Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!

Boporofeti bo le bontsi mo go Esekiele bo bua ka nako ya fa Jehofa a tla bo a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang. Boporofeti jono bo re ama jang?

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Re eletsa gore buka eno e go thuse gore o obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.

Tlhaloso ya Dilo Dingwe Tse di mo Bukeng Eno

Mabokose a go ruta le manaane a ditiragalo a na le tshedimosetso e e oketsegileng e e tla go thusang go tlhaloganya se o se ithutang.

KGAOLO 1

“O Tshwanetse go Obamela Jehofa, Modimo wa Gago Fela”

Fa Satane a ne a dira gore Adame le Efa ba tlhanogele Jehofa, o ne a le kgatlhanong le bolaodi jwa ga Jehofa e bile a le kgatlhanong le gore batho ba obamele Jehofa.

KGAOLO 2

“Modimo O ne A Amogela” Dimpho Tsa Bone

Tsela e batlhanka ba ga Jehofa ba neng ba mo obamela ka yone e re thusa go lemoga dilo di le nnê tse re tshwanetseng go di dira fa re mo obamela.

KGAOLO 3

“Ka Simolola go Bona Diponatshegelo Tsa Modimo”

Fa Esekiele a sena go bona ponatshegelo o ne a sala a gamaregile tota. Se a ileng a se bona se na le bokao mo batlhankeng ba ga Jehofa ba gompieno.

KGAOLO 4

Ditshedi Tse di Nang le “Difatlhego Tse Nnê” di Emela Eng?

Jehofa o dirisa diponatshegelo go re thusa go tlhaloganya dilo tse di diragalang tse go neng go ka nna thata gore re di tlhaloganye.

KGAOLO 5

‘Bona Dilo Tse di Bosula, Tse di Makgapha Tse ba di Dirang’

Esekiele o bona dilo tse di maswe tse batho ba di dirang tse di bontshang gore ba tlhanogetse Jehofa.

KGAOLO 6

“Jaanong Bokhutlo bo Gorogile mo go Wena”

Dilo tse Esekiele a di dirang di emela katlholo ya ga Jehofa e e tla tlelang Jerusalema.

KGAOLO 7

Ditšhaba di “Tla Tshwanelwa ke go Itse Gore ke Nna Jehofa”

Batho ba ba neng ba senya Jehofa leina e bile ba bogisa batho ba gagwe, ba ne ba tla di gama ba sa di tlhapela. Re ka ithuta eng mo tseleng e Baiseraele ba neng ba dirisana ka yone le batho ba ditšhaba tseo?

KGAOLO 8

“Ke Tla Tlhoma Modisa a le Mongwe Fela”

Modimo o ile a tlhotlheletsa Esekiele gore a kwale boporofeti jo bo ka ga Mesia yo a neng a tla dira gore batho ba obamele Modimo ka tsela e e mo itumedisang.

KGAOLO 9

“Ke Tla Dira Gore Botlhe ba Nne Seoposengwe”

A dilo tse Jehofa a neng a di solofetsa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa di a re ama le rona gompieno?

KGAOLO 10

“Lo Tla Tshela”

Esekiele o ile a bona ponatshegelo ya mokgatšha o o tletseng marapo a a ileng a tsosiwa. Ponatshegelo eno e kaya eng?

KGAOLO 11

“Ke go Tlhomile Gore o Nne Molebeledi”

Tiro ya molebeledi yono ke eng? O tshwanetse go tlhagisa batho ka eng?

KGAOLO 12

“Ke Tla Dira Gore ba Nne Setšhaba se le Sengwe”

Jehofa o solofetsa gore o tla dira gore batho ba gagwe ba nne seoposengwe.

KGAOLO 13

Tlhalosa “Tsela e Tempele e Lebegang ka Yone”

Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong e emela eng?

KGAOLO 14

“Ono ke Molao wa Tempele”

Bajuda ba ile ba ithuta eng mo tempeleng e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong? Ponatshegelo eno e re ruta eng gompieno?

KGAOLO 15

“Ke Tla Fedisa Ditiro Tsa Gago Tsa Boaka”

Re ka ithuta eng mo tseleng e seaka se go buiwang ka sone mo bukeng ya Esekiele le ya Tshenolo se tlhalosiwang ka yone?

KGAOLO 16

“O Beye Letshwao mo Diphatleng”

Tsela e batho ba ba ikanyegang ba mo motlheng wa ga Esekiele ba ileng ba tshwaiwa ka yone e na le bokao mo go rona.

KGAOLO 17

“Ke Fetogile Mmaba wa Gago, Wena Gogo”

Gogo wa Magogo ke mang mme o tla tlhasela lefatshe lefe?

KGAOLO 18

“Bogale Jwa me jo Bogolo bo Tla Tuka”

Gogo o tlhasela batho ba ga Jehofa mme seno se dira gore Jehofa a galefe a bo a sireletsa batho ba gagwe.

