Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 43

Ditshwantsho Tse di Buang ka Bogosi

Ditshwantsho Tse di Buang ka Bogosi

MATHAIO 13:1-53 MAREKO 4:1-34 LUKE 8:4-18

  • JESU O DIRA DITSHWANTSHO TSE DI BUANG KA BOGOSI

Jesu a ka tswa a le kwa Kaperenama fa a kgala Bafarasai. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, o tswa mo ntlong a bo a ya kwa Lewatleng la Galalea, mme batho ba phuthegela kwa go ene. Jesu o palama mokoro, o o suteletