Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 109

Jesu o Kgala Baganetsi ba Gagwe

Jesu o Kgala Baganetsi ba Gagwe

MATHAIO 22:41–23:24 MAREKO 12:35-40 LUKE 20:41-47

  • KERESETE KE MORWA MANG?

  • JESU O SENOLA BOITIMOKANYI JWA BAGANETSI BA GAGWE

Baganetsi ba ga Jesu ga ba kgone go mo senya leina kgotsa go mo tshwara ka mafoko gore ba mo tsenye mo diatleng tsa Baroma. (Luke 20:20) Fa Jesu a ntse a le mo tempeleng ka Nisane 11, maemo a a fetoga. Jaanong ke ene a ba botsang dipotso e bile o ba senolela gore tota ke ene mang. O ba botsa jaana: “Lo akanya eng ka Keresete? Ke morwa mang?” (Mathaio 22:42) Go a itsege gore Keresete kgotsa Mesia, o tshwanetse go tswa mo losikeng lwa ga Dafide. Ke yone karabo e ba mo nayang yone.—Mathaio 9:27; 12:23; Johane 7:42.

Jesu o ba botsa jaana: “Jaanong go tla jang go bo Dafide a mmitsa Morena, a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo a re, ‘Jehofa o ne a raya Morena wa me a re: “Nna ka fa seatleng sa me sa moja go fitlha ke dira gore baba ba gago ba nne ka fa tlase ga dinao tsa gago”’? Jaanong, fa e le gore Dafide o mmitsa Morena, go tla jang gore e bo e le morwawe?”—Mathaio 22:43-45.

Bafarasai ba a didimala, ka gonne ba solofetse gore setlogolwana sa ga Dafide se se tla ba gololang mo kgatelelong ya Baroma, ke motho wa nama le madi. Mme gone, Jesu o dirisa mafoko a ga Dafide a a mo go Pesalema 110:1, 2, go ba bontsha gore Mesia e ka se nne mmusi fela yo o tlwaelegileng. Ke Morena wa ga Dafide, mme fa a sena go nna ka fa seatleng sa moja sa Modimo, o tla simolola go busa. Karabo eno ya ga Jesu e ba tswala melomo.

Barutwa ba gagwe le batho ba bangwe ba bantsi, ba ntse ba mo reeditse. Jaanong Jesu o bua le bone, a ba tlhagisa ka bakwadi le Bafarasai. Banna bano “ba ipeile mo setulong sa ga Moshe” ka go ruta Molao wa Modimo. Jesu o laela bareetsi ba gagwe jaana: “Dilo tsotlhe tse ba di lo bolelelang, lo di dire e bile lo di ikobele, mme lo se ka lwa dira se ba se dirang, ka gonne ba a bua mme ga ba dire se ba se buang.”—Mathaio 23:2, 3.

Go tswa foo, Jesu o naya sekai se se bontshang gore ke baitimokanyi, a re: “Ba oketsa dikgetsinyana tse di nang le dikwalo tse ba di rwalang . . . e le go itshireletsa.” Bajuda bangwe ba ne ba tsaya dikgetsinyana tseno tse di nang le dikwalo tse go kwadileng ditemana tse dikhutshwane tsa Molao wa ga Moshe mo go tsone, ba bo ba di rwala mo phatleng kgotsa mo letsogong. Bafarasai bone ba dira gore dikgetsinyana tseno tsa bone di nne dikgolwane ka gonne ba batla gore batho ba tseye gore ba rata Molao thata. Gape “ba dira gore makgabe a diaparo tsa bone a nne maleele.” Baiseraele ba ne ba laetswe gore ba dire makgabe mo diaparong tsa bone, mme jaanong Bafarasai bone ba tlhomamisa gore makgabe a diaparo tsa bone a nna maleele thata. (Dipalo 15:38-40) Ba dira dilo tseno tsotlhe “gore ba bonwe ke batho.”—Mathaio 23:5.

Balatedi ba ga Jesu le bone ba ka nna le keletso eno ya go rata maemo, ka jalo o ba gakolola jaana: “Lo se ka lwa bidiwa Rabi, ka gonne Moruti wa lona o mongwe fela, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, ka gonne Rraalona o mongwe fela, yo o kwa legodimong. E bile lo se ka lwa bidiwa baeteledipele, ka gonne Moeteledipele wa lona o mongwe fela, e bong Keresete.” Jaanong barutwa bano ba tshwanetse go iteba jang le go dira dilo jang? O ba raya a re: “Yo mogolo thata mo go lona o tshwanetse go nna modiredi wa lona. Ope fela yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme ope fela yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”—Mathaio 23:8-12.

Morago ga moo, Jesu o tlhalosa ditlamorago tse di tla tlelang bakwadi le Bafarasai bano ba baitimokanyi, a re: “Ruri lo tla lebana le ditlamorago tse di botlhoko lona bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi! ka gonne lo tswalela batho dikgoro tsa Bogosi jwa magodimo; ka gonne lona ga lo tsene, mme ba ba reng ba a tsena ga lo ba letlelele go tsena.”—Mathaio 23:13.

Jesu o kgala Bafarasai ka gonne ga ba tlotle dilo tse Jehofa a di tsayang di le botlhokwa thata, mme ba bontsha seo ka tsela e ba dirang dilo ka yone. Ka sekai, ba bua jaana: “Fa motho a ikana ka tempele, ga go re sepe; mme fa motho a ikana ka gauta ya tempele, o ipofile.” Ka jalo, ba bontsha gore ba foufetse ka tsela ya tshwantshetso, ka gonne ba tsaya gauta e le botlhokwa thata go feta tempele e ba obamelang Jehofa mo go yone, e ba ka bonang thuso ya go atamalana le ene kwa go yone. Gape ba “itlhokomolositse dilo tse di botlhokwa thata tsa Molao, e leng tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.”—Mathaio 23:16, 23; Luke 11:42.

Jesu o bitsa Bafarasai a re ke ‘bagogi ba ba foufetseng, ba ba ntshang montsana ba bo ba metsa kamela!’ (Mathaio 23:24) Ba ntsha montsana mo beineng ya bone ka gonne go ya ka Molao wa ga Moshe, tshenekegi eno e itshekologile. Le fa go ntse jalo, tsela e ba itlhokomolosang dilo tse di botlhokwa thata tsa Molao ka yone, e tshwana le go kometsa kamela, e leng phologolo e le yone e e itshekologileng go ya ka Molao, mme gone e le kgolo thata.—Lefitiko 11:4, 21-24.