KGAOLO 19

“Sengwe le Sengwe se Tla Tshela, Gongwe le Gongwe Kwa Molatswana Ono o Yang Gone”

Ke eng fa re ka re ponatshegelo ya molatswana e Esekiele a ileng a e bona e ile ya diragadiwa mo nakong e e fetileng, e a diragadiwa gone jaanong e bile e tla diragadiwa mo nakong e e tlang?

KGAOLO 20

“Kgaoganya Lefatshe Gore e Nne Boswa”

Jehofa o ile a bolelela Esekiele le Bajuda gore ba kgaoganye Lefatshe le le Solofeditsweng.

KGAOLO 21

“Motse oo o Tla Bidiwa Jehofa o Gone Koo”

Re ka ithuta eng ka motse o Esekiele a ileng a o bona mo ponatshegelong le leina la one?

KGAOLO 22

“Obamela Modimo”

Boikaelelo jwa kgatiso eno ke go re thusa gore re obamele Jehofa fela.

Tshobokanyo ya Dithuto Tse di Tokafaditsweng

Ke eng fa re tokafaditse tsela e re tlhaloganyang boporofeti bongwe mo bukeng ya ga Esekiele?

LEBOKOSE LA GO RUTA 1A

Go Obamela go Kaya Eng?

Go obamela go kaya eng? Go tlhalosiwa jang mo bukeng ya Esekiele? Go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang go akaretsa eng?

LEBOKOSE LA GO RUTA 1B

Se se Mo Bukeng ya Esekiele

Ditiragalo tse di mo bukeng eno di kwadilwe go ya ka go latelana.

LEBOKOSE LA GO RUTA 2A

Re Tshwanetse go Tlhaloganya Jang Boporofeti Jwa ga Esekiele?

Buka ya Esekiele e na le diponatshegelo le dikai. Gape o ne a supetsa batho se se tla diregang. Bontsi jwa tsone e ne e le melaetsa e e tswang kwa Modimong ya dilo tse di tla diregang.

LEBOKOSE LA GO RUTA 2B

Botshelo Jwa ga Esekiele

Go ne go na le baporofeti ba bangwe ka nako ya ga Esekiele. Go ile ga direga dilo tse di botlhokwa thata ka nako ya gagwe.

LEBOKOSE LE LE RUTANG 3A

Tsela e e Telele Ya go Ya Kwa Babelona

Bajuda ba ka tswa ba ile ba tsaya tsela efe fa ba ne ba ya kwa Babelona?

LEBOKOSE LA GO RUTA 4A

‘Ke ne Ke Lebile Ditshedi’

Ditshwantsho tse di boitshegang tse di neng di le kwa Asiria le Babelona di farologana jang le ditshedi tse Esekiele a ileng a di bona mo ponatshegelong?

LEBOKOSE LA GO RUTA 5A

“Morwa Motho, a o Bona Seno?”

Esekiele o bona dilo tse di maswe tse di dirwang mo tempeleng.

LEBOKOSE LA GO RUTA 6A

“Beola Tlhogo ya Gago le Ditedu Tsa Gago”

Modimo o ne a tlhotlheletsa Esekiele gore a dire dilo tse di neng di emela se se neng se tla direga kwa Jerusalema.

LEBOKOSE LA GO RUTA 7A

Ditšhaba Tse di Dikologileng Jerusalema

Juda le ditšhaba tse di e dikologileng di ne di lwela go busa.

LEBOKOSE LA GO RUTA 7B

Mafoko a a Tlhagelelang Thata mo Bukeng ya Esekiele

Mafoko mangwe a tlhaga gangwe le gape mo bukeng eno ya boporofeti.

LEBOKOSE LA GO RUTA 8A

Boporofeti jo bo Buang ka Mesia—Setlhare se Segolo sa Mosedara

Boporofeti jo bo mo go Esekiele kgaolo 17 bo kaya eng?

LEBOKOSE LA GO RUTA 8B

Boporofeti jo bo Buang ka Mesia

Modimo o ile a tlhotlheletsa Esekiele go kwala boporofeti jo bo re thusang go bona gore re ka tshepa Kgosi ya Bogosi Jwa Bomesia.

LEBOKOSO LA GO RUTA 9A

Jehofa o Diragatsa Ditsholofetso Tsa Gagwe ka Metlha​—⁠Motlha wa Bajuda

Modimo o tlhotlheletsa Esekiele gore a bolelele Bajuda ba ba botshwarwa ditsholofetso di le tlhano tsa gore ba tla boela kwa lefatsheng la bone.

LEBOKOSO LA GO RUTA 9B

A Mme E ne E le Ka 1919?

Ke eng fa re re batho ba Modimo ba ile ba gololwa mo Babelona yo Mogolo ka 1919?

LEBOKOSO LA GO RUTA 9C

Jehofa o Diragatsa Ditsholofetso Tsa Gagwe ka Metlha—Motlha wa Rona

Ditsholofetso dingwe tsa Modimo di diragaditswe jang mo motlheng wa Bajuda le mo motlheng wa rona?

