Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 20

“Kgaoganya Lefatshe Gore e Nne Boswa”

“Kgaoganya Lefatshe Gore e Nne Boswa”

ESEKIELE 45:1

SE GO TLOTLIWANG KA SONE: Go kgaoganngwa ga lefatshe

1, 2. (a) Jehofa o ile a laela Esekiele gore a dire eng? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife?

 ESEKIELE o fetsa go bona ponatshegelo e e ka tswang e ile ya dira gore a akanye ka se se ileng sa direga dingwaga di ka nna 900 tse di fetileng ka nako ya ga Moshe le Joshua. Ka nako eo, Jehofa o ile a tlhalosetsa Moshe gore melelwane ya Lefatshe le le Solofeditsweng e simolola fa kae le gore e felela fa kae. Moragonyana o ile a bolelela Joshua gore lefatshe leo le tshwanetse go kgaoganyediwa ditso tsa Iseraele jang. (Dipa. 34:1-15; Josh. 13:7; 22:4, 9) Jaanong ke ngwaga wa 593 B.C.E., mme Jehofa o bolelela Esekiele le batho ba ba kwa botshwarwa gore ba boe ba kgaoganyetse batho ba Iseraele Lefatshe le le Solofeditsweng.​—Esek. 45:1; 47:14; 48:29.

2 Ponatshegelo eno e ne e kaya eng mo go Esekiele le batho ba a neng a na le bone kwa botshwarwa? Ke eng fa ponatshegelo eno e kgothatsa batho ba ga Jehofa gompieno? A e tla diragadiwa ka tsela e nngwe mo nakong e e tlang?

Ponatshegelo e e Nayang Batho Tsholofelo

3, 4. (a) Ponatshegelo ya bofelo e Esekiele a ileng a e bona e ile ya dira gore Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba nne le tsholofelo ya eng? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo kgaolong eno?

3 Dikgaolo di le robonngwe tsa buka ya bofelo ya Esekiele di bua ka ponatshegelo ya bofelo e Esekiele a ileng a e bona. (Esek. 40:1–48:35) Ponatshegelo eo e ile ya dira gore Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba nne le tsholofelo. Ba ne ba nna le tsholofelo ya eng? Sa ntlha, ba ne ba nna le tsholofelo ya gore ba tla boa ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang kwa tempeleng. Sa bobedi, ba ne ba tla boa ba etelelwa pele ke baperesiti le badisa ba ba ikanyegang. Sa boraro, Bajuda ba ba neng ba tla boela kwa Iseraele ba ne ba tla kgaoganyediwa lefatshe. Mme sa bonê, Jehofa o ne a tla boa a nna mo gare ga bone gape.

4 Mo Kgaolo 13 le 14 tsa buka eno, re ile ra tlotla ka gore ditsholofetso tsa ntlha tse pedi di ne di tla diragadiwa jang, e leng tsholofelo ya gore ba tla boa ba obamela Modimo ka tsela e e mo itumedisang le gore ba tla etelelwa pele ke badisa ba ba ikanyegang. Mo kgaolong eno, re tla tlotla ka tsholofetso ya boraro, ya gore ba tla kgaoganyediwa lefatshe. Mme mo kgaolong e e latelang re tla tlotla ka tsholofetso ya gore Jehofa o tla nna le bone.​—Esek. 47:13-21; 48:1-7, 23-29.

“Lefatshe Leno . . . le Newa Lona Gore e Nne Boswa Jwa Lona”

5, 6. (a) Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, Bajuda ba ne ba tshwanetse go kgaoganyediwa naga efe? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong.) (b) Ke eng fa Jehofa a ile a dira gore Esekiele a bone ponatshegelo eno?

5 Bala Esekiele 47:14. Mo ponatshegelong, Jehofa o ile a bontsha Esekiele karolo nngwe ya lefatshe e e neng e tlile go “tshwana le tshingwana ya Edene.” (Esek. 36:35) Go tswa foo Jehofa o ne a re: “Eno ke naga e lo tla e kgaoganyetsang ditso tse 12 tsa Iseraele e le boswa.” (Esek. 47:13) “Naga” e go neng go twe ba e kgaoganye e ne e le lefatshe la Iseraele le Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba neng ba tla boela kwa go lone. Go tswa foo, jaaka go kwadilwe mo go Esekiele 47:15-21, Jehofa o ile a tlhalosa ka botlalo gore melelwane ya lefatshe leo e simolola kae mme e felela kae.

