Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 96

Jesu o Araba Mmusi yo Mmotlana wa Mohumi

Jesu o Araba Mmusi yo Mmotlana wa Mohumi

MATHAIO 19:16-30 MAREKO 10:17-31 LUKE 18:18-30

  • MONNA WA MOHUMI O BOTSA GORE A KA BONA JANG BOTSHELO JO BO SA KHUTLENG

Jesu o sa ntse a tsamaya a raletse Perea a ya kwa Jerusalema. Lekawana lengwe la mohumi le tabogela kwa go ene le bo le khubama fa pele ga gagwe. Lekawana leno ke “mongwe wa babusi,” gongwe ke modiredi yo o okametseng sinagoge kgotsa ke leloko la Sanehederine. O botsa Jesu a re: “Moruti yo o Molemo, ke eng se ke tshwanetseng go se dira gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?”—Luke 8:41; 18:18; 24:20.

Jesu o mo araba a re: “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa yo o molemo? Ga go na ope yo o molemo, fa e se Modimo fela.” Lekawana leno le ka tswa le dirisa lefoko “molemo” e le go mo tlotla, e leng se borabi ba se dirang. Le fa gone Jesu e le morutisi yo o molemo, o thusa lekawana leno go lemoga gore sereto se se reng “Molemo” se tshwanetse Modimo fela.

Jesu o mo raya a re: “Fa o batla go bona botshelo, ikobele ditaelo ka metlha.” Lekawana le mmotsa jaana: “Dife?” Jesu o umaka ditaelo di le tlhano mo Melaong e e Lesome, tse di amanang le go bolaya motho, go dira boaka, go utswa, go ntsha bosupi jwa maaka le go tlotla batsadi. Go tswa foo, o oketsa ka taelo eno ya botlhokwa thata: “O tshwanetse go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.”—Mathaio 19:17-19.

Lekawana leno le araba jaana: “Ke dirile dilo tseno tsotlhe; ke sa ntse ke tlhaela eng?” (Mathaio 19:20) A ka tswa a akanya gore o tlhaela go dira tiro nngwe e e tlhomologileng e e molemo, e e tla dirang gore a tshwanelege go bona botshelo jo bo sa khutleng. E re ka Jesu a lemoga gore o botsa a tiisitse, ‘o tlhotlheletsega go mo rata.’ (Mareko 10:21) Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se kgoreletsang monna yono.

Lekawana leno le rata dithoto tsa lone thata, ka jalo Jesu o mo raya a re: “Go na le selo se le sengwe se se tlhaelang ka wena: Tsamaya o ye go rekisa dilo tse o nang le tsone o bo o abela bahumanegi madi a tsone, mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong; mme o tle o nne molatedi wa me.” Tota lekawana leno le ka kgona go abela bahumanegi madi a le nang le one, ba ba ka se kang ba kgona go mo duela, a bo a nna morutwa wa ga Jesu. Jesu a ka tswa a mo tlhomogela pelo fa a mmona a ema a bo a tsamaya a utlwile botlhoko. Go rata dikhumo kgotsa ‘dithoto tse dintsi tse a nang le tsone’ go dira gore a se ka a bona letlotlo la mmatota. (Mareko 10:21, 22) Jesu a re: “Ruri go tla nna thata tota gore ba ba nang le madi ba tsene mo Bogosing Jwa Modimo!”—Luke 18:24.

Barutwa ba gakgamadiwa ke mafoko ano le a Jesu a a buang morago ga moo fa a re: “Go motlhofo gore kamela e tsene mo phatlheng ya nnale e e rokang go na le gore monna yo o humileng a tsene mo Bogosing Jwa Modimo.” Seno se dira gore barutwa ba botse jaana: “Tota ke mang yo o ka bolokwang?” A go bolokwa go thata go le kalo mo motho a ka se kang a kgona go go fitlhelela? Jesu o ba tlhoma matlho a bo a ba araba a re: “Dilo tse di sa kgonegeng mo bathong, di a kgonega mo Modimong.”—Luke 18:25-27.

Petere o bontsha gore ba dirile tshwetso e e sa tshwaneng le ya lekawana leno la mohumi, a re: “Re tlogetse dilo tsotlhe mme ra go sala morago; jaanong re tla boelwa ke eng?” Jesu o umaka gore tshwetso ya bone e e siameng e tla felela jang ka go bua jaana: “Fa dilo tsotlhe di dirwa disha, le fa Morwa motho a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang, lona ba lo ntshetseng morago lo tla nna mo ditulong tsa bogosi tse 12, lo atlhola ditso tse 12 tsa Iseraele.”—Mathaio 19:27, 28.

Go bonala sentle gore Jesu o akantse ka se se tla diregang mo lefatsheng mo nakong e e tlang, fa dilo tsotlhe di dirwa disha gore di nne jaaka di ne di ntse kwa tshimong ya Edene. Petere le barutwa ba bangwe ba tla newa tuelo ya go busa lefatshe leo la Paradaise ba na le Jesu, e leng tuelo e e ka se lekaneng le sepe se ba ka tswang ba se tlogetse kwa morago!

Mme gone, ga se gore ba tla itumelela masego mo nakong e e tlang fela. Ba itumelela masego a mangwe le gone jaanong. Jesu a re: “Ga go na ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa mosadi kgotsa bomorwarraagwe kgotsa batsadi kgotsa bana ka ntlha ya Bogosi Jwa Modimo, yo o se kitlang a amogela go le gontsi thata mo nakong eno, mme mo nakong e e tlang o tla amogela botshelo jo bo sa khutleng.”—Luke 18:29, 30.

Gongwe le gongwe kwa barutwa bano ba yang gone, ba itumelela botsala le badumedimmogo le bone; botsala jo bo gaufi thata e bile bo le tlhwatlhwakgolo go gaisa jo maloko a lelapa a itumelelang jone. Ka maswabi, go bonala mmusi yono wa mohumi a tlile go latlhegelwa ke tshono ya go bona masego ao, mmogo le tuelo ya go tshela kwa legodimong a le karolo ya Bogosi Jwa Modimo.

Jesu o oketsa jaana: “Mme ba le bantsi ba ntlha e tla nna ba bofelo, mme ba bofelo e tla nna ba ntlha.” (Mathaio 19:30) O raya jang?

Mmusi yono yo mmotlana wa mohumi ke mongwe wa “ba ntlha,” ka gonne ke mongwe wa baeteledipele ba Bajuda. E re ka a ikobela ditaelo tsa Modimo, go na le tsholofelo ya gore a ka nna morutwa, e bile go lebeletswe mo gontsi mo go ene. Le fa go ntse jalo, o beile dikhumo le dithoto kwa pele ga sengwe le sengwe mo botshelong jwa gagwe. Go farologana le ene, batho ba maemo a a kwa tlase bone ba bona dithuto tsa ga Jesu di le boammaaruri e bile e le tsela e e isang botshelong. Go ka twe ke bone ba e ntseng e le “ba bofelo,” mme jaanong e nna “ba ntlha.” Ba ka leba pele go nna mo ditulong tsa bogosi kwa legodimong ba na le Jesu mme ba busa lefatshe la Paradaise.