Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 16

Ke Eng se se Leng Botlhokwa Thata?

Ke Eng se se Leng Botlhokwa Thata?

Monna yono o ne a na le bothata bofe?

GO NA le monna mongwe yo o neng a tla go bona Jesu tsatsi lengwe. O ne a itse gore Jesu o botlhale thata, mme o ne a mo raya a re: ‘Moruti, bolelela morwarre gore a nneye dingwe tsa dilo tse a nang le tsone.’ Monna yoo o ne a dumela gore o tshwanetse go newa dingwe tsa dilo tseo.

Fa o ne o le Jesu, o ne o tla reng?— Jesu o ne a bona gore monna yoo o ne a na le bothata. Mme bothata e ne e se gore o ne a tlhoka se morwarraagwe a neng a na le sone. Bothata jwa monna yoo e ne e le gore o ne a sa itse gore ke eng se se leng botlhokwa tota mo botshelong.

A re akanye ka seno. Ke eng se se tshwanetseng go nna botlhokwa thata mo go rona? A ke go nna le dilo tse dintle tsa go tshameka, go nna le diaparo tse disha, kgotsa go nna le dilo tsa go tshwana le tseo?— Nnyaa, go na le sengwe se se botlhokwa thata go feta dilo tseo. Mme Jesu o ne a batla go ruta thuto eno. Ka jalo o ne a tlotla kgang ya monna mongwe yo o neng a lebala Modimo. A o ka rata go e utlwa?—

Monna yono o ne a humile thata. O ne a na le tshimo le mabolokelo. Dijalo tse a neng a di jala di ne di gola sentle thata. Mabolokelo a gagwe a ne a sa lekana go boloka dijalo tsotlhe tsa gagwe. O ne a tlile go dirang? O ne a ipolelela a re: ‘Ke tla thuba mabolokelo a me ke bo ke aga a magolwane. Go tswa foo ke tla tsenya dijalo tsa me tsotlhe le dilo tsotlhe tsa me tse di molemo mo mabolokelong a me a masha.’

Monna wa mohumi o ne a akanya gore go dira jalo go ne go le botlhale. O ne a ithaya a re o botlhale thata ka go ipolokela dilo tse dintsi. O ne a ipolelela a re: ‘Ke ipoloketse dilo tse dintsi tse di molemo. Ke tla di dirisa ka dingwaga tse dintsi. Jaanong nka iketla. Ke tla ja, ke tla nwa mme ke tla ijesa monate.’ Go ne go na le sengwe se se phoso ka tsela e monna wa mohumi a neng a akanya ka yone. A o itse gore e ne e le eng?— O ne a ikakanyetsa a le nosi fela le ka se se mo itumedisang. O ne a lebetse Modimo.

Monna yono wa mohumi o akanya ka eng?

Modimo o ne a bua le monna yoo wa mohumi. O ne a re: ‘Monna ke wena wa sematla. O tlile go swa gompieno. Jaanong dilo tse o di bolokileng e tla nna tsa ga mang?’ A monna yoo wa mohumi o ne a ka dirisa dilo tseo le fa a sena go swa?— Nnyaa, di ne di tla tsewa ke motho o sele. Jesu o ne a re: “Go nna jalo ka monna yo o ipeelang letlotlo mme a sa huma malebana le Modimo.”—Luke 12:13-21.

Ga o batle go nna jaaka monna yoo wa mohumi, ga ke re?— Maikaelelo a gagwe a magolo mo botshelong e ne e le go nna le dilo tse dintsi. Go ne go le phoso go dira jalo. Ka metlha o ne a batla dilo tse dintsi. Mme o ne a sa “huma malebana le Modimo.”

Batho ba bantsi ba tshwana le monna yoo wa mohumi. Ba nna ba batla dilo tse dintsi. Mme seno se ka ba tlisetsa mathata a magolo. Ka sekai, o na le dilo tsa go tshameka, ga ke re?— O na le dilo dife tsa go tshameka? Mpolelela.— O ka dirang fa tsala nngwe ya gago e na le bolo kgotsa mpopi kgotsa selo se sengwe sa go tshameka se o se nang sone? A go tla bo go siame fa o leka go dira gore batsadi ba gago ba se go rekele?—

Go na le dinako tse go lebegang e kete selo sa go tshameka se botlhokwa thata. Mme go diregang ka sone morago ga nakonyana?— Se a onala. Se ka thubega o bo o sa tlhole o se batla. Tota o na le sengwe se se botlhokwa thata go feta dilo tsa go tshameka. A o itse gore ke eng?—

O na le eng se se botlhokwa go feta dilo tsa go tshameka?

