Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 87

Bonela Dilo Kwa Pele​—⁠Bontsha Gore o Botlhale

Bonela Dilo Kwa Pele​—⁠Bontsha Gore o Botlhale

LUKE 16:1-13

  • SETSHWANTSHO SA MOLEBEDI YO O SA SIAMANG

  • ‘ITIRELE DITSALA’ KA DIKHUMO TSE O NANG LE TSONE

Setshwantsho sa morwa yo o latlhegileng se Jesu a sa tswang go bua ka sone, se tshwanetse sa bo se bontshitse bakgethisi, bakwadi le Bafarasai gore Modimo o iketleeleditse go itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang. (Luke 15:1-7, 11) Jaanong Jesu o bua le barutwa ba gagwe. O dira setshwantsho se sengwe, mme mo lekgetlong leno o bua ka monna yo o humileng yo o utlwang gore mookamedi wa ntlo ya gagwe kgotsa molebedi, o ntse a sa dire dilo sentle.

Jesu o tlhalosa gore molebedi yono o latofadiwa ka gore ga a tshware dithoto tsa mong wa gagwe sentle. Ka jalo, mong wa molebedi yono o mmolelela gore o tlile go felelwa ke tiro. Molebedi yono o ipotsa jaana: “Ke tla dira eng, ka gonne mong wa me o ntlosa mo tirong ya go nna molebedi? Ga ke na maatla a go epa, e bile go kopa go ntlhabisa ditlhong.” E le gore a ipaakanyetse se se larileng kwa pele, o swetsa jaana: “Ke a itse gore ke tla dirang, gore fa ke tlosiwa mo tirong ya bolebedi batho ba tle ba nkamogele mo magaeng a bone.” Ka yone nako eo o bitsa batho botlhe ba ba kolotang mong wa gagwe a bo a ba botsa jaana: “O kolota mong wa me eng?”—Luke 16:3-5.

Wa ntlha o mo araba a re: “Leokwane la motlhware la dilekanyo di le 100.” Seo ke selekanyo sa dilitara di le 2 200. Motho yono yo o kolotang leokwane a ka tswa a ne a na le tshimo e kgolo ya ditlhare tsa motlhware, kgotsa e le mogwebi yo o rekisang leokwane. Molebedi o mo raya a re: “Tsaya lekwalo la gago lwa molato mme o kwale fa fatshe gore o kolota tse 50 [dilitara di le 1 100].”—Luke 16:6.

Molebedi o botsa yo mongwe a re: “Jaanong wena o kolota eng?” O araba a re: “Korong ya dilekanyo tse dikgolo di le 100.” Seo ke selekanyo sa dilitara di le 22 000. Molebedi o mo raya a re: “Tsaya lekwalo la gago la molato mme o kwale gore o kolota tse 80.” Ka jalo, o fokotsa molato wa monna yono ka diperesente di le 20.—Luke 16:7.

Molebedi yono o sa ntse a okametse matlotlo a mong wa gagwe; ka tsela nngwe o na le taolo ya go fokotsa melato e batho ba e kolotang mong wa gagwe. O fokotsa melato eo e le gore a itirele ditsala le batho bano gore fa a tlosiwa mo tirong ba kgone go mo thusa.

Fa nako e ntse e ya, mong wa molebedi yono o utlwa se se diragetseng. Le fa gone seo se tla dira gore mong a latlhegelwe, o kgatlhiwa ke se molebedi yono a se dirileng mme o a mo akgola ka gonne ‘le fa gone a sa siama, o ne a bontsha ka ditiro gore o botlhale.’ Jesu o oketsa jaana: “Batho ba lefatshe leno ba botlhale go gaisa batho ba ba mo leseding ka tsela e ba dirisanang le ba bangwe ka yone.”—Luke 16:8.

Jesu ga a mpampetse se molebedi yono a se dirileng e bile ga a kgothaletse gore batho ba nne boferefere fa ba dira kgwebo. Mme jaanong o batla go tlhalosa ntlha efe? O rotloetsa barutwa ba gagwe jaana: “Itireleng ditsala lo dirisa dikhumo tse di sa siamang, gore fa dikhumo tseo di fela, di tle di lo tsenye mo mafelong a bonno a bosakhutleng.” (Luke 16:9) Thuto ya botlhokwa fano ke ya go bonela dilo kwa pele le go bontsha ka ditiro gore o botlhale. Batlhanka ba Modimo, e leng “batho ba ba mo leseding,” ba tlhoka go dirisa dithoto tsa bone ka botlhale ba akantse ka botshelo jo bo sa khutleng.

Jehofa Modimo le Morwawe ke bone fela ba ba ka tsenyang motho mo Bogosing jo bo kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng la Paradaise. Re tshwanetse go leka ka natla go itirela botsala le bone ka go dirisa dithoto tsa rona go ema nôkeng dilo tse di direlwang Bogosi. Fa re dira jalo, re tla tlhatswega pelo gore re tla nna le botsala jo bo nnelang ruri fa gauta, selefera le dithoto tse dingwe di fela kgotsa di nyelela.

Gape Jesu a re batho ba ba tlhokomelang dikhumo kgotsa dithoto tsa bone e bile ba di dirisa ka boikanyegi, ba tla ikanyega fa ba newa maikarabelo a go tlhokomela dilo tsa botlhokwa thata. Jesu a re: “Ka jalo, fa lo paletswe ke go ikanyega mo Modimong ka tsela e lo dirisang dikhumo tse di sa siamang ka yone, ke mang yo o tla lo nayang boikarabelo jwa dikhumo tsa boammaauri [tse di jaaka dilo tse di direlwang Bogosi]?”—Luke 16:11.

Jesu o bontsha barutwa ba gagwe gore go tla lebelelwa go le gontsi mo go bone fa e le gore ba batla go tsena “mo mafelong a bonno a bosakhutleng.” Motho ga a ka ke a kgona go nna motlhanka wa Modimo mme gape a bo a nna motlhanka wa dikhumo tse di sa siamang. Jesu o konela jaana: “Ga go na motlhanka ope yo o ka direlang beng ba le babedi, ka gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.”—Luke 16:9, 13.