Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 118

Ba Ngangisana ka Gore ke Mang yo Mogolo

Ba Ngangisana ka Gore ke Mang yo Mogolo

MATHAIO 26:31-35 MAREKO 14:27-31 LUKE 22:24-38 JOHANE 13:31-38

  • JESU O BA KGALEMELELA GO RATA MAEMO

  • O BOLELELAPELE GORE PETERE O TLA MO ITATOLA

  • BALATEDI BA GA JESU BA BONWA KA LORATO

Mo maitseboeng a bofelo Jesu a na le baaposetoloi ba gagwe, o ne a ba ruta thuto ya botlhokwa thata ya go nna boikokobetso ka go ba tlhapisa dinao. Goreng a tlhoka go dira jalo? O tlhoka go dira jalo ka ntlha ya bokoa jo baaposetoloi bano ba nang le jone. Ba ineetse mo Modimong, le fa go ntse jalo ba sa ntse ba tshwenyega thata ka gore ke mang yo mogolo mo go bone. (Mareko 9:33, 34; 10:35-37) Bokoa jono bo bonala gape mo maitseboeng ano.

Baaposetoloi ba “ngangisana mo go botlhoko ka kgang ya gore ke mang yo mogolo mo go bone.” (Luke 22:24) Jesu o tshwanetse a bo a utlwisiwa botlhoko ke go ba bona ba ngangisana gape! O dira eng?

Go na le gore a ba omanyetse tsela e ba akanyang ka yone le e ba itshwarang ka yone, o bua le bone a le pelotelele a re: “Dikgosi tsa ditšhaba di busa batho ka tsela e ba batlang go ba busa ka yone, e bile balaodi ba bidiwa ka maina a a kgethegileng. Le fa go ntse jalo, lona ga lo a tshwanela go nna jalo. . . . Tota ke ofe yo mogolo, a ke yo o ntseng fa tafoleng a ja kgotsa yo o mo fang dijo?” Go tswa foo o ba gopotsa ka sekao se a tlholang a ba tlhomela sone, a re: “Mme nna ke modiredi wa lona.”—Luke 22:25-27.

Le fa gone baaposetoloi bano ba na le makoa, ba ntse ba eme Jesu nôkeng fa a lebana le dikgwetlho. Ka jalo o ba raya a re: “Ke dira kgolagano le lona gore lo tle lo buse le nna mo bogosing, fela jaaka Rre a dirile kgolagano le nna.” (Luke 22:29) Banna bano ke balatedi ba ga Jesu ba ba ikanyegang. O ba tlhomamisetsa gore ka ntlha ya kgolagano e a e dirang le bone, ba tla busa le ene mo Bogosing.

Le fa gone ba na le tsholofelo eno e e itumedisang, e sa ntse e le batho ba ba nang le boleo. Jesu o ba raya a re: “Satane o dirile ka natla gore a lo gape lotlhe mme a lo fefere jaaka korong,” e e gasamang fa e ntse e feferwa. (Luke 22:31) Gape o ba tlhagisa jaana: “Lona lotlhe lo tla ntlhanogela ka ntlha ya se se tla ntiragalelang mo bosigong jono, ka gonne go kwadilwe jaana: ‘Ke tla itaya modisa, mme dinku tsa letsomane di tla gasama.’”—Mathaio 26:31; Sekarea 13:7.

Petere o bua jaana a tlhatswegile pelo: “Le fa ba bangwe botlhe ba ka go tlhanogela ka ntlha ya se se tla go diragalelang, nna ga nkitla ke go tlhanogela!” (Mathaio 26:33) Jesu o bolelela Petere gore pele ga mokoko o lela makgetlo a le mabedi, Petere o tla bo a mo itatotse. Mme gone, Jesu o oketsa jaana: “Ke go rapeletse ka tlhoafalo gore o se ka wa felelwa ke tumelo; mme le wena, fela fa o sena go boa, o nonotshe bakaulengwe ba gago.” (Luke 22:32) Le fa go ntse jalo, Petere o bua jaana a le pelokgale: “Tota le fa nka tshwanelwa ke go swa le wena, ga nkitla ke go itatola.” (Mathaio 26:35) Baaposetoloi ba bangwe le bone ba bua se se tshwanang.

Jesu o ba raya a re: “Ke na le lona ka lobakanyana. Lo tla mpatla; mme fela jaaka ke ne ka raya Bajuda ke re, ‘Kwa ke yang gone ga lo ka ke lwa tla gone,’ jaanong le lona ke lo bolelela se se tshwanang.” Go tswa foo o oketsa a re: “Ke lo naya taelo e ntšha ya gore lo ratane; fela jaaka ke lo ratile, le lona lo tshwanetse go ratana. Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.”—Johane 13:33-35.

Fa Petere a utlwa Jesu a re o tla nna le bone ka lobakanyana, o mmotsa jaana: “Morena, o ya kae?” Jesu o mo araba a re: “Ga o ka ke wa kgona go tsamaya le nna kwa ke yang teng gone jaanong, mme o tla tla moragonyana.” Petere o mo raya a re: “Morena, ke ka ntlha yang fa nka se kgone go tsamaya le wena gone jaanong? Ke ikemiseditse go go swela.”—Johane 13:36, 37.

Jaanong Jesu o bua ka nako ya fa a ne a romela baaposetoloi gore ba ye go rera kwa Galalea ba sa tshola mabanta a a tsenyang madi kgotsa kgetsana ya dijo. (Mathaio 10:5, 9, 10) O ba botsa jaana: “A lo ne lwa tlhoka sengwe fa ke ne ke lo roma?” Ba mo araba ba re: “Nnyaa!” Mme gone ba tshwanetse go dira eng mo malatsing a a tlang? O ba laela jaana: “Mme jaanong a yo o nang le kgetsana ya madi a e tseye, le yo o nang le kgetsana ya dijo a e tseye, mme a yo o se nang tšhaka a rekise seaparo sa gagwe sa ka fa ntle a e reke. Ke a lo bolelela, lekwalo le le reng, ‘O ne a balelwa mo bathong ba ba bosula’ le tshwanetse go diragadiwa mo go nna. Gonne dilo tse di kwadilweng ka nna di a diragala.”—Luke 22:35-37.

Jesu o bua ka nako ya fa a tla bo a kokotelwa mo koteng go bapa le batho ba ba bosula. Morago ga moo, balatedi ba gagwe ba tla bogisiwa botlhoko. Baaposetoloi ba gagwe ba akanya gore ba ipaakanyeditse seo, ka jalo ba mo raya ba re: “Morena, bona ditšhaka tse pedi ke tseno.” O ba raya a re: “Di lekane.” (Luke 22:38) E re ka ba na le ditšhaka tse pedi, go ise go ye kae seo se tla naya Jesu tshono ya gore a ba rute thuto e nngwe gape ya botlhokwa.