KGAOLO 8
“Ke Tla Tlhoma Modisa a le Mongwe Fela”
SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Boporofeti jo bo buang ka ga Mesia le gore Keresete o ile a bo diragatsa jang
1-3. Ke eng fa pelo ya ga Esekiele e ne e rotha madi, mme o ne a laelwa gore a kwale eng?
ESEKIELE o ne a na le dingwaga di le thataro a le kwa botshwarwa. a Pelo ya gagwe e ne e rotha madi ka gonne motse wa kwa gabone wa Juda, o ne o sa busiwe sentle. Ka nako ya ga Esekiele go ile ga busa dikgosi di le mmalwa kwa Juda.
2 Esekiele o ile a tsholwa fa go ne go busa kgosi e e ikanyegang e bong Josia. Esekiele o tshwanetse a bo a ne a itumetse tota fa a ne a utlwa gore Josia o ile a senya ditshwantsho tse di betlilweng a bo a netefatsa gore batho ba Juda ba boa ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.(2 Ditir. 34:1-8) Mme gone, matsapa a ga Josia a ne a felela fela mo phefong ka gonne dikgosi tse di ileng tsa busa morago ga gagwe, di ne tsa tswelela di obamela medingwana. Ka jalo, ga go gakgamatse gore fa go ne go busa dikgosi tseo tse di bosula, Bajuda ba ne ba simolola go itshwara ka tsela e e sa siamang le go katogela kgakala le Jehofa. A go ne go ile fela jalo? Nnyaa, le e seng!
3 Jehofa o ile a tlhotlheletsa Esekiele gore a kwale boporofeti jo bo buang ka ga Mesia. Mesia o ne a tla busa batho ba ga Jehofa. O ne a tla ba tlhokomela e bile o ne a tla ba disa. Mo godimo ga moo, o ne a tla dira gore Jehofa a obamelwe ka tsela e e mo itumedisang. Jono ke boporofeti jwa ntlha mo dilong tse di boleletsweng pele ka ga Mesia tse Esekiele a ileng a di kwala. Go botlhokwa gore re sekaseke boporofeti jono ka gonne bo ama bokamoso jwa rona. Mma jaanong re sekaseke dilo di le nnê tse di ileng tsa bolelelwa pele ka Mesia mo bukeng ya Esekiele.
“Letlhogela le Lennye” le Nna “Mosedara o Mogolo Thata”
4. Esekiele o ile a bua boporofeti bofe, mme Jehofa o ne a re a bo simolole jang?
4 Mo e ka nnang ka 612 B.C.E., “Jehofa o ne a bua” le Esekiele mme a mo laela gore a bue boporofeti jo bo tlhalosang puso ya ga Mesia le lebaka la go bo re tshwanetse go mo tshepa. Jehofa o ne a laela Esekiele gore a simolole boporofeti jono ka go bolelela batho ba a neng a na le bone kwa botshwarwa thamalakane. Thamalakane eo, e ne e tla ba thusa go bona gore dikgosi tsa Juda di ne di se na tumelo le gore go ne go tlhokega Kgosi ya Bomesia e e neng e tla busa batho ka tsela e e siameng.—Esek. 17:1, 2.
5. Ntlha ya konokono ya thamalakane e ne e le eng?
5 Bala Esekiele 17:3-10. Ntlha ya konokono ya thamalakane eno e ne e le go re: “Ntsu yo mogolo” o ne a kgetla letlhogela le le kwa godimodimo la setlhare sa mosedara a bo a le tlhoma “mo motseng wa bagwebi.” Go tswa foo, ntsu yoo o ne a tsaya ‘peo nngwe ya lefatshe leo’ a bo a e jala mo mmung o o nonneng “gaufi le metsi a mantsi.” Peo eo e ne ya tlhoga e bo e nna “setlhare sa morara.” Go tswa foo, go ne ga tla “ntsu yo mongwe yo mogolo.” Medi ya setlhare seo e ne ya “namela” kwa ntsung yoo wa bobedi, e batla gore ntsu yoo o e ise kwa lefelong le lengwe le le nang le metsi a mantsi. Jehofa o ne a sa rate se setlhare seo se se dirileng. Ka jalo, o ne a re medi ya sone e tla kumolwa e bile se tla “omelela.”
6. Thamalakane e Esekiele a neng a e bua e ne e kaya eng?
6 Thamalakane eno e ne e kaya eng? (Bala Esekiele 17:11-15.) Ka 617 B.C.E., kgosi ya Babelona e bong Nebukadenesare (“ntsu yo mogolo” wa ntlha) o ile a tlhasela Jerusalema. O ne a ntsha kgosi ya Juda e bong Jehoiakine (‘letlhogela le le kwa godimodimo’) mo setulong sa bogosi a bo a mo isa kwa Babelona (‘motse wa bagwebi’). O ne a dira gore Sedekia (“nngwe ya peo ya lefatshe” ya segosi) e nne kgosi ya Jerusalema. Kgosi eno e ntšha ya Juda, e ne ya dira maikano e dirisa leina la Modimo gore ga e kitla e tlhanogela Kgosi Nebukadenesare. (2 Ditir. 36:13) Mme gone Sedekia ga a ka a diragatsa maikano a gagwe. Go na le moo, o ne a tlhanogela kgosi ya Babelona a bo a kopa kgosi ya Egepeto e bong Faro (‘ntsu yo mogolo’ wa bobedi) gore a mo thuse. Mme seno ga se a ka sa thusa ka sepe. (Esek. 17:16-21) Jehofa o ile a galefela Sedekia ka gonne ga a ka a dira se a neng a ikanne gore o tla se dira. Sedekia o ne a feleletsa a ntshitswe mo setulong sa bogosi mme o ne a swela mo kgolegelong kwa Babelona.—Jer. 52:6-11.
7. Re ka ithuta eng mo thamalakaneng ya ga Esekiele?
7 Re ka ithuta eng mo thamalakaneng eno? Sa ntlha, re ithuta gore jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re tshwanetse go bua boammaaruri. Jesu o ne a re: “A lefoko la lona la ‘Ee’ le reye ee mme ‘Nnyaa’ wa lona a reye nnyaa.” (Math. 5:37) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tshwanelwa ke gore re ikane fa pele ga Modimo gore re tla bua boammaaruri. Ka sekai, re ka nna ra tshwanelwa ke go dira jalo fa re neela bosupi kwa kgotlatshekelong. Re tshwanetse go tsaya maikano a a ntseng jalo a le masisi fela thata. Sa bobedi, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re tshepa mang. Baebele e a re: “O se ka wa ikanya dikgosana kgotsa morwa motho, yo a ka se kang a kgona go go boloka.”—Pes. 146:3.
8-10. Jehofa o ile a tlhalosa jang Kgosi ya Bomesia e e tla busang mo nakong e e tlang, mme boporofeti joo bo ile jwa diragadiwa jang? (Bona lebokoso le le reng, “Boporofeti jo bo Buang ka Mesia—Setlhare se Segolo sa Mosedara.”)
8 Mme gone, go na le mmusi yo re ka mo tshepang ka dipelo tsa rona tsotlhe. Fa Jehofa a sena go bua thamalakane e e ka ga letlhogela le le neng le jetswe kwa lefelong le lengwe, o ile a dirisa yone thamalakane eo go tlhalosa Kgosi ya Bomesia e e neng e tla busa mo nakong e e tlang.
9 Se boporofeti bo se buang. (Bala Esekiele 17:22-24.) Mo boporofeting jono, Jehofa ke ene a tla dirang sengwe, e seng bontsu ba bagolo. O ne a tla tsaya letlhogela le lennye “kwa karolong e e kwa godimo ya setlhare sa mosedara se se goletseng kwa godimo [a bo a] le jala . . . mo thabeng e e kwa godimo e e tsholetsegileng.” Letlhogela leo le ne le tla gola le bo le nna “mosedara o mogolo thata” mme “dinonyane tsa mofuta mongwe le mongwe di tla nna ka fa tlase ga one.” “Ditlhare tsotlhe tsa naga” di ne di tla itse gore Jehofa ke ene a dirileng gore setlhare seo se gole.
10 Kafa boporofeti jono bo neng jwa diragadiwa ka gone. Jehofa o ne a kgetla Morwawe e bong Jesu Keresete mo lotsong lwa segosi lwa ga Dafide (“setlhare sa mosedara se se goletseng kwa godimo”) a bo a mo tlhoma mo Thabeng ya Siona ya kwa legodimong (‘thaba e e kwa godimo e e tsholetsegileng’). (Pes. 2:6; Jer. 23:5; Tshen. 14:1) Ka jalo, Jehofa o ne a tlotlomatsa Morwawe yo batho ba neng ba tsaya gore ke “motho wa maemo a a kwa tlase thata” ka go mo naya “setulo sa bogosi sa ga rraagwe e bong Dafide.” (Dan. 4:17; Luke 1:32, 33) Kgosi ya Bogosi Jwa Bomesia e bong Jesu Keresete, o tla busa lefatshe a le kwa legodimong mme o tla tlisetsa batho botlhe ba a ba busang masego. Re ka kgona go tshepa Jesu ka dipelo tsa rona tsotlhe. Fa a busa, batho botlhe mo lefatsheng ba tla ‘nna ka pabalesego e bile ga ba kitla ba tshwenngwa ke go boifa matlhotlhapelo.’—Diane 1:33.
11. Re ka ithuta thuto efe ya botlhokwa mo boporofeting jo bo ka ga “letlhogela le lennye” le le nnang “mosedara o mogolo thata”?
11 Se re ka se ithutang mo boporofeting jono. Boporofeti jono jo bo buang ka “letlhogela le lennye” le le golang le bo le nna “setlhare se segolo sa mosedara,” bo re thusa go araba potso eno e e botlhokwatlhokwa: Re tshwanetse go tshepa mang? Tota ke boeleele fela go tshepa dipuso tsa batho le masole a tsone. Fa re batla go sireletsega, re tshwanetse go tshepa Kgosi ya Bomesia e bong Jesu Keresete. Bogosi jwa gagwe jo bo busang kwa legodimong, ke jone fela bo tla rarabololang mathata a batho.—Tshen. 11:15.
“Yo o Nang le Tshwanelo ya Semolao”
12. Jehofa o ile a dira eng go bontsha gore ga a lebala kgolagano e a neng a e dirile le Dafide?
12 Fa Jehofa a sena go tlhalosa thamalakane e e ka ga bontsu ba babedi, Esekiele o ile a lemoga gore kgosi e e sa ikanyegeng e bong Sedekia, yo o neng a tswa mo lotsong lwa segosi lwa ga Dafide, o ne a tla tseelwa bogosi a bo a isiwa botshwarwa kwa Babelona. Gongwe Esekiele o ile a ipotsa go re, ‘A mme Modimo o lebetse ka kgolagano e a e dirileng le Dafide fa a ne a mo tshepisa gore mongwe go tswa mo losikeng lwa gagwe o tla nna kgosi ka bosakhutleng?’ (2 Sam. 7:12, 16) Fa e le gore Esekiele o ile a ipotsa potso eo, ga go a ka ga feta lobaka lo loleele gore a bone karabo. Mo e ka nnang ka 611 B.C.E., fa Esekiele a ne a na le dingwaga di le supa kwa botshwarwa, Jehofa o ne a bua le ene. Ka nako eo Sedekia o ne a sa ntse a busa Juda. (Esek. 20:2) Jehofa o ne a mo laela gore a bue boporofeti jo bongwe jo bo ka ga Mesia jo bo neng bo bontsha gore Modimo ga a lebala kgolagano e a neng a e dirile le Dafide. Tota e bile boporofeti joo bo ne bo tlhalosa gore Kgosi ya Bomesia e e tla busang mo nakong e e tlang e na le tshwanelo ya go busa e re ka e le setlogolwana sa ga Dafide.
13, 14. Boporofeti jo bo mo go Esekiele 21:25-27 bo kaya eng, mme bo ile jwa diragadiwa jang?
13 Se boporofeti bo se buang. (Bala Esekiele 21:25-27.) Jehofa o ile a dirisa Esekiele go bua le “kgosana e e bosula ya Iseraele” e e neng e tlile go otlhaiwa. Jehofa o ne a bolelela kgosi eno e e bosula gore “tuku e e kgethegileng” le “serwalo sa bogosi” (tse di neng di emela maatla a go busa) di ne di tla tsewa mo go ene. Go tswa foo, ba ba “kwa tlase” ba ne ba tla tsholediwa, mme ba ba “kwa godimo” ba ne ba tla isiwa kwa tlase. Ba ba kwa tlase bano ba ne ba tla busa go fitlha “yo o nang le tshwanelo ya semolao a goroga” mme Jehofa o ne a tla mo naya Bogosi.
