Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

LEBOKOSE LA GO RUTA 9D

Boporofeti jo bo Buang ka go Isiwa le go Gololwa Kwa Botshwarwa

Boporofeti jo bo Buang ka go Isiwa le go Gololwa Kwa Botshwarwa

Boporofeti bo le bontsi jo bo buang ka nako ya fa Bajuda ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona bo ile jwa diragadiwa gape ka tsela e nngwe fa phuthego ya Bokeresete e ne le mo botshwarwa mo Babelona yo Mogolo. Bona dikai tse di latelang.

1. BA A TLHAGISIWA

2. BA ISIWA BOTSHWARWA

3. BA A GOLOLWA

BO DIRAGADIWA LA NTLHA

Pele ga 607 B.C.E.​—Isaia, Jeremia le Esekiele ba tlhagisa batho ba ga Jehofa; mme ga ba batle go reetsa

607 B.C.E.​—Jerusalema e a senngwa; batho ba Modimo ba isiwa botshwarwa kwa Babelona

Go Simologa ka 537 B.C.E.​—Bajuda ba ba ikanyegang ba boela Jerusalema, ba aga tempele sesha ba bo ba obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang

BO DIRAGADIWA KA TSELA E NNGWE

Ka bo100 C.E.​—Jesu, Paulo le Johane ba tlhagisa Bakeresete, mme batlhanogi ba nna ba oketsega

Masimologo a bo100 C.E.​—Bakeresete ba boammaaruri ba isiwa botshwarwa mo Babelona yo Mogolo

Go simologa ka 1919 C.E.​—E re ka Jesu e le kgosi, Bakeresete ba ba tloditsweng ba gololwa mo bodumeding jwa maaka ba bo ba boa ba obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang