Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 116

Jesu o Tlhapisa Baaposetoloi Ba Gagwe Dinao

Jesu o Tlhapisa Baaposetoloi Ba Gagwe Dinao

MATHAIO 26:20 MAREKO 14:17 LUKE 22:14-18 JOHANE 13:1-17

  • JESU O JA TLOLAGANYO YA GAGWE YA BOFELO LE BAAPOSETOLOI

  • O RUTA THUTO YA BOTLHOKWA KA GO BA TLHAPISA DINAO

Petere le Johane ba setse ba gorogile kwa Jerusalema go ya go baakanyetsa Tlolaganyo. Moragonyana Jesu le baaposetoloi ba bangwe ba ba lesome, le bone ba ya Jerusalema. Go maitseboa mme letsatsi le setse le dikela fa Jesu le barutwa ba gagwe ba fologa Thaba ya Lotlhware. Leno ke lekgetlo la bofelo Jesu a bona motse ono a le fano, mme o tla o bona gape fa a sena go tsosiwa mo baswing.

Go ise go ye kae, Jesu le barutwa ba goroga mo motseng ba bo ba ya kwa legaeng le ba yang go jela Tlolaganyo kwa go lone. Ba palama ditepisi ba ya kwa phaposing e kgolo e e kwa godimo. Ba fitlhela sengwe le sengwe se baakantswe gore ba jele foo ba le nosi. Jesu ga a bolo go letela tiragalo eno, ke gone ka moo a ba rayang a re: “Ke eleditse thata go ja Tlolaganyo eno le lona pele ga ke boga.”—Luke 22:15.

Dingwaga di le dintsi tse di fetileng, go ne ga simololwa mokgwa wa go fetisa dinwelo tsa beine mo bathong ba ba tlileng Tlolaganyong. Jaanong fa Jesu a sena go amogela sengwe sa dinwelo tseo, o a rapela a bo a re: “Tsayang, mme lo nwe lotlhe go tswa mo go sone, gonne ke a lo bolelela, go tloga jaanong ga nkitla ke tlhola ke nwa sepe se se dirilweng ka morara go fitlha Bogosi Jwa Modimo bo tla.” (Luke 22:17, 18) Ga go pelaelo gore loso lwa gagwe lo atametse.

Fa ba ntse ba ja Tlolaganyo, go direga sengwe se se sa tlwaelegang. Jesu o a ema, o beela diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle kwa thoko a bo a tsaya toulo. Go tswa foo, o tshela metsi mo sekotleleng. Go tlwaelegile gore motho yo o laleditseng baeng, a tlhomamise gore ba tlhapisiwa dinao, gongwe ba tlhapisiwa ke motlhanka. (Luke 7:44) Mo lekgetlong leno ga ba a lalediwa ke ope, ka jalo Jesu o ithaopela go dira tiro eo. Mongwe wa baaposetoloi o ne a ka nna a ithaopela go ba tlhapisa dinao, mme ga go na ope wa bone yo o ithaopelang go dira jalo. A ke ka gonne ba sa ntse ba na le moya wa go gaisana? Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, ba tlhabiwa ke ditlhong go bona Jesu a ba tlhapisa dinao.

Fa Jesu a fitlha fa go Petere, Petere o mo raya a re: “Ga nkitla ke go letla o ntlhapisa dinao.” Jesu o mo raya a re: “Fa ke sa go tlhapise, o ka se kgone go nna le nna.” Simone Petere o mo raya a re: “Morena, o se ka wa ntlhapisa dinao fela, mme o ntlhapise le diatla le tlhogo.” Le fa go ntse jalo, o tshwanetse a bo a gakgametse fa Jesu a mo raya a re: “Ope fela yo o setseng a tlhapile, mmele wa gagwe otlhe o phepa, ka jalo, o tlhoka go tlhapisiwa dinao fela. Mme lona lo phepa, le fa go ntse jalo, e seng lona lotlhe.”—Johane 13:8-10.

Jesu o tlhapisa dinao tsa baaposetoloi botlhe, go akaretsa le dinao tsa ga Judase Isekariota. Fa a sena go apara diaparo tsa gagwe tsa ka fa ntle a bo a nna mo tafoleng gape, o ba botsa jaana: “A lo tlhaloganya se ke neng ke se dira mo go lona? Lo mpitsa ‘Moruti’ le ‘Morena,’ mme lo nepile, ka gonne ke ene. Ka jalo, fa ke le Morena e bile ke le Moruti mme ke ile ka lo tlhapisa dinao, le lona lo tshwanetse go tlhapisana dinao. Gonne ke lo tlhometse sekao, gore fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse go dira jalo. Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe, e bile motho yo o romilweng ga a mogolo go feta yo o mo romileng. Fa lo itse dilo tseno, lo tla itumela fa lo di dira.”—Johane 13:12-17.

Eno ke thuto e e molemo tota ya go nna boikokobetso! Balatedi ba ga Jesu ga ba a tshwanela go rata maemo, go itsaya ba le botlhokwa le go akanya gore ba tshwanetse go direlwa dilo. Go na le moo, ba tshwanetse go latela sekao sa ga Jesu, e seng ka ngwao ya tlhapisana dinao, mme ba dire jalo ka go iketleeletsa go direla ba bangwe ba le boikokobetso e bile ba sa tlhaole ope.