14 Kafa boporofeti jono bo neng jwa diragadiwa ka gone. Ka 607 B.C.E., bogosi jwa Juda jo bo “kwa godimo” jo bo neng bo le kwa Jerusalema, bo ile jwa isiwa kwa tlase fa Bababelona ba ne ba senya motse oo, ba ntsha Kgosi Sedekia mo setulong sa bogosi ba bo ba mo isa kwa botshwarwa. Ka nako eo, go ne go se na kgosi epe e e tswang mo lotsong lwa ga Dafide lwa segosi e e neng e busa kwa Jerusalema. Ka jalo, bogosi jo bo “kwa tlase” jwa Ditšhaba Tse Dingwe bo ile jwa isiwa kwa godimo ka gonne ke tsone di neng di laola ka nako eo. Mme gone, di ne di tla busa ka nakwana fela. “Dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ile tsa fela ka 1914 fa Jehofa a ne a tlhoma Jesu Keresete gore e nne kgosi. (Luke 21:24) Jesu o ne a na le “tshwanelo ya semolao” ya go nna Kgosi ya Bogosi Jwa Bomesia ka gonne e le setlogolwana sa ga Kgosi Dafide. b (Gen. 49:10) Ka jalo, Jehofa o ne a dirisa Jesu go diragatsa se a neng a se solofeditse Dafide fa a ne a re mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe o ne a tla busa ka bosakhutleng.—Luke 1:32, 33.
15. Ke eng fa re ka tshepa Kgosi ya rona e bong Jesu Keresete?
15 Se re ka se ithutang mo boporofeting jono. Re ka tshepa Jesu Keresete yo o tlhomilweng gore e nne Kgosi. Ke eng fa re ka mo tshepa? Jesu ga a tshwane le babusi ba lefatshe leno ka gonne bone ba tlhophiwa ke batho mme ka dinako tse dingwe, ba tsaya taolo ka dikgoka. Jesu ene o tlhophilwe ke Jehofa e bile “o ne a newa . . . bogosi” jo a nang le tshwanelo ya semolao ya go nna Kgosi ya jone. (Dan. 7:13, 14) Ka jalo, e re ka Kgosi eno e tlhomilwe ke Jehofa, ga re na lebaka lepe la gore re se ka ra mo tshepa.
“Motlhanka Wa me E Bong Dafide” o Tla “Nna Modisa” wa Bone
16. Jehofa o ikutlwa jang ka dinku tsa gagwe, mme “badisa ba Iseraele” ba mo motlheng wa ga Esekiele ba ne ba tshwara dinku tsa Modimo jang?
16 Jehofa ke Modisa yo Mogolo mme o rata batlhanka ba gagwe fela thata. O neile ba ba eteletseng pele maikarabelo a gore ba tlhokomele dinku tsa gagwe. (Pes. 100:3) Ka jalo, o nna a ba lebile go bona gore ba di tshwara jang. Akanya fela gore Jehofa a ka tswa a ne a ikutlwa jang ka “badisa ba Iseraele” ba mo motlheng wa ga Esekiele. Baeteledipele bao, ba ne ba tshwara batho ba Modimo “makgwakgwa e bile [ba ba] gatelela.” Batho ba ne ba tshela botlhoko, ka jalo, seo se ne sa dira gore ba se ka ba tlhola ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.—Esek. 34:1-6.
17. Jehofa o ile a namola dinku tsa gagwe jang?
17 Jehofa o ne a tla dira eng? Fa a ne a bua ka baeteledipele bao ba ba setlhogo ba Iseraele o ne a re: “Ke tla ba bona molato.” Mme gape o ne a re: “Ke tla namola dinku tsa me.” (Esek. 34:10) Ka metlha Jehofa o dira se a se solofeditseng. (Josh. 21:45) Ka 607 B.C.E., o ile a namola dinku tsa gagwe ka go dira gore Bababelona ba tlhasele baeteledipele bao. Dingwaga di le 70 moragonyana, o ile a ntsha batlhanka ba gagwe kwa Babelona a bo a ba busetsa kwa Jerusalema gore ba boe ba mo obamele ka tsela e e mo itumedisang. Mme gone batho ba ga Jehofa ba ne ba sa sireletsega ka gonne ba ne ba sa ntse ba busiwa ke batho ba ditšhaba tse dingwe. “Dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ne di tla tswelela dingwagangwaga.—Luke 21:24.
18, 19. Esekiele o ile a bua boporofeti bofe ka 606 B.C.E.? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.)
18 Mo e ka nnang ngwaga Jerusalema e sena go senngwa, Jehofa o ile a tlhotlheletsa Esekiele gore a bue boporofeti jo bo neng bo bontsha gore Modisa yo Mogolo o rata dinku tsa gagwe e bile o batla gore di tshelele ruri. Boporofeti joo bo tlhalosa kafa Kgosi ya Bomesia e tlileng go disa dinku tsa ga Jehofa ka gone.
19 Se boporofeti bo se buang. (Bala Esekiele 34:22-24.) Modimo o ne a tla “tlhoma modisa a le mongwe fela” yo a mmitsang a re, “motlhanka wa me e bong Dafide.” E re ka go dirisitswe mafoko a a reng “modisa a le mongwe fela,” le lefoko le le reng “motlhanka,” seno se raya gore go ne go se kitla go nna le batho bape ba ba tla busang go tswa mo losikeng lwa segosi lwa ga Dafide. Go na le moo, go ne go tla nna le setlogolwana sa ga Dafide se le sengwe se se neng se tla busa ka bosakhutleng. Mmusi yoo o ne a tla disa le go tlhokomela dinku tsa Modimo a bo a nna “kgosana ya [tsone].” Jehofa o ne a tla “dira kgolagano ya kagiso” le batho ba gagwe. O ne a tla ba tshololela masego jaaka dipula, ba ne ba tla nna ka pabalesego e bile dilo di ne di tla ba tsamaela sentle. Ba ne ba tla tshedisana ka kagiso e bile ba ne ba tla tshela ka kagiso le diphologolo.—Ezek. 34:25-28.
20, 21. (a) Boporofeti jo bo ka ga “motlhanka wa me e bong Dafide” bo ile jwa diragadiwa jang? (b) Se Esekiele a neng a se bua ka “kgolagano ya kagiso” se tla diragadiwa jang mo nakong e e tlang?
20 Kafa boporofeti jono bo neng jwa diragadiwa ka gone. Fa Modimo a ne a re, “motlhanka wa me e bong Dafide,” o ne a bua ka Jesu, setlogolwana sa ga Dafide yo o nang le tshwanelo ya semolao ya go busa. (Pes. 89:35, 36) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a bontsha gore ke “modisa yo o molemo” ka gonne o ile a ntsha botshelo jwa gagwe “mo boemong jwa dinku.” (Joh. 10:14, 15) Mme gone jaanong ke Modisa yo o kwa legodimong. (Baheb. 13:20) Ka 1914, Modimo o ne a tlhoma Jesu gore e nne Kgosi a bo a mo naya maikarabelo a go disa le go fepa dinku tsa gagwe mo lefatsheng. Moragonyana ka 1919, Jesu o ile a tlhoma “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” gore a fepe “ba ntlo” e bong batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. (Math. 24:45-47) Motlhanka yo o boikanyego o kaelwa ke Keresete. Mme motlhanka yono o tswelela a re fepa ka dithuto tsa boammaaruri tse di re thusang gore re nne re atamalane le Jehofa. Dithuto tseo di re thusa gore re tshele ka kagiso re sireletsegile mo paradaiseng ya tshwantshetso e re e itumelelang gone jaanong.
21 Se Esekiele a ileng se bua ka “kgolagano ya kagiso” le dipula tsa masego, se tla diragadiwa jang mo nakong e e tlang? Mo lefatsheng le lesha le le tlang, batho ba ga Jehofa ba tla bona masego a “kgolagano ya kagiso.” Ka nako eo, lefatshe lotlhe le tla bo e le paradaise e bile go tla bo go sa tlhole go na le dintwa, bokebekwa, tlala, malwetse kgotsa diphologolo tse di bogale. (Isa. 11:6-9; 35:5, 6; 65:21-23) A ga o eletse go ipona o tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise mo batho ba Modimo ba tla bong ba tshela “ka pabalesego, go se na ope yo o ba tshosang”?—Esek 34:28.
22. Jesu o ikutlwa jang ka dinku tsa Modimo, mme ba ba etelelang pele mo phuthegong ba ka mo etsa jang?
22 Re ka ithuta eng mo boporofeting jono? Jesu le ene o rata dinku tsa Modimo fela thata. E re ka e le Modisa e bile e le Kgosi, o netefatsa gore dinku tsa ga Rraagwe di fepiwa sentle ka dithuto tsa boammaaruri le gore di tshela ka kagiso di sireletsegile mo paradaiseng ya tshwantshetso. Eleruri re itumelela go tlhokomelwa ke Mmusi yo o ntseng jalo. Ba ba eteletseng pele mo phuthegong, le bone ba tshwanetse go rata dinku tsa Modimo fela jaaka Jesu. Bagolwane ba tshwanetse go disa letsomane la Modimo “ka go rata” le “ka tlhagafalo” e bile ba tshwanetse go tlhoma sekao se sentle.(1 Pet. 5:2, 3) Bagolwane ga ba a tshwanela go tshwara batho ba ga Jehofa makgwakgwa. Gopola se Jehofa a ileng a se bua ka badisa ba Iseraele ba ba setlhogo ba mo motlheng wa ga Esekiele. O ne a re: “Ke tla ba bona molato.” (Esek. 34:10) Modisa yo Mogolo o nna a lebile gore dinku tsa gagwe di tshwarwa jang mme Morwawe le ene o dira fela jalo.
“Motlhanka wa me Dafide o Tla Nna Kgosana ya Bone ka Bosakhutleng”
23. Jehofa o ne a solofeditse Baiseraele eng, mme o ne a diragatsa jang se a neng a se solofeditse?
23 Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba mo direle mmogo ka kutlwano ba le seoposengwe. Mo boporofeting jo bo neng bo bua ka go kopanya ditso tsa Iseraele, Modimo o ne a solofetsa batho ba gagwe gore o tla ba phutha a bo a ba kopanya gore e nne “setšhaba se le sengwe fela.” O ne a re o tla phutha baemedi ba bogosi jwa ditso tse pedi tsa Juda le ba bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele a bo a ba kopanya jaaka e kete o dira gore “dithobane” tse pedi e nne “thobane e le nngwe fela” mo seatleng sa gagwe. (Esek. 37:15-23) Modimo o ne a diragatsa boporofeti joo fa a ne a busetsa setšhaba se se kopaneng sa Baiseraele kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng ka 537 B.C.E. c Mme seo, e ne e le lemmenyana fela la se se neng se tla direga mo nakong e e tlang. Fa Jehofa a sena go solofetsa Baiseraele gore o tla ba kopanya, o ile a bolelela Esekiele boporofeti jo bo ka ga Mmusi wa mo nakong e e tlang yo o tla kopanyang batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ka bosakhutleng.
24. Jehofa o tlhalosa jang Kgosi ya Bomesia, mme Kgosi eo e tla busa jang?
24 Se boporofeti bo se buang. (Bala Esekiele 37: 24-28.) Le mo lekgetlong leno, Jehofa o bitsa Kgosi ya Bomesia a re “motlhanka wa me Dafide,” “modisa a le mongwe fela” le “kgosana.” (Esek. 37:22) Mme gape o mmitsa “kgosi.” Bogosi jwa gagwe bo tla nna jang? O tla busa ka bosakhutleng. E re ka go dirisitswe mafoko a a jaaka “bosakhutleng” le ‘nnela ruri,’ seno se kaya gore masego a a tla tlisiwang ke bogosi jono ga a kitla a fela. d Fa Jesu a busa, batho botlhe ba tla bo ba utlwana. E re ka batho ba tla bo ba busiwa ke “kgosi e le nngwe fela,” ba tla ikobela ‘ditshwetso tsa boatlhodi’ kgotsa melao e e tshwanang e bile “ba tla nna mo lefatsheng” mmogo. Bogosi joo, bo tla dira gore batho ba atamalane le Jehofa Modimo. Jehofa o tla dira “kgolagano ya kagiso” le batho. O tla nna Modimo wa bone mme ba tla nna batho ba gagwe. Lefelo la gagwe le le boitshepo le tla bo le le “mo go bone ka bosakhutleng.”