6 Ke eng fa Jehofa a ile a dira gore Esekiele a bone ponatshegelo eno? E re ka Jehofa a ile a tlhalosa ka botlalo gore melelwane ya lefatshe leo e ne e simolola kae e bile e felela kae, seno se ile sa netefaletsa Esekiele le Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa gore eleruri ba tla boela kwa lefatsheng la bone le ba le ratang. Ntle le pelaelo, se Jehofa a ileng a se bua se ile sa ba kgothatsa fela thata. A Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ile ba feleletsa ba neilwe lefatshe le ba neng ba le solofeditswe? Ee, go ntse jalo.

7. (a) Go ile ga direga eng go simolola ka 537 B.C.E., mme ditiragalo tseo di re gopotsa eng? (b) Re tla tlotla ka potso efe pele?

7 Ka 537 B.C.E., dingwaga di ka nna 56 Esekiele a sena go bona ponatshegelo, Bajuda ba le bantsintsi ba ile ba simolola go boela kwa lefatsheng la bone la Iseraele. Ditiragalo tseo tsa mo nakong e e fetileng di re gopotsa sengwe se se tshwanang le se se ntseng se direga mo phuthegong ya Modimo mo motlheng ono. Batho ba Modimo ba mo motlheng ono le bone ba ile ba newa lefatshe. Re raya jang? Jehofa o ile a letla batlhanka ba gagwe gore ba nne mo lefatsheng la tshwantshetso le ba neng ba tla kgona go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang mo go lone. Lefatshe le le Solofeditsweng le Bajuda ba ileng ba boela kwa go lone, le ka re ruta go le gontsi ka lefatshe la tshwantshetso le batho ba Modimo ba nnang mo go lone gompieno. Mme gone pele ga re bona gore re ka ithuta eng, mma re simolole ka go araba potso eno: “Ke eng fa re ka re lefatshe la tshwantshetso le Jehofa a obamelwang ka tsela e e mo itumedisang mo go lone ruri le teng gompieno?”

8. (a) Jehofa o ile a emisetsa setšhaba sa Iseraele ka setšhaba sefe? (b) Batho ba Modimo ba nna mo lefatsheng lefe? (c) Lefatshe leno le ile la simolola go nna teng leng, mme ke bomang ba ba nnang mo go lone?

8 Mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona pelenyana, Jehofa o ile a tlhalosa gore boporofeti jo bo ka ga go tsosolosiwa ga Iseraele bo tla diragadiwa ka tsela e nngwe fa ‘motlhanka wa gagwe Dafide’ e bong Jesu Keresete a sena go simolola go busa e le Kgosi. (Esek. 37:24) Seno se ile sa direga ka 1914. Ka 1914, go ne go setse go fetile nako e telele Jehofa a sa tlhole a amogela setšhaba sa Iseraele. O ile a emisetsa setšhaba seo ka Iseraele wa Modimo, e leng Bakeresete ba ba tloditsweng. (Bala Mathaio 21:43; 1 Petere 2:9.) Mme gone Jehofa ga a ka a naya setšhaba seno lefatshe la Iseraele la mmatota, go na le moo o ile a ba naya lefatshe la tshwantshetso. (Isa. 66:8) Jaaka re bone mo Kgaolo 17 ya buka eno, ka 1919 setlhopha se sennye sa Bakeresete ba ba tloditsweng, se ile sa simolola go nna mo lefatsheng leno la tshwantshetso e bile ba ne ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang. (Bona lebokose 9B, “A Mme E ne E le 1919?”) Fa nako e ntse e ya, ba “dinku tse dingwe” ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba ne ba simolola go nna mo lefatsheng leno la tshwantshetso. (Joh. 10:16) Le fa re setse re nna mo paradaiseng eno ya tshwantshetso gone jaanong, masego a yone re tlile go a itumelela ka botlalo morago ga Aramagedona.

