Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 107

Kgosi e Biletsa Balalediwa Kwa Moketeng wa Lenyalo

Kgosi e Biletsa Balalediwa Kwa Moketeng wa Lenyalo

MATHAIO 22:1-14

  • SETSHWANTSHO SA MOKETE WA LENYALO

Fa Jesu a tloga a wetsa bodiredi jwa gagwe, o tswelela a dira ditshwantsho tse di senolang bakwadi le baperesiti ba bagolo. Ke gone ka moo ba batlang go mmolaya. (Luke 20:19) Mme gone, Jesu o sa ntse a tla tswelela a ba senola. O dira setshwantsho se sengwe gape, a re:

“Bogosi jwa magodimo bo ka tshwantshiwa le kgosi e e neng ya direla morwaayone mokete wa lenyalo. E ne ya roma batlhanka ba yone go ya go bitsa ba ba neng ba laleditswe kwa moketeng wa lenyalo, mme ba ne ba sa batle go tla.” (Mathaio 22:2, 3) Jesu o simolola setshwantsho sa gagwe ka go umaka “Bogosi jwa magodimo.” Ga go pelaelo gore “kgosi” ke Jehofa Modimo. Mme gone, morwa kgosi le ba ba laleditsweng go tla moketeng wa lenyalo ke bomang? Le mo ntlheng eno, ga go thata go lemoga gore morwa kgosi, ke Morwa wa ga Jehofa, ene yo o dirang setshwantsho seno. Gape ga go thata go tlhaloganya gore ba ba laleditsweng, ke ba ba tla busang le Morwa mo Bogosing jwa magodimo.

Ke bomang ba ntlha go lalediwa? Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ntse ba rerela bomang ka Bogosi? Ba ntse ba rerela Bajuda. (Mathaio 10:6, 7; 15:24) Setšhaba seno se ne sa amogela kgolagano ya Molao ka 1513 B.C.E., mme ka ntlha ya seo e ne ya nna bone ba ntlha go bulegelwa ke tshono ya go nna ‘bogosi jwa baperesiti.’ (Ekesodo 19:5-8) Mme gone, ba ne ba tla bidiwa leng gore ba tle “moketeng wa lenyalo”? Go a utlwala go dumela gore taletso eo e ne ya tswa ka 29 C.E. fa Jesu a ne a simolola go rera ka Bogosi jwa magodimo.

Mme Baiseraele ba le bantsi ba ne ba tsibogela taletso eo jang? Jaaka Jesu a ile a bua, “ba ne ba sa batle go tla.” Bontsi jwa baeteledipele ba bodumedi le batho ba bangwe, ba ne ba sa dumele gore Jesu ke ene Mesia le gore ke Kgosi e e tlhophilweng ke Modimong.

Le fa go ntse jalo, Jesu o tlhalosa gore Bajuda ba ne ba tla newa tshono e nngwe gape, a re: “[Kgosi] e ne ya roma batlhanka ba bangwe gape, ya re, ‘Bolelelang ba ba laleditsweng lo re: “Ke baakantse dijo, ke tlhabile dipoo tsa me le diphologolo tse di nonneng, mme sengwe le sengwe se siame. Tlang moketeng wa lenyalo.”’ E re ka ba ne ba sa kgathale ba ne ba tsamaya, yo mongwe a ya kwa tshimong ya gagwe, yo mongwe a ya kwa kgwebong ya gagwe; mme ba bangwe bone ba ne ba tshwara batlhanka bao ba kgosi, ba ba itaya ba bo ba ba bolaya.” (Mathaio 22:4-6) Seno se dumalana le se se neng se tla direga fa phuthego ya Bokeresete e tlhomiwa. Ka nako eo, Bajuda ba ne ba sa ntse ba na le tshono ya go nna karolo ya Bogosi, le fa go ntse jalo bontsi jwa bone ga ba a ka ba amogela taletso eo, tota e bile ba ne ba bogisa ‘batlhanka ba kgosi.’—Ditiro 4:13-18; 7:54, 58.

Setšhaba seno se ile sa diragalelwa ke eng? Jesu a re: “Kgosi eno e ne ya shakgala mme ya roma masole a yone gore a bolaye babolai bao le gore a fise motse wa bone.” (Mathaio 22:7) Ke sone se se neng sa diragalela Bajuda ka 70 C.E. fa Baroma ba ne ba senya “motse wa bone,” e leng Jerusalema.

A kgang ya go bo ba ganne taletso ya kgosi e raya gore go ne go ka se lalediwe batho ba bangwe gape? Setshwantsho sa ga Jesu ga se tlhalose jalo. O tswelela a re: “Go tswa foo [kgosi] e ne ya raya batlhanka ba yone ya re, ‘Sengwe le sengwe se rulagantswe, mme ba ba neng ba laleditswe ga ba tshwanelege go nna teng. Ka jalo, yang kwa ditseleng tse dikgolo tsa motse, mme ope fela yo lo mmonang lo mo laletse go tla mo moketeng wa lenyalo.’ Foo batlhanka bao ba ne ba ya kwa ditseleng mme ba phutha batho botlhe ba ba neng ba ba bona, ba ba bosula le ba ba siameng; mme phaposi ya moletlo wa lenyalo e ne ya tlala batho ba ba tlileng dijong.”—Mathaio 22:8-10.

Se se kgatlhang ke gore, moragonyana moaposetoloi Petere o ne a tla simolola go thusa batho ba e seng Bajuda gore ba nne Bakeresete ba boammaaruri. Ka 36 C.E., mookamedi wa masole a Roma yo o bidiwang Korenelio le ba lelapa la gagwe, ba ne ba amogela moya o o boitshepo wa Modimo, mme ba ne ba nna le tshono ya go nna karolo ya Bogosi jwa magodimo, jo Jesu a ileng a bua ka jone.—Ditiro 10:1, 34-48.

Jesu o tlhalosa gore ga se botlhe ba ba tlang moketeng oo ba kwa bofelong ba tla amogelwang ke “kgosi.” A re: “Fa kgosi e tla go tlhatlhoba balalediwa, e ne ya bona monna mongwe yo o sa aparang seaparo sa lenyalo. Ka jalo, e ne ya mo raya ya re, ‘Mogaetsho, o tsene jang fano o sa apara seaparo sa lenyalo?’ O ne a didimala fela. Foo kgosi e ne ya raya batlhanka ba yone ya re, ‘Mmofeng diatla le dinao mme lo mo latlhele kwa ntle kwa lefifing. Fa a le koo o tla bokolela a bo a phuranya meno a gagwe.’ Gonne go na le ba le bantsi ba ba laleditsweng, le fa go ntse jalo, go tlhophilwe ba le mmalwa.”—Mathaio 22:11-14.

Baeteledipele ba bodumedi ba ba reeditseng Jesu, ba ka tswa ba sa tlhaloganye bokao jwa se a se buang. Le fa go ntse jalo, ga ba a itumela e bile ba ikemiseditse le go feta go bolaya motho yono yo o ba tlontlololang.