Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 132

“Eleruri Monna Yono E ne E le Morwa Modimo”

“Eleruri Monna Yono E ne E le Morwa Modimo”

MATHAIO 27:45-56 MAREKO 15:33-41 LUKE 23:44-49 JOHANE 19:25-30

  • JESU O SWELA MO KOTENG

  • GO DIREGA DILO TSE DI SA TLWAELEGANG FA JESU A SWA

Ke “mo e ka nnang ka 12:00 motshegare.” Go nna lefifi le le sa tlwaelegang “mo nageng eo yotlhe . . . go fitlha ka 3:00 motshegare.” (Mareko 15:33) Lefifi leno le le tshosang, ga le bakiwe ke go fifala ga letsatsi. Go fifala ga letsatsi go direga ka nako ya ngwedi yo mosha, mme gone jaanong ke paka ya Tlolaganyo, e leng nako ya ngwedi yo o tletseng. Lefifi leno le tsaya lobaka lo loleele lo lo fetang lwa go fifala ga letsatsi mo go tsayang metsotso e le mmalwa. Ka jalo, Modimo ke ene a dirileng gore go nne le lefifi leno!

Akanya fela gore seno se ama jang batho ba ba ntseng ba sotla Jesu. Mo nakong eno e go leng lefifi, basadi ba le banê ba atamela kota ya tlhokofatso. Basadi bano ke mmaagwe Jesu, Salome, Marea Magadalena le Marea mmaagwe moaposetoloi Jakobe yo Mmotlana.

Moaposetoloi Johane o na le mmaagwe Jesu yo o hutsafetseng mme ba eme ‘go bapa le kota ya tlhokofatso.’ Marea o lebile morwawe yo a neng a mo tshola a bo a mo godisa a kokotetswe mo koteng a le mo botlhokong jo bo ngomolang pelo. Go ntse jaaka e kete Marea ‘o tlhabiwa ka tšhaka e telele.’ (Johane 19:25; Luke 2:35) Le fa gone Jesu a le mo botlhokong jo bogolo joo, o akantse ka gore mmaagwe o tla tlhokomelwa jang. O leka ka thata go supa Johane ka tlhogo a bo a raya mmaagwe a re: “Mosadi, bona morwao!” Go tswa foo o supa Marea ka tlhogo a bo a raya Johane a re: “Bona mmago!”—Johane 19:26, 27.

Jesu o naya moaposetoloi yono yo a mo ratang thata boikarabelo jwa go tlhokomela mmaagwe, yo gone jaanong go bonalang e le motlholagadi. Jesu o a itse gore bomorwarraagwe ga ba ise ba dumele mo go ene. Ka jalo, o dira dithulaganyo tsa gore mmaagwe a tlhokomelwe ka dilo tse a di tlhokang le tse di tla mo thusang gore a tswelele a na le tumelo e e nonofileng. Ruri seno ke sekao se se molemo!

Fa lefifi leno le tloga le fela, Jesu a re: “Ke nyorilwe.” Fa a rialo, o diragatsa se se mo dikwalong. (Johane 19:28; Pesalema 22:15) Jesu o lemoga gore ka tsela nngwe, Rraagwe ga a tlhole a mo sireleditse gore boikanyegi jwa gagwe bo lekwe ka botlalo. Keresete o goa ka puo ya Searamaika e gongwe e neng e buiwa kwa Galalea, a re: “Eli, Eli, lama sabakathani?” mo go rayang, “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetse eng?” Bangwe ba ba emeng foo ga ba utlwe sentle se a se buang, ka jalo ba re: “Utlwang! O bitsa Elija.” Mongwe wa bone o a taboga, o ina sepontšhe mo beineng e e botšarara, o se tlhomela mo lotlhakeng a bo a nosa Jesu. Mme ba bangwe ba re: “Mo tlogeleng! A re boneng gore a Elija o tla tla go mo folosa.”—Mareko 15:34-36.

Jaanong Jesu o goa a re: “Go diragaditswe!” (Johane 19:30) Tota o diragaditse dilo tsotlhe tse Rraagwe a neng a mo rometse gore a tle go di dira mo lefatsheng. Kwa bofelong, Jesu a re: “Rara, ke tlogelela moya wa me mo diatleng tsa gago.” (Luke 23:46) Ka jalo, Jesu o neela Jehofa botshelo jwa gagwe, a tlhatswegile pelo gore o tla mo tsosa. Fa Keresete a sena go bua jalo, o oba tlhogo a bo a swa.

Ka yone nako eo, go nna le thoromo e kgolo ya lefatshe, e e phatlolang mafika. E maatla thata mo e leng gore mabitla a a kwa ntle ga Jerusalema a a bulega mme ditopo di bo di tswela kwa ntle. Batho ba ba fetang ka tsela ba ba bonang ditopo tseo ba tsena “mo motseng o o boitshepo” ba bo ba bega se ba se boneng.—Mathaio 12:11; 27:51-53.

Fa Jesu a swa, sesiro se seleele se se kgaoganyang lefelo le le Boitshepo le lefelo la Boitshepo Jwa Maitshepo mo tempeleng ya Modimo, se gagoga ka bogare go tswa kwa godimo go ya kwa tlase. Tiragalo eno e e gakgamatsang e bontsha gore Modimo o galefetse batho ba ba bolaileng Morwawe e bile e bontsha gore jaanong go a kgonega go tsena mo lefelong la Boitshepo Jwa Maitshepo, e leng kwa legodimong.—Bahebera 9:2, 3; 10:19, 20.

Go a utlwala go bo batho ba tshoga. Modiredi wa masole yo o le teng foo fa Jesu a bolawa, a re: “Eleruri monna yono e ne e le Morwa Modimo.” (Mareko 15:39) A ka tswa a ne a le teng fa Pilato a ne a sekisa Jesu fa go ne go buiwa kgang ya gore a tota Jesu ke morwa Modimo. Jaanong o tlhatswegile pelo gore Jesu ke monna yo o siameng le gore tota ke Morwa Modimo.

E re ka batho ba bangwe ba amilwe maikutlo ke ditiragalo tseno, ba boela gae “ba ititaya dihuba” e le go bontsha gore ba hutsafetse le gore ba tlhabilwe ke ditlhong. (Luke 23:48) Mo bathong ba ba lebeletseng ditiragalo tseno ba le kgakajana, go na le basadi ba le bantsi ba e leng barutwa ba ga Jesu ba ba neng ba tle ba tsamaye le ene. Le bone ba hutsafaditswe ke ditiragalo tseno fela thata.