Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 84

Go Nna Morutwa go Masisi go le Kana Kang?

Go Nna Morutwa go Masisi go le Kana Kang?

LUKE 14:25-35

  • SE MOTHO A TLHOKANG GO SE DIRA GORE A NNE MORUTWA

Jesu o sa tswa go ruta dithuto dingwe tsa botlhokwa fa a ne a laleditswe go ya go ja kwa ntlong ya moeteledipele wa Bafarasai. Fa Jesu a le mo loetong a ya Jerusalema, batho ba le bantsi ba tsamaya le ene. Goreng? A tota ba kgatlhegela go nna barutwa ba gagwe le fa gone ba tla tlhoka go di dira dilo dingwe?

Fa ba ntse ba tsamaya, Jesu o bua sengwe se se ka tswang se gakgamatsa bontsi jwa bone, a re: “Fa mongwe a batla go nna morutwa wa me o tshwanetse go nthata go feta rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana ba gagwe, bomogolowe le bomonnawe, tota le botshelo jwa gagwe. Go seng jalo ga a ka ke a nna morutwa wa me.” (Luke 14:26) Mme gone o raya jang?

Jesu ga a reye gore batho botlhe ba ba batlang go nna barutwa ba gagwe ba tshwanetse go tlhoa ba masika a bone ka tsela ya mmatota. Go na le moo, o raya gore ba tshwanetse go ba tlhoa ka tsela ya gore ba se ka ba ba rata go feta kafa ba mo ratang ka gone. Ba se ka ba tshwana le monna wa mo setshwantshong yo o neng a laleditswe kwa dijong tsa maitseboa a bo a sa amogele taletso eo ka gonne a sa tswa go nyala. (Luke 14:20) Go tlhalosiwa gore Rremogolo wa Bajuda e bong Jakobe o ne a “tlhoile” Lea mme a rata Ragele, se se rayang gore o ne a rata Ragele thata go feta Lea.—Genesise 29:31; ntlha e e kwa tlase.

Ela tlhoko gore Jesu a re morutwa o tshwanetse go tlhoa “le botshelo jwa gagwe.” Seno se raya gore morutwa wa mmatota o tshwanetse go rata Jesu go feta kafa a ratang botshelo jwa gagwe ka gone, tota e bile o tshwanetse go ikemisetsa go swa fa go tlhokega. Go bonala sentle gore go nna morutwa wa ga Keresete ke boikarabelo jo bo masisi. Ga bo a tshwanela go tsewa motlhofo, motho o tshwanetse go bo akanyetsa ka kelotlhoko.

Go nna morutwa go ka akaretsa go lebana le mathata le go bogisiwa, ka gonne Jesu a re: “Ope fela yo o sa tseyeng kota ya gagwe ya tlhokofatso a bo a ntshala morago, ga a ka ke a nna morutwa wa me.” (Luke 14:27) Ka jalo, morutwa wa mmatota wa ga Jesu o tshwanetse go ikemisetsa go kgobiwa, fela jaaka Jesu a ne a kgobiwa. Jesu o ile a bo a re o tlile go bolawa ke baba ba gagwe.

Ka jalo, batho bano ba ba tsamayang le Jesu ba tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko se go nna morutwa wa ga Keresete go se kayang. Jesu o gatelela ntlha eno ka go dira setshwantsho. A re: “Ka sekai, ke mang mo go lona yo e ka reng fa a batla go aga tora a bo a sa nne fa fatshe pele a bala ditshenyegelo, gore a bone gore a o na le madi a a lekaneng go e wetsa? Go seng jalo, a ka nna a thaya motheo wa yone mme a bo a sa kgone go e fetsa.” (Luke 14:28, 29) Ka jalo, pele ga batho bano ba ka nna barutwa, ba tshwanetse ba bo ba dirile tshwetso ya gore ba tla diragatsa boikarabelo jono ka botlalo. O gatelela ntlha eno ka go dira setshwantsho se sengwe gape, a re:

“Ke kgosi efe e e reng fa e ya go tlhabana le kgosi e nngwe e bo e sa nne fa fatshe pele e batla kgakololo ya gore a e tla kgona go fenya ntwa ka masole a le 10 000 mme e ya go tlhabana le kgosi e e tlang ka masole a le 20 000? Tota e bile, fa e lemoga gore e ka se kgone go dira jalo, e tla re kgosi e nngwe e sa ntse e le kgakala thata, yone e tla roma setlhopha sa baemedi e ya go kopa gore ba agisane.” Jesu o gatelela ntlha eno jaana: “Ka tsela e e tshwanang, itseng gore ope wa lona yo o ka se kang a tlogela dilo tsa gagwe tsotlhe ga a ka ke a nna morutwa wa me.”—Luke 14:31-33.

Gone ke boammaaruri gore Jesu ga a a lebisa mafoko ano mo bathong bano ba ba tsamayang le ene fela. Batho botlhe ba ba ithutang ka Keresete, ba tshwanetse go ikemisetsa go dira se a se buang fano. Seno se raya gore fa e le gore ba batla go nna barutwa ba gagwe, ba tshwanetse go iketleeletsa go itima sengwe le sengwe, e leng dithoto tsa bone tota le go latlhegelwa ke matshelo a bone. Seno ke se motho a tshwanetseng go se akanyetsa le go rapela ka sone.

Jaanong Jesu o bua ka kgang e nngwe e a ileng a bua ka yone mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng fa a ne a re barutwa ba gagwe ke “letswai la lefatshe.” (Mathaio 5:13) A ka tswa a ne a raya gore fela jaaka letswai le sireletsa dijo gore di se ka tsa bola, barutwa ba gagwe ba ne ba tla ama batho ka tsela e e siameng, ba ba sireletsa gore ba se ka ba bola ka tsela ya tshwantshetso le gore ba se ka ba nna le boitshwaro jo bo sa siamang. E re ka jaanong a le gaufi le go wetsa bodiredi jwa gagwe, a re: “Eleruri, letswai le molemo. Mme fa letswai le tswapoga, le tla lokiwa ka eng?” (Luke 14:34) Bareetsi ba gagwe ba a itse gore letswai lengwe le le neng le le teng ka nako eo le ne le sa siama. Le ne le kopane le dilo dingwe tse di neng di dira gore le se ka la siamela go dirisiwa.

Ka jalo, Jesu o bontsha gore tota le batho ba ba sa bolong go nna barutwa ba gagwe, ga ba a tshwanela go letla tumelo ya bone e koafala. Fa seo se ne se ka direga, ba ne ba ka se nne le mosola fela jaaka letswai le le tswapogileng. Batho ba ne ba tla ba sotla. Mo godimo ga moo, ba ne ba ka se tshwanelege fa pele ga Modimo e bile ba ne ba ka dira gore leina la gagwe le gogwe mo seretseng. Jesu o gatelela botlhokwa jwa go tila seo ka go ba raya a re: “A yo o nang le ditsebe a reetse.”—Luke 14:35.