Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 26

Lebaka La go Bo go Le Thata go Dira se se Molemo

Lebaka La go Bo go Le Thata go Dira se se Molemo

FA Saulo a ne a dira dilo tse di sa siamang, ke mang yo o neng a itumela?— Ke Satane Diabolo. Mme baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda le bone ba ne ba itumela. Fa Saulo a nna morutwa wa Morutisi yo Mogolo mme a bidiwa Paulo, baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba simolola go mo tlhoa. Ka jalo, a o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa go le thata jaana gore morutwa wa ga Jesu a dire se se molemo?—

Paulo o ne a diragalelwa ke eng se se botlhoko fa a ne a dira se se molemo?

Nako nngwe moperesiti mongwe yo mogolo yo o neng a bidiwa Ananiase o ne a laela banna bangwe gore ba iteye Paulo mo sefatlhegong. E bile Ananiase o ne a leka go dira gore Paulo a latlhelwe mo kgolegelong. Paulo o ne a boga thata fa a ne a nna morutwa wa ga Jesu. Ka sekai, batho bangwe ba ba bosula ba ne ba itaya Paulo ba bo ba leka go mmolaya ka go mo kgobotletsa ka maje a magolo.—Ditiro 23:1, 2; 2 Bakorintha 11:24, 25.

Ba le bantsi ba tla leka go dira gore re dire dilo tse di sa itumediseng Modimo. Ka jalo o ka ipotsa gore, Ke rata se se molemo go le kana kang? A ke rata go dira selo se se molemo thata jaana mo e leng gore ke tla se dira le fa batho ba bangwe ba ntlhoa? Go batla gore o bo o le pelokgale gore o dire jalo, ga ke re?—

O ka nna wa ipotsa gore, ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba ka re tlhoela go dira se se molemo? A ga ba a tshwanela go itumela?’ Motho o ne a ka akanya jalo. Gantsi batho ba ne ba rata Jesu ka ntlha ya dilo tse di molemo tse a neng a di dira. Ka nako nngwe batho botlhe ba motse ba ne ba kgobokanela mo kgorong ya ntlo e a neng a nna mo go yone. Ba tlile ka gonne Jesu o ne a fodisa batho ba ba lwalang.—Mareko 1:33.

Mme ka dinako tse dingwe batho ba ne ba sa rate se Jesu a neng a se ruta. Le fa a ne a ruta se se siameng ka metlha, bangwe ba ne ba mo tlhoile ka gonne o ne a bua boammaaruri. Go ne ga direga jalo tsatsi lengwe kwa Nasaretha, e leng motse o Jesu a goletseng mo go one. O ne a tsena mo sinagogeng, kwa Bajuda ba neng ba kopanela teng go obamela Modimo.

Fa Jesu a le koo o ne a neela puo e e molemo thata ya Dikwalo. Batho ba ne ba e rata kwa tshimologong. Ba ne ba gakgamaditswe ke mafoko a a itumedisang a a neng a tswa mo molomong wa gagwe. Ba ne ba sa dumele gore e ne e le lekawana le le goletseng mo motseng wa bone.

Mme jaanong Jesu a bua sengwe se sele. O ne a bua ka dinako tsa fa Modimo a ne a rata batho ba e seng Bajuda. Fa Jesu a bua jalo, ba ba neng ba le mo sinagogeng ba ne ba galefa. A o itse gore ba ne ba galefelang?— Ba ne ba ithaya ba re ke bone fela ba ba neng ba ratwa ke Modimo. Ba ne ba ithaya ba re ba botoka go feta batho ba bangwe. Ka jalo ba ne ba tlhoa Jesu ka ntlha ya se a neng a se bua. Mme a o itse gore ba ne ba leka go mo dirang?—

Baebele ya re: ‘Ba ne ba tshwara Jesu mme ba mo ntshetsa kwa ntle ga motse ka bonako. Ba ne ba mo isa kwa setlhoeng sa thaba mme ba ne ba re ba tla mo digela fa fatshe ba mmolaye! Mme Jesu o ne a tshaba.’—Luke 4:16-30.

Ke ka ntlha yang fa batho ba leka go bolaya Jesu?

Fa o ne o ka diragalelwa ke selo se se ntseng jalo, a o ne o ka boela gape kwa bathong bao wa bua le bone ka Modimo?— O ne o tla tshwanelwa ke go nna pelokgale, ga ke re?— Mo e ka nnang ngwaga morago ga moo, Jesu o ne a boela gape kwa Nasaretha. Baebele ya re: “A simolola go ba ruta mo sinagogeng ya bone.” Jesu ga a ka a tlogela go bua boammaaruri ka ntlha ya go tshaba batho ba ba sa rateng Modimo.—Mathaio 13:54.

