KGAOLO 108
Jesu o Kgoreletsa Leano la Baganetsi ba Gagwe
MATHAIO 22:15-40 MAREKO 12:13-34 LUKE 20:20-40
-
DUELANG KAESARA DILO TSA GA KAESARA
-
A BATHO BA TLA NYALA MORAGO GA TSOGO?
-
DITAELO TSA BOTLHOKWA THATA
Baba ba ga Jesu ba kgopisegile. O sa tswa go dira ditshwantsho tse di senolang bosula jwa bone. Jaanong Bafarasai ba loga leano la go mo tshwara ka mafoko. Ba batla gore a bue sengwe se se ka dirang gore ba mo tshware mme ba mo ise kwa molaoding wa Moroma, ka jalo ba duela bangwe ba balatedi ba bone gore ba mo leke.—Luke 6:7.
Ba mo raya ba re: “Moruti, re a itse gore o bua sentle e bile o ruta sentle, gape ga o na tlhaolele, mme o ruta boammaaruri ka Modimo: A go siame gore re duele Kaesara lekgetho kgotsa nnyaa?” (Luke 20:21, 22) Jesu ga a tsiediwe ke mafoko ano a bone a boitimokanyi le a boferefere. Fa a ka re ‘Nnyaa, ga go a siama go duela lekgetho,’ a ka latofadiwa ka gore o tsuologela puso ya Roma. Mme fa a ka re: ‘Ee, go siame gore lo duele lekgetho,’ batho bano ba ba sa batleng go laolwa ke puso ya Roma, ba ka nna ba se ka ba mo tlhaloganya sentle ba bo ba mo tlhasela. Jaanong o ba araba jang?
O ba raya a re: “Ke ka ntlha yang fa lo nteka, baitimokanyi ke lona? Mpontsheng ledi la tshipi la lekgetho.” Ba mo tlisetsa denario, go tswa foo a bo a ba raya a re: “Setshwantsho seno le mokwalo ono ke tsa ga mang?” Ba mo araba ba re: “Ke tsa ga Kaesara.” Jaanong Jesu o ba araba ka botlhale a re: “Ka jalo, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme lo duele Modimo dilo tsa Modimo.”—Mathaio 22:18-21.
Banna bano ba gakgamadiwa ke se Jesu a se buang. Karabo ya gagwe e ba tswetse melomo. Ba
a tsamaya, mme gone maiteko a go batla go mo tshwara ga a ise a fele. Fa maiteko a Bafarasai a sena go itaya sefololetse, baeteledipele ba setlhopha se sengwe sa bodumedi ba tla mo go Jesu.Basadukae, ba ba dumelang gore ga go na tsogo ya baswi, ba mmotsa potso e e amanang le tsogo ya baswi le go nyala seyantlo. Ba re: “Moruti, Moshe o ne a re: ‘Fa monna a swa a se na bana, morwarraagwe o tshwanetse go nyala mosadi wa gagwe gore a tsholele morwarraagwe bana.’ Jaanong go ne go na le banna ba le supa e le bana ba motho. Wa ntlha o ne a nyala a bo a swa, mme e re ka a ne a se na bana, morwarraagwe o ne a nyala mosadi wa gagwe. Go ne ga direga jalo le ka wa bobedi le wa boraro, go fitlha ka wa bosupa. Morago ga moo, mosadi yoo le ene a swa. Ka jalo fa baswi ba tsosiwa, o tla nna mosadi wa ga mang mo go ba ba supa bano? Ka gonne botlhe ba ne ba mo nyetse.”—Mathaio 22:24-28.
Jesu o ba araba a dirisa mekwalo ya ga Moshe e Basadukae ba e dumelang, a re: “Ga lo itse Dikwalo e bile ga lo itse maatla a Modimo. Ke lone lebaka la go bo lo fositse. Ka gonne fa batho ba tsosiwa mo baswing, banna ga ba kitla ba nyala e bile basadi ga ba kitla ba nyalwa, mme ba tla bo ba tshwana le baengele kwa legodimong. A lo ne lwa se ka lwa bala se se kwadilweng mo bukeng ya ga Moshe ka tsogo ya baswi mo pegong e e buang ka setlhatshana se se mmitlwa, fa Modimo a ne a mo raya a re: ‘Ke nna Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe’? Ga se Modimo wa baswi, mme ke wa batshedi. Ka jalo, ruri lo fositse.” (Mareko 12:24-27; Ekesodo 3:1-6) Batho ba bantsitsi ba ba leng foo ba gakgamadiwa ke karabo eo.
Jesu o tswetse Bafarasai le Basadukae melomo, mme jaanong ditlhopha tseno tse pedi di a ikopanya gore di mo leke. Mongwe wa bakwadi o mmotsa jaana: “Moruti, taelo ya botlhokwa thata mo Molaong ke efe?”—Mathaio 22:36.
Jesu o mo araba a re: “Ya ntlha ke e e reng, ‘Utlwa, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela, mme o tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.’ Ya bobedi ke e e reng, ‘O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’ Ga go na taelo epe e nngwe e kgolo go feta tseno.”—Mareko 12:29-31.
Fa mokwadi yono a utlwa karabo ya ga Jesu, o araba jaana: “Moruti, o buile sentle go dumalana le boammaaruri, ‘Ene o Mongwe fela, e bile ga go na ope yo mongwe kwantle ga gagwe’; mme go mo rata ka pelo yotlhe, le ka tlhaloganyo yotlhe, le ka nonofo yotlhe, le go rata moagelani jaaka motho a ithata go botlhokwa thata go feta go ntsha ditlhabelo tse di fisiwang di feletse le ditlhabelo tse dingwe.” E re ka Jesu a bona gore o arabile ka botlhale, o mo raya a re: “Ga o kgakala thata le Bogosi Jwa Modimo.”—Mareko 12:32-34.
Jesu o feditse malatsi a mararo (Nisane 9, 10 le 11) a ruta mo tempeleng. Batho bangwe ba ba jaaka mokwadi yono, ba ntse ba itumelela go mo reetsa. Mme ga go a nna jalo ka baeteledipele ba bodumedi, ba gone jaanong ba se nang ‘sebete sa go tlhola ba mmotsa dipotso.’