25. Boporofeti jo bo buang ka Kgosi ya Bomesia bo ile jwa diragadiwa jang?
25 Kafa boporofeti jono bo neng jwa diragadiwa ka gone. Ka 1919, batlodiwa ba ba ikanyegang ba ile ba kopanngwa ke “modisa a le mongwe fela” e bong Jesu Keresete, Kgosi ya Bomesia. Moragonyana, batho ba “boidiidi jo bogolo” ba ba tswang “mo ditsong tsotlhe le mo ditšhabeng tsotlhe e bile ba bua dipuo tse di farologaneng,” ba ne ba kopanngwa le batlodiwa. (Tshen. 7:9) Ba ne ba nna “letsomane le le lengwe” le le tlhokometsweng ke “modisa a le mongwe.” (Joh. 10:16) Botlhe ba ikobela ditshwetso tsa boatlhodi tsa ga Jehofa kgotsa melao ya gagwe le fa ba ka tswa ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Ka jalo, ba tshela mmogo ka kutlwano mo paradaiseng ya tshwantshetso. Jehofa o ba thusa gore ba tshele ka kagiso e bile ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. Jehofa ke Modimo wa bone mme ba itumelela go nna batho ba gagwe gone jaanong le go ya go ile.
26. Ke eng se o ka se dirang gore go nne le kutlwano mo phuthegong?
26 Se re ka se ithutang mo boporofeting jono. Re na le tshiamelo ya go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang le bakaulengwe le bokgaitsadi mo lefatsheng lotlhe. Mme gone, rotlhe re tshwanetse go dira ka natla gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Ka jalo, re tshwanetse go dira gore go se ka ga nna le dikgaogano mme rotlhe re dire dilo ka tsela e e tshwanang. (1 Bakor. 1:10) Ka ntlha ya seo, re rutiwa dithuto tse di boammaaruri tse di tshwanang, re tshela ka melao ya boitsholo e e tshwanang e bile re dira tiro e e tshwanang ya go rera ka Bogosi le go dira batho barutwa. Mme gone, selo sa konokono se se dirang gore re utlwane, ke lorato. Fa re leka ka natla go rata ba bangwe ka go ba akanyetsa, go ba utlwela botlhoko le go ba itshwarela, re dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong. Baebele e a re: “Lorato . . . lo dira gore batho ba utlwane.”—Bakol. 3:12-14; 1 Bakor. 13:4-7.
27. (a) O ikutlwa jang ka boporofeti jo bo buang ka Mesia jo bo mo bukeng ya Esekiele? (b) Re tla tlotla ka eng mo dikgaolong tse di latelang?
27 Ruri re lebogela go itse boporofeti jo bo buang ka Mesia jo bo mo bukeng ya Esekiele. Go bala le go akanyetsa kwa teng ka boporofeti jono, go re thusa go bona gore Kgosi ya rona e re e ratang e bong Jesu Keresete, o na le tshwanelo ya semolao ya go busa, re ka mo tshepa, o a re tlhokomela e bile o tla dira gore re tshele ka kutlwano go ya go ile. Ruri ke tshiamelo go busiwa ke Kgosi eno ya Bomesia. Mme gone, re tshwanetse go nna re gopotse gore boporofeti jono jo bo buang ka Mesia, ke karolo ya molaetsa wa gore Jehofa o tla boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang o go buiwang ka one mo bukeng ya Esekiele. Jehofa o dirisa Jesu go kopanya batho ba gagwe le go netefatsa gore ba mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. (Esek. 20:41) Mo dikgaolong tse di latelang tsa buka eno, re tla tlotla ka tsholofetso ya gore Jehofa o tla boa a obamelwa ka tsela e e mo itumedisang le kafa seno se tlhalosiwang ka gone mo bukeng ya Esekiele.
a Bajuda ba ile ba isiwa botshwarwa kwa Babelona lekgetlo la ntlha ka ngwaga wa 617 B.C.E. Ka jalo, ngwaga wa borataro e ne e le 612 B.C.E.
b Tatelano ya losika lwa ga Jesu e kwadilwe mo dibukeng tsa Diefangele mme e bontsha gore Jesu o tswa mo losikeng lwa ga Dafide.—Math. 1:1-16; Luke 3:23-31.
c Re tla tlotla ka boporofeti jwa ga Esekiele jwa dithobane tse pedi le kafa bo ileng jwa diragadiwa ka gone mo Kgaolo 12 ya buka eno.
d Buka nngwe e tlhalosa gore mafoko a Sehebera e leng, “bosakhutleng” le ‘nnela ruri,’ a kaya nako e e sa feleng.