LEBOKOSE LA GO RUTA 9D

Boporofeti jo bo Buang ka go Isiwa le go Gololwa Kwa Botshwarwa

Boporofeti jo bo buang ka nako ya fa Bajuda ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona bo ile jwa diragadiwa gape ka tsela e e kgolwane fa phuthego ya Bokeresete e ne le mo botshwarwa mo Babelona yo Mogolo.

LEBOKOSE LA GO RUTA 9E

Nako ya fa “Dilo Tsotlhe di Dirwa Disha”

Moaposetoloi Petere o ne a bolelela pele ka nako e e neng e tla simolola fa Jesu a tlhomiwa go nna Kgosi mme e ne e tla fela kwa bofelong jwa Dingwaga Tse di Sekete.

LEBOKOSE LA GO RUTA 10A

Batho ba Boa ba Obamela Jehofa ka Tsela E e Mo Itumedisang Ka Bonya ka Bonya

Ke ditiragalo dife tse di ileng tsa thusa batho ba Modimo gore ba kgone go rera?

LEBOKOSE LA GO RUTA 10B

Boporofeti jo bo Buang ka “Marapo a a Omeletseng” bo Amana Jang le Jwa ‘Basupi Ba Babedi’?

Boporofeti jono bo ile jwa diragadiwa jang mo motlheng wa rona?

LEBOKOSE LA GO RUTA 10C

Re Thusiwa Gore re Boe re Eme

Ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa re kgobegile marapo e bile re lapile, mme re a nonofa fa re ithuta ka ponatshegelo e e buang ka marapo a a ileng a tsosiwa.

LEBOKOSE LA GO RUTA 11A

Balebeledi Ba ba Re Tlhometseng Sekao

Ba ile ba ganediwa, ba ile ba tswelela ba ikanyega mo go Jehofa e bile ba ne ba tlhagisa batho gape ba ba bolelela dikgang tse di molemo.

LEBOKOSE LA GO RUTA 12A

Go Kopanngwa ga Dithobane tse Pedi

Dithobane tse pedi di ne di emela bo mang mo nakong e e fetileng, mme di emela bo mang mo motlheng wa rona?

LEBOKOSO LA GO RUTA 13A

Ditempele Tse Pedi Tse di re Rutang Dithuto Tse di Farologaneng

Tempele e Esekiele a ileng a e bona mo ponatshegelong e farologana jang le e Paulo a ileng a bua ka yone?

LEBOKOSE LA GO RUTA 14A

Se re Ithutang Sone mo Ponatshegelong ya ga Esekiele

Ke dintlha dife tse o di ithutileng mo ponatshegelong ya ga Esekiele tse o ka ratang go di dirisa?

LEBOKOSE LA GO RUTA 15A

Bana ba Motho ba ba Gwebang ka Mmele

Jehofa o dirisa sekai sa ga Ohola le Oholiba go tlhalosa gore ikutlwa jang ka batho ba ba reng ba a mo obamela mme ba gogagoga leina la gagwe mo seretseng.

LEBOKOSE LA GO RUTA 16A

A Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a Tshwantshetsa Jerusalema?

Ke eng fa re sa tlhole re re Madumedi a a Ipitsang a Bokeresete a tshwantshetsa Jerusalema?

LEBOKOSE LA GO RUTA 16B

Go Bogisiwa, go Hutsafadiwa, go Tshwaiwa le go Thubaganya—Go Direga Leng le Gone Jang?

Ponatshegelo e e mo go Esekiele kgaolo 9 e ka re thusa gore re nne pelokgale fa bokhutlo bo ntse bo atamela.

LEBOKOSE LA GO RUTA 18A

Jehofa o Tlhagisa Batho ka Ntwa ya Gagwe ya Makgaolakgang

Baebele e bolelela pele gore go tlile go nna le ntwa ya makgaolakgang e Jehofa a tlileng go e dirisa go nyeletsa batho ba ba kgatlhanong le ene.

LEBOKOSE LA GO RUTA 19A

Melatswana e e Tlisang Masego a a Tswang Kwa go Jehofa

Bakwadi ba Baebele ba le mmalwa ba ile ba dirisa ditshwantsho tse di tshwanang go tlhalosa masego a a tswang kwa go Jehofa.

LEBOKOSE LA GO RUTA 19B

Metsi a Mannye a Nna Molapo o o Penologang!

Molatswana o o elelang go tswa kwa lefelong le le boitshepo o emela eng?

LEBOKOSE LA GO RUTA 20A

Go Kgaoganngwa ga Lefatshe

Ponatshegelo ya go kgaoganngwa ga lefatshe e Esekiele a ileng a e bona e ne ya kgothatsa jang Bajuda mme e re kgothatsa jang gompieno.

LEBOKOSE LA GO RUTA 21A

“Karolo e lo Tla e Beelang Kwa Thoko e le Moneelo”

Karolo e e neng e ntshitswe e le moneelo e ne e kgaogantswe ka dikarolwana dife di le tlhano mme di ne di dirisediwa eng?

LEBOKOSE LA GO RUTA 22A

Go Lebana le Teko ya Bofelo

Ba ba falolang teko ya bofelo ba tlile go bona masego afe?