Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 120

Barutwa ba Tshwanetse go Ungwa Maungo

Barutwa ba Tshwanetse go Ungwa Maungo

JOHANE 15:1-27

  • SETLHARE SA BOAMMAARURI SA MORARA LE DIKALA

  • KAFA BA KA NNELANG RURI KA GONE MO LORATONG LWA GA JESU

Jesu o ntse a kgothatsa baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang e bile a ba bulela mafatlha. Nako e setse e ile, gongwe ke morago ga bosigogare. Jaanong o ba bolelela setshwantsho se se kgothatsang.

O ba raya a re: “Ke nna setlhare sa boammaaruri sa morara, mme Rre ke modiri wa mo tshimong.” (Johane 15:1) Setshwantsho seno se tshwantshetsa se se sa bolong go buiwa dingwaga di le dintsi ka setšhaba sa Iseraele, ka gonne setšhaba seno se ne se bidiwa morara wa ga Jehofa. (Jeremia 2:21; Hosea 10:1, 2) Le fa go ntse jalo, Jehofa o latlha setšhaba seno. (Mathaio 23:37, 38) Ka jalo, Jesu o bua kgang nngwe e ntšha. Ke ene setlhare sa morara se Rraagwe a ntseng a se tlhokometse fa e sale a mo tlotsa ka moya o o boitshepo ka 29 C.E. Mme gone Jesu o bontsha gore setlhare seno ga se tshwantshetse ene fela, a re:

“[Rre] O kgaola kala nngwe le nngwe e e mo go nna e e sa ungweng, mme o phepafatsa nngwe le nngwe e e ungwang, gore e tle e ungwe maungo a a oketsegileng. . . . Fela jaaka kala e ka se ka ya ungwa maungo ka boyone fela e se mo morareng, le lona ga lo ka ke lwa ungwa fa lo sa tswelele lo le seoposengwe le nna. Nna ke setlhare sa morara; lona lo dikala.”—Johane 15:2-5.

Jesu o solofeditse barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang gore fa a sena go tsamaya, o tla ba romelela mothusi, e leng moya o o boitshepo. Malatsi a le 51 moragonyana, fa baaposetoloi le ba bangwe ba amogela moya oo, ba ne ba nna dikala tsa setlhare sa morara. Mme “dikala” tseno tsotlhe di tla tshwanelwa ke go tswelela di le seoposengwe le Jesu. Ka boikaelelo bofe?

O tlhalosa jaana: “Ope fela yo o tswelelang a le seoposengwe le nna, le nna ke le seoposengwe le ene, o tla ungwa maungo a mantsi; gonne ga lo ka ke lwa dira sepe gotlhelele kwantle ga me.” “Dikala” tseno, e leng balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang, ba tla ungwa maungo a mantsi, ka go etsa dinonofo tsa ga Jesu, ka go bua le ba bangwe ka Bogosi Jwa Modimo ba tlhagafetse, le ka go dira barutwa ba ba oketsegileng. Go tla direga eng fa mongwe wa bone a sa tswelele a le seoposengwe le Jesu e bile a sa ungwe maungo? Jesu o tlhalosa jaana: “Fa mongwe a sa tswelele a le seoposengwe le nna, o tshwana le kala e e kgaotsweng e bo e omelela.” Ka fa letlhakoreng le lengwe Jesu a re: “Fa lo tswelela lo le seoposengwe le nna e bile lo ikobela mafoko a me, lo ka kopa sepe fela se lo se batlang mme lo tla se newa.”—Johane 15:5-7.

Jaanong Jesu o boela kwa kgannyeng e a kileng a e bua makgetlo a mabedi a a fetileng ya go boloka ditaelo tsa gagwe. (Johane 14:15, 21) O tlhalosa tsela ya botlhokwa e barutwa ba ka bontshang ka yone gore ba dira jalo, a re: “Fa lo ikobela ditaelo tsa me, lo tla nnela ruri mo loratong lwa me, fela jaaka nna ke ikobetse ditaelo tsa ga Rara mme ka nnela ruri mo loratong lwa gagwe.” Le fa go ntse jalo, ga go a lekana go rata Jehofa Modimo le Morwawe. Jesu a re: “Taelo ya me ke gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile. Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta motho yo o ntshang botshelo jwa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe. Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laelang.”—Johane 15:10-14.

Mo diureng di se kae, Jesu o tla bontsha lorato ka go ntshetsa batho botlhe ba ba dumelang mo go ene botshelo jwa gagwe. Sekao sa gagwe se tshwanetse go tlhotlheletsa balatedi ba gagwe gore ba ratane ka lorato loo lwa go intsha setlhabelo. Ba tla bonwa ka lorato loo fela jaaka Jesu a ile a bua pelenyana a re: “Fa lo ratana, batho botlhe ba tla lemoga gore lo barutwa ba me.”—Johane 13:35.

Baaposetoloi bano ba tshwanetse go ela tlhoko gore Jesu o ba bitsa “ditsala.” O tlhalosa lebaka la go bo a re ke ditsala tsa gagwe, a re: “Ke lo bitsa ditsala, ka gonne ke lo boleletse dilo tsotlhe tse ke di utlwileng kwa go Rre.” Ruri jono ke botsala jo bo kgethegileng tota, go nna ditsala tse di atamalaneng le Jesu le go itse se Rraagwe a mmoleletseng sone. Le fa go ntse jalo, gore ba itumelele botsala joo ba tshwanetse go tswelela ba “ungwa maungo.” Jesu a re fa ba dira jalo, ‘sepe fela se ba se kopang Rara ka leina la gagwe, o tla se ba naya.’—Johane 15:15, 16.

Lorato lo barutwa ba gagwe ba ba tshwantshiwang le “dikala” ba ratanang ka lone, lo tla ba thusa gore ba itshokele se se larileng kwa pele. O ba tlhagisa gore lefatshe le tlile go ba tlhoa, le fa go ntse jalo o ba gomotsa jaana: “Fa lefatshe le lo tlhoile, lo gopole gore le ne la ntlhoa pele ga le tlhoa lona. Fa lo ka bo lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla lo rata. E re ka jaanong lo se karolo ya lefatshe, . . . jaanong lefatshe le lo tlhoile.”—Johane 15:18, 19.

Jesu o ba tlhalosetsa lebaka la gore ke eng fa lefatshe le tlile go ba tlhoa, a re: “Ba tla lo dira dilo tseno tsotlhe ka ntlha ya leina la me, ka gonne ga ba itse Ene yo o nthomileng.” Tota Jesu o tlhalosa gore dikgakgamatso tse a ntseng a di dira, di atlhola batho ba ba mo tlhoileng, a re: “Fa nkabo ke sa tla mme ka bua le bone, ba ka bo ba se na boleo. Mme jaanong ga ba na seipato sa boleo jwa bone. Ope fela yo o ntlhoileng o tlhoile le Rre.” Tota e bile letlhoo la bone le diragatsa boporofeti.—Johane 15:21, 24, 25; Pesalema 35:19; 69:4.

Jesu o ba solofetsa gape gore o tla ba romelela mothusi, e leng moya o o boitshepo. Moya oo o tla thusa balatedi botlhe ba gagwe gore ba ungwe maungo kgotsa ba ‘bolelele ba bangwe’ ka ga gagwe.—Johane 15:27.