Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 123

Jesu o Rapela a Hutsafetse Thata

Jesu o Rapela a Hutsafetse Thata

MATHAIO 26:30, 36-46 MAREKO 14:26, 32-42 LUKE 22:39-46 JOHANE 18:1

  • JESU O KWA TSHINGWANENG YA GETHESEMANE

  • MOFUFUTSO WA GAGWE O NNA JAAKA MADI

Jesu o sa tswa go fetsa go rapela le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang. Go tswa foo, ‘fa ba sena go opela dipako, ba a tswa ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware.’ (Mareko 14:26) Ba ya kwa botlhaba kwa tshingwaneng e e bidiwang Gethesemane, kwa Jesu a tlwaetseng go ya gone.

Fa ba goroga mo lefelong leno le le kgatlhang, le le nang le ditlhare tsa motlhware, Jesu o tlogela baaposetoloi ba gagwe ba le robedi kwa morago. Gongwe ba sala gaufi le kgoro ya tshingwana, ka gonne o ba raya a re: “Nnang fa fatshe fano, nna ke ya fale ke ya go rapela.” O tsaya Petere, Jakobe le Johane a bo a ya kwa teng ga tshingwana. O tshwenyega fela thata a bo a raya baaposetoloi bano ba bararo a re: “Ke tshwenyegile fela thata. Nnang fano, lo nne lo disitse le nna.”—Mathaio 26:36-38.

O tsamaya sekgalanyana go tswa fa go bone, ‘o a khubama a bo a simolola go rapela.’ Ke eng se a se kopang mo Modimong mo nakong eno e e thata? O rapela a re: “Rara, dilo tsotlhe di a kgonega mo go wena; tlosa senwelo seno mo go nna. Le fa go ntse jalo, a go se ka ga direga thato ya me, mme go direge thato ya gago.” (Mareko 14:35, 36) Tota o kaya eng ka mafoko ano? A ga a batle go diragatsa seabe sa gagwe sa go nna Morekolodi? Nnyaa!

Fa Jesu a ne a le kwa legodimong, o ne a tlhola a bona kafa batho ba ba neng ba bolawa ke Baroma ba neng ba boga ka gone. E re ka gone jaanong Jesu e le motho yo o nang le maikutlo e bile a kgona go utlwa botlhoko, ga a itumelele se se tlileng go mo diragalela. Le fa go ntse jalo sa botlhokwa thata, o mo botlhokong jo bo ngomolang pelo ka gonne o a itse gore tsela e a tlileng go swa ka yone jaaka senokwane se se nyatsegang, e ka nna ya tlisa kgobo mo leineng la ga Rraagwe. Mo diureng di se kae, o tla bo a kokotelwa mo koteng jaaka e kete o tlhapaditse Modimo.

Fa a sena go rapela ka lobaka lo loleele, o boela kwa baaposetoloing ba gagwe ba bararo mme o ba fitlhela ba robetse. O raya Petere a re: “A lo ne lo ka se nne lo disitse le nna ura e le nngwe fela? Nnang lo disitse e bile lo rapele lo sa kgaotse, gore lo tle lo se ka lwa tsena mo thaelong.” Jesu o a lemoga gore baaposetoloi ba gagwe le bone ba ngomogile pelo e bile go setse go le bosigo. Ka jalo o ba raya a re: “Gone moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.”—Mathaio 26:40, 41.

Go tswa foo, o ba tlogela lekgetlo la bobedi a ya go rapela a kopa Modimo gore a tlose “senwelo seno” mo go ene. Fa a boa, o fitlhela baaposetoloi bano ba bararo ba robetse gape, ka nako e ba tshwanetseng go ka bo ba rapela gore ba se ka ba tsena mo thaelong. Fa Jesu a bua le bone, ga ba “itse gore ba mo arabe ba reng.” (Mareko 14:40) O ba tlogela gape lekgetlo la boraro a ya go rapela.

Jesu o tshwenyegile thata ka gore tsela e a tlileng go swa ka yone jaaka senokwane, e tlile go tlisa kgobo mo leineng la ga Rraagwe. Mme gone, Jehofa o utlwa dithapelo tseno tsa ga Morwawe a bo a romela moengele gore a tle go mo nonotsha. Le fa go ntse jalo, Jesu ‘o tswelela a rapela Rraagwe ka pelo yotlhe.’ O tshwenyegile thata. Ruri Jesu o imetswe tota! Botshelo jwa gagwe jo bo sa khutleng le jwa batho ba ba dumelang mo go ene, bo mo kotsing. Tota e bile, ‘mofufutso wa gagwe o nna jaaka madi a rothela fa fatshe.’—Luke 22:44.

Fa Jesu a boa lekgetlo la boraro, o fitlhela baaposetoloi bano ba robetse gape. O ba raya a re: “Eno ga se nako ya gore lo bo lo robetse e bile lo ikhuditse. Nako ya gore Morwa motho a tsenngwe mo diatleng tsa baleofi e gorogile. Emang, a re tsamayeng. Bonang, yo o nthekisitseng o gorogile.”—Mathaio 26:45, 46.