Ke botshelo jwa gago. Botshelo jwa gago bo botlhokwa thata ka gonne fa bo seyo, ga go na se o ka se dirang. Mme botshelo jwa gago bo ikaegile ka go itumedisa Modimo, ga ke re?— A re se ka ra tshwana le monna wa mohumi wa sematla yo o neng a lebala Modimo.

Bana ga se bone fela ba ba dirang dilo tsa bomatla jaaka monna yole wa mohumi. Le batho ba bagolo ba a di dira. Bangwe ba bone ba nna ba batla dilo tse dintsi. Ba ka tswa ba na le dijo tsa letsatsi, diaparo tse ba ka di aparang le lefelo le ba nnang mo go lone. Mme ba batla tse dingwe. Ba batla diaparo tse dintsi. Ba batla matlo a magolo go feta a ba nang le one. Dilo tseno di tlhoka madi. Ka jalo ba bereka ka thata gore ba nne le madi a mantsi. Fa ba na le dilo tse dintsi, ba batla tse dingwe gape.

Batho ba bangwe ba bagolo ba bereka thata gore ba nne le madi a mantsi mo ba se nang nako ya go nna le malapa a bone. E bile ga ba na nako ya Modimo. A madi a bone a ka ba naya botshelo?— Nnyaa. A ba ka dirisa madi a bone fa ba sena go swa?— Nnyaa. Ka gonne baswi ga ba kgone go dira le fa e le sepe.—Moreri 9:5, 10.

A seno se raya gore go nna le madi ga go a siama?— Nnyaa. Re ka reka dijo le diaparo ka madi. Baebele ya re madi ke tshireletso. (Moreri 7:12) Mme fa re rata madi, re tla nna le mathata a magolo. Re tla nna jaaka monna wa mohumi yo o sematla yo o neng a ipolokela dikhumo mme a sa huma malebana le Modimo.

Go huma malebana le Modimo go rayang?— Go raya go baya Modimo kwa pele mo matshelong a rona. Batho bangwe ba re ba dumela mo Modimong. Ba akanya gore go dumela mo Modimong fela go lekane. A mme ruri ba humile malebana le Modimo?— Nnyaa, ba tshwana le monna wa mohumi yo o neng a lebetse Modimo.

Jesu ga ise a ko a lebale Rraagwe yo o kwa legodimong. Ga a ka a leka go nna le madi a mantsi. E bile o ne a se na dilo tse dintsi. Jesu o ne a itse gore ke eng se se neng se le botlhokwa thata mo botshelong. A wena o itse gore ke eng?— Ke go huma malebana le Modimo.

Ngwana yono o dirang se se botlhokwa thata?

Mpolelela, re ka huma jang malebana le Modimo?— Re ka huma malebana le Modimo ka go dira se se mo itumedisang. Jesu o ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Johane 8:29) Modimo o a itumela fa re dira dilo tse a batlang gore re di dire. Jaanong mpolelela, ke dilo dife tse di itumedisang Modimo tse o ka di dirang?— Ee, o ka bala Baebele, wa ya dipokanong tsa Bokeresete, wa rapela Modimo mme wa thusa ba bangwe go ithuta ka ene. Tseo ke dilo tse di botlhokwa tota mo botshelong.

Ka gonne Jesu o ne a humile malebana le Modimo, Jehofa o ne a mo tlhokomela. O ne a duela Jesu ka gore a tshelele ruri. Fa re tshwana le Jesu, le rona Jehofa o tla re rata a bo a re tlhokomela. A re tshwane le Jesu mme re se ka ra tshwana le monna yole wa mohumi yo o neng a lebetse Modimo.

Ditemana tseno tsa Baebele di bontsha kafa re ka lebang dikhumo ka tsela e e tshwanetseng ka teng: Diane 23:4; 28:20; 1 Timotheo 6:6-10; le Bahebera 13:5.