Lefatshe le Kgaoganngwa ka go Lekalekana

9. Jehofa o ile a tlhalosa eng ka lefatshe le le neng le tshwanetse go kgaoganngwa?

9 Bala Esekiele 48:1, 28. Fa Jehofa a sena go tlhalosa gore melelwane ya Lefatshe le le Solofeditsweng e felela kae, o ile a tlhalosa gore le tshwanetse go kgaoganngwa jang. O ne a laela gore ditso di le 12 tsa Iseraele di kgaoganyediwe lefatshe ka go lekalekana go tswa kwa bokone go ya kwa borwa. Lotso lwa Dana lo ne lo tla nna kwa tshimologong mo karolong e e kwa bokone, mme lotso lwa Gada lo ne lo tla nna kwa bofelong mo karolong e e kwa borwa. Molelwane wa lotso longwe le longwe o ne o simolola ka fa botlhaba o bo o ya go felela kafa bophirima gaufi le Lewatle le Legolo, kgotsa Lewatle la Mediterranean.​—Esek. 47:20.

10. Karolo eno ya ponatshegelo e ile ya netefaletsa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa eng?

10 Karolo eno ya ponatshegelo e ile ya netefaletsa Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa eng? E re ka Esekiele a ile a tlhalosa dintlha tsotlhe tsa gore lefatshe le tlile go kgaoganngwa jang, seno se ka tswa se ile sa netefaletsa Bajuda bao gore tiro ya go kgaoganya lefatshe e tlile go nna e e rulaganeng sentle. Mo godimo ga moo, e re ka lefatshe le ne le kgaoganyeditswe ditso di le 12 ka go lekalekana, seno se ne se bontsha gore batho botlhe ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ne ba tla newa boswa fa ba boela kwa lefatsheng la bone. Mongwe le mongwe o ne a tla nna le setsha le legae.

11. Re ka ithuta eng mo ponatshegelong ya go kgaoganngwa ga lefatshe? (Bona lebokose le le reng “Go Kgaoganngwa ga Lefatshe.”)

11 Re ka ithuta eng se se kgothatsang mo ponatshegelong eno? Baperesiti, Balefi le dikgosana ga se bone fela ba ba ileng ba newa boswa kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Batho botlhe ba ditso di le 12 le bone ba ile ba bo newa. (Esek. 45:4, 5, 7, 8) Ka tsela e e tshwanang gompieno, ga se gore batlodiwa le ba “boidiidi jo bogolo” ba ba eteletseng pele mo phuthegong, ke bone fela ba nnang mo lefatsheng la tshwantshetso. Go na le moo, batho botlhe ba boidiidi jo bogolo ba nna mo go lone. a (Tshen. 7:9) Le fa re ka tswa re akanya gore ga re dire go le kalo mo phuthegong, re tshwanetse go nna re gopotse gore se re se dirang se botlhokwa fela thata. Eleruri seno se a kgothatsa!

Jehofa o itumelela se re se dirang mo phuthegong ya gagwe le fa kabelo ya rona e ka tswa e le efe (Bona serapa 11)

Ditaelo Tse di sa Tshwaneng Di re Ruta Eng?

12, 13. Jehofa o ile a re ditso tsa Iseraele di kgaoganyediwe boswa jang?

12 Ditaelo dingwe tsa ga Jehofa tsa gore lefatshe le kgaoganngwe jang di tshwanetse tsa bo di ile tsa gakgamatsa Esekiele ka gonne di ne di sa tshwane le tse Moshe a ileng a di newa. Ela tlhoko gore di ne di farologana jang. E nngwe e ne e amana le lefatshe, e nngwe e amana le batho ba ba nnang mo go lone.

