Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lekwalo le le Tswang Kwa Setlhopheng se se Laolang

Lona ba lo Ratang Jehofa:

Ka 1971, batho ba ba neng ba le kwa Kopanong ya Kgaolo ya setlhogo se se reng, “Divine Name” ba ne ba itumelele go amogela dikgatiso di le mmalwa. Buka ya Ngwaga ya 1972 ya Seesemane, e ne ya re dikgatiso tseo “e ne e le sengwe se batho ba neng ba sa se lebelela.” Fa mokaulengwe mongwe a ne a bua ka nngwe ya dikgatiso tseo o ile a re: “Ga re ise re ko re nne le kgatiso e e kgatlhang thata jaana e e buang ka dilo tse di sa ntseng di tla tla.” O ne a bua ka kgatiso efe? E ne e le buka ya setlhogo se se reng “The Nations Shall Know That I Am Jehovah”​—How? Mme goreng batho ba ne ba itumeletse buka eno thata jaana? Ka gonne e ne e tlhalosa boporofeti jwa ga Esekiele ka tsela e e tokafaditsweng. Boporofeti joo bo bua ka se se tla diragalelang batho mo nakong e e tlang.

Fa e sale buka ya ‘Know Jehovah’ e gololwa, batho ba ba direlang Modimo ba ne ba oketsega fela thata. Ka nako eo ba ne ba le dimilione di ka nna 1,5 mme gone jaanong ba dimilione di feta 8. (Isa. 60:22) Batlhanka bano ba ga Jehofa ba bua dipuo tse di farologaneng di feta 1 000. (Seka. 8:23) Bontsi jwa bone ga ba ise ba ko ba bale buka e e tlhalosang boporofeti jwa ga Esekiele.

Mo godimo ga moo, fa e sale go tloga ka 1971, lesedi le nna le phatsima go ya pele. Ka jalo, tsela e re tlhaloganyang dithuto di le dintsi mo Baebeleng ka yone e fetogile. (Diane 4:18) Ka 1985, re ne ra simolola go tlhaloganya gore ke eng fa go twe ba “dinku tse dingwe” ba siame e bile ke ditsala tsa Modimo. (Joh. 10:16; Bar. 5:18; Jak. 2:23) Go tswa foo, ka 1995, re ne ra simolola go tlhaloganya gore “dinku le dipodi” di tla atlholwa la bofelo ka “pitlagano e kgolo.” (Math. 24:21; 25:31, 32) Dilo tseno tsotlhe di ile tsa fetola tsela e re tlhaloganyang buka ya Esekiele ka yone.

“Morwa motho, leba ka kelotlhoko, reetsa ka tlhoafalo, mme o ele tlhoko sengwe le sengwe se ke se go bontshang, ka gonne ke lone lebaka la go bo o tlisitswe fano.”​—ESEKIELE 40:4

Bosheng jaana, lesedi le ntse le tsweletse le phatsimela pele. Akanya ka dilo tse re di ithutileng mo ditshwantshong tsa ga Jesu. Gone jaanong re tlhaloganya bontsi jwa ditshwantsho tseo botoka. Bontsi jwa tsone bo bua ka dilo tse di tla diregang ka pitlagano e kgolo e e ntseng e atamela ka bonako. Ka tsela e e tshwanang, tsela e re tlhaloganyang boporofeti bongwe jo bo mo bukeng jwa Esekiele ka yone e tokafaditswe. Boporofeti joo bo akaretsa jo bo buang ka Gogo wa Magogo (kgaolo 38 le 39), monna yo o tshwereng lonaka lwa enke (kgaolo 9), jo bo buang ka mokgatšha wa marapo a a omeletseng le jo bo buang ka go kopanngwa ga dithobane tse pedi. (kgaolo 37). Tsela e re tlhaloganyang boporofeti jono ka yone gone jaanong, e emisetsa se se neng se kwadilwe mo bukeng ya ‘Know Jehovah.’

Ka jalo, batho ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba botsa gore, “Buka e e tokafaditsweng e e tlhalosang boporofeti jwa ga Esekiele e tla gololwa leng?” Ke gone ka moo go ileng ga kwalwa buka eno ya setlhogo se se reng Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang! Fa o ntse o e bala e bile o akanyetsa kwa teng ka ditshwantsho tse di kgatlhang tse di dirisitsweng mo go yone, o tla lemoga gore go ile ga tsewa matsapa ga ba ga dirwa dipatlisiso fa go ne go kwalwa buka eno. Re ile ra rapela thata ra ba ra akanyetsa kwa teng gore re kgone go tlhaloganya gore ke eng fa Jehofa a ile a tlhotlheletsa Esekiele gore a kwale buka eno. Re ile ra akanyetsa dipotso tse di tshwanang le tseno: Ke dilo dife tse di kwadilweng mo bukeng eo tse di neng di kwalelwa batho ba motlha wa ga Esekiele le batho ba ba tshelang mo motlheng ono? Ke boporofeti bofe jo bo buang ka dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang? A re tshwanetse go batla go bona gore boporofeti jo bo mo bukeng ya ga Esekiele bo tshwantshetsa eng? Dikarabo tsa dipotso tseno di re thusa go tlhaloganya buka eno ya Baebele e rotlhe re itumelelang go e bala.

Fa o ntse o bala buka ya Esekiele, ga go pelaelo gore o tlile go kgatlhiwa ke karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa. Gape o tla kgatlhiwa ke melao e Jehofa a e beetseng ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng, ba ba batlang go mo obamela ka tsela e e mo itumedisang. Buka eno ya Jehofa o a Obamelwa, e tla go thusa gore o lebogele se Jehofa a se diretseng batho ba gagwe le se a tla ba direlang sone mo nakong e e tlang. Fa o ntse o bala buka eno, o tla lemoga gore go nna go gatelelwa dintlha tse pedi. Sa ntlha, fa re batla go itumedisa Jehofa, re tshwanetse go itse le go dumela gore ke ene Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe. Sa bobedi, re tshwanetse go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang e bile re tshwanetse go tshela ka melao ya gagwe.

Re solofela gore kgatiso eno e tla go thusa gore o ikemisetse go obamela Jehofa ka tsela e e tlotlomatsang leina la gagwe le le boitshepo. Gape e kete e ka go thusa gore o nne o letetse nako ya fa ditšhaba tsotlhe di tla bo di itse gore Jehofa ke ene Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe.​—Esek. 36:23; 38:23.

Re eletsa gore Jehofa, Rraarona yo o re ratang a segofatse matsapa a o a tsayang go tlhaloganya buka e a tlhotlheleditseng moporofeti Esekiele go e kwala.

Bakaulengwe ba lona,

Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa