go batla?—

Ke mang yo o tshwanang le modisa yo o neng a namola dinku tsa gagwe?

Modisa yono o ne a rata dinku tsa gagwe tsotlhe fela, tota le yone e e neng e timetse. Ka jalo o ne a tswa a ya go batla e e timetseng. Akanya gore nku e e timetseng eo e ne e itumetse jang fa e bona modisa a tla! Mme Jesu o ne a re modisa yono o ne a itumela fa a bona nku ya gagwe. O ne a itumelela nku eno go feta tse 99 tse di neng di sa timela. Jaanong, ke mang yo o tshwanang le modisa yono mo kgannyeng ya ga Jesu? Ke mang yo o re tlhokomelang fela jaaka modisa yole a ne a tlhokomela dinku tsa gagwe?— Jesu o ne a re ke Rraagwe yo o kwa legodimong. Mme Rraagwe ke Jehofa.

Jehofa Modimo ke Modisa yo Mogolo wa batho ba gagwe. O rata botlhe ba ba mo direlang, go akaretsa le bana ba ba tshwanang le wena. Ga a batle ope wa rona a utlwa botlhoko kgotsa a senngwa. Eleruri go molemo go itse gore Modimo o re kgathalela thata jalo!—Mathaio 18:12-14.

A Jehofa ke motho wa mmatota mo go wena fela jaaka rrago kgotsa motho mongwe o sele?

A tota o dumela mo go Jehofa Modimo?— A ke motho wa mmatota mo go wena?— Ke boammaaruri gore ga re kgone go bona Jehofa. Ka gonne ke Moya. O na le mmele o re sa kgoneng go o bona ka matlho. Mme ke motho wa mmatota, e bile o kgona go re bona. O a itse fa re tlhoka thuso. Mme re ka kgona go bua le ene ka thapelo, fela jaaka re bua le motho yo mongwe yo o mo lefatsheng. Jehofa o batla gore re mo rapele.

Ka jalo fa o hutsafetse kgotsa o jewa ke bodutu, o tshwanetse go dirang?— Bua le Jehofa. Atamalana le ene, mme o tla go gomotsa e bile o tla go thusa. Gakologelwa gore Jehofa o a go rata, tota le fa o ikutlwa o jewa ke bodutu. A re tseye Baebele. Mo go Pesalema 23 re bolelelwa jaana, go simolola mo go temana 1: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe. O nthapamisa mo mafulong a a tletseng bojang; o nkisa fa mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi.”

Ela tlhoko gore mokwadi yono o oketsa ka go reng mo go temana 4: “Le fa gone ke tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho, ga ke boife sepe se se bosula, gonne o na le nna; thobane ya gago le lore lwa gago ke dilo tse di nkgomotsang.” Batho ba Modimo wa bone e leng Jehofa ba ikutlwa jalo. Ba a gomotsega fa ba le mo mathateng. A le wena o ikutlwa jalo?—

Fela jaaka modisa yo o lorato a tlhokomela dinku tsa gagwe, Jehofa le ene o tlhokomela batho ba gagwe. O ba bontsha tsela e e siameng e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone, mme ba itumelela go mo latela. Tota le fa ba dikologilwe ke mathata, ga ba tlhoke go tshoga. Modisa o dirisa thobane ya gagwe go sireletsa dinku mo diphologolong tse di ka nnang tsa di gobatsa. Baebele e re bolelela kafa modisa yo mmotlana Dafide a neng a sireletsa dinku tsa gagwe ka teng mo taung le mo bereng. (1 Samuele 17:34-36) Mme batho ba Modimo ba a itse gore le bone Jehofa o tla ba sireletsa. Ba ka ikutlwa ba sireletsegile ka gonne Modimo o na le bone.

Jaaka modisa a sireletsa dinku tsa gagwe, ke mang yo o ka re thusang fa re le mo mathateng?

Jehofa o rata dinku tsa gagwe tota, mme o di tlhokomela ka lorato. Baebele ya re: ‘O tla etelela pele dinku tsa gagwe jaaka modisa. O tla phutha dikwanyana mmogo ka mabogo a gagwe.’—Isaia 40:11.

A ga go go itumedise go itse gore Jehofa o ntse jalo?— A o batla go nna nngwe ya dinku tsa gagwe?— Dinku di reetsa lentswe la modisa wa tsone. Di nna di le gaufi thata le ene. A o reetsa Jehofa?— A o atamalane le ene?— Fa go le jalo ga o tlhoke go boifa. Jehofa o tla nna le wena.

Jehofa o tlhokomela ka lorato ba ba mo direlang. A re bale gore Baebele ya reng ka seno mo go Pesalema 37:25; 55:22; le Luke 12:29-31.