13 Lefatshe. Jehofa o ile a raya Moshe a re a oketse boswa jwa ditso tse di nang le batho ba le bantsi, mme a fokotse jwa ditso tse di nang le batho ba ba bannye. (Dipa. 26:52-54) Le fa go ntse jalo, mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona, Jehofa o ile a ntsha ditaelo tsa gore ditso tsotlhe di newe “dikarolo tse di lekanang” [“mongwe le mongwe jaaka morwarraagwe,” ntlh.].” (Esek. 47:14) Lotso longwe le longwe lo ne lo tshwanetse go newa boswa jo bo lekanang go tswa kwa bokone go ya kwa borwa. Ka jalo, Baiseraele botlhe, go sa kgathalesege gore ba tswa mo lotsong lofe, ba ne ba tla kgona go nna le dijo tsa mefutafuta tse di neng di tlhoga kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng ka go lekalekana.

14. Se Jehofa a ileng a laela Esekiele gore a se dire se ne se farologane jang le se se neng se kwadilwe mo Molaong wa ga Moshe?

14 Batho ba ba nnang mo lefatsheng. Molao wa ga Moshe o ne o sireletsa batswakwa e bile o ba letla gore ba obamele Jehofa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa newe boswa bope. (Lefi. 19:33, 34) Se Jehofa a ileng a laela Esekiele gore a se dire se ne se farologane le se se neng se kwadilwe mo Molaong wa ga Moshe. Jehofa o ne a raya Esekiele a re: “Abela motswakwa boswa mo nageng ya lotso lo a nnang mo go lone.” Jehofa o ile a dira gore go se ka ga tlhola go nna le pharologanyo fa gare ga Baiseraele le batswakwa. (Esek. 47:22, 23) Mo ponatshegelong e Esekiele a ileng a e bona, o ne a lemoga gore batho ba a lekalekana e bile ba obamela Jehofa ka kutlwano.​—Lefi. 25:23.

15. Ditaelo tse pedi tse Jehofa a ileng a di naya Esekiele di re ruta eng ka Jehofa?

15 Ditaelo tseno tse pedi tse Jehofa a ileng a di naya Esekiele di tshwanetse tsa bo di ile tsa kgothatsa batho ba ba neng ba le kwa botshwarwa fela thata. Ba ne ba itse gore Jehofa o ne a tla ba kgaoganyetsa lefatshe ka go lekalekana le fa e ka tswa e le Baiseraele kgotsa batswakwa ba ba neng ba mo obamela. (Esera 8:20; Neh. 3:26; 7:6, 25; Isa. 56:3, 8) Gape ditaelo tseo di ne di ba netefaletsa gore batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba botlhokwa mo go ene. (Bala Hagai 2:7.) Go sa ntse go ntse jalo le gompieno, rotlhe fela re botlhokwa mo go Jehofa le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng.

16, 17. (a) Ditaelo tse Jehofa a ileng a di naya Esekiele rona di re tswela mosola jang? (b) Re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang?

16 Ditaelo tseno tse Jehofa a ileng a di naya Esekiele, rona di re tswela mosola jang? Di re gopotsa gore re tshwanetse go tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi ka go lekalekana le gore re tshwanetse go utlwana. Jehofa ga a na tlhaolele. Ka jalo re tshwanetse go ipotsa go re: ‘A ke tsaya batho ka go lekalekana fela jaaka Jehofa? A ke tlotla Bakeresetemmogo le nna botlhe, le fa e ka tswa e le ba lotso lofe kgotsa maemo a bone a botshelo e le afe?’ (Bar. 12:10) Re lebogela go bo Jehofa a re neile tshono ya gore re nne mo paradaiseng ya tshwantshetso e a re neileng yone. Mo lefatsheng leno, re obamela Jehofa ka pelo yotlhe e bile re amogela masego a a tswang kwa go ene.​—Bagal. 3:26-29; Tshen. 7:9.

A re tsaya batho ka go lekalekana e bile re a ba tlotla fela jaaka Jehofa? (Bona serapa 15 le 16)

17 Mma jaanong re tlotle ka tsholofetso ya bonê, ya gore Jehofa o ne a tla nna le batho ba gagwe ba ba neng ba le kwa botshwarwa. Re ka ithuta eng mo tsholofetsong eno? Re tla bona karabo mo kgaolong e e latelang.

a Go bona gore Jehofa o neile baperesiti le dikgosana tsa mo motlheng ono kabelo efe, bona Kgaolo 14 ya buka eno.