Ka letsatsi lengwe, ka sabata, Jesu o ne a le kwa lefelong le go neng go na le monna yo o neng a swabile seatla kgotsa a le segole. Jesu o ne a na le maatla a a neng a a newa ke Modimo gore a fodise monna yoo. Mme bangwe ba banna bao ba ne ba leka go bakela Jesu mathata. Morutisi yo Mogolo o ne a tlile go dira jang?— La ntlha o ne a botsa a re: ‘Fa o ne o na le nku e wetse mo khuting e kgolo ka Sabata, a o ne o tla e ntsha?’

Ee, ba ne ba ka ntsha nku eo, le fa e ne e le ka Sabata, letsatsi le ba neng ba tshwanetse go ikhutsa ka lone. Ka ntlha ya seo Jesu o ne a re: ‘Go botoka thata go thusa motho ka Sabata, ka gonne motho o botlhokwa go feta nku!’ Go ne go le botlhokwa thata gore Jesu a thuse monna yono ka go mo fodisa!

Jesu o ne a raya monna yoo a re a otlolole seatla sa gagwe. O ne a fodisiwa gone fela foo. O ne a itumetse tota! Banna ba bangwe bao bone ba ne ba ikutlwa jang? A ba ne ba itumetse?— Nnyaa. Ba ne ba tlhoa Jesu le go feta. Ba ne ba dira maano a go mmolaya!—Mathaio 12:9-14.

Go ntse fela jalo le gompieno. Le fa re ka dirang, re ka se kgone go itumedisa mongwe le mongwe. Re tshwanetse go dira tshwetso ya gore tota re batla go direla mang. Fa e le gore re batla go direla Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete, re tshwanetse gore ka metlha re dire se ba se rutang. Mme fa re dira jalo, ke mang yo o tla re tlhoang? Ke mang yo o tla dirang gore re palelwe ke go dira se se molemo?—

Ke Satane Diabolo. Ke mang yo mongwe yo o tla dirang jalo?— Ke batho ba ba tsieditsweng ke Diabolo gore ba dumele dilo tse di phoso. Jesu o ne a raya baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe a re: “Lo tswa mo go rraalona Diabolo, mme lo eletsa go dira dikeletso tsa ga rraalona.”—Johane 8:44.

Diabolo o rata batho ba le bantsi. Jesu o bitsa batho bao a re “lefatshe.” O akanya gore “lefatshe” le Jesu a buang ka lone ke eng?— A re bale Johane kgaolo 15, temana 19, mme re bone. Moo re bala mafoko ano a ga Jesu: “Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.”

Lefatshe le le tlhoileng barutwa ba ga Jesu ke batho botlhe ba e seng balatedi ba gagwe. Ke ka ntlha yang fa lefatshe le tlhoile barutwa ba ga Jesu?— Akanya fela. Mmusi wa lefatshe ke mang?— Baebele ya re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” Motho yo o boikepo yoo ke Satane Diabolo.—1 Johane 5:19.

A jaanong o a bona gore ke ka ntlha yang fa go le thata jaana go dira se se siameng?— Satane le lefatshe la gagwe ba dira gore go nne thata. Mme go na le lebaka le lengwe. A o gakologelwa gore ke lefe?— Mo go Kgaolo 23 ya buka eno, re ithutile gore rotlhe re tshotswe re na le boleo. A go ka se nne monate fa boleo, Diabolo, le lefatshe la gagwe di seyo?—

Fa lefatshe leno le feta, ke eng se se tla diragalelang batho ba ba dirang dilo tse di molemo?

Baebele e re solofetsa jaana: “Lefatshe le a feta.” Seno se raya gore batho botlhe ba e seng balatedi ba Morutisi yo Mogolo ba tla bo ba sa tlhole ba le teng. Ba ka se tlogelwe gore ba tshelele ruri. A o itse gore ke bomang ba ba tla tshelelang ruri?— Baebele ya re: “Yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) Ee, ke fela batho ba ba dirang dilo tse di molemo, ba ba dirang “thato ya Modimo,” ba ba tla tshelelang ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo. Le fa go le thata, re batla go dira dilo tse di molemo, ga ke re?—

A re bale mmogo dikwalo tseno tse di bontshang gore ke ka ntlha yang fa go se motlhofo go dira se se siameng: Mathaio 7:13, 14; Luke 13:23, 24; le Ditiro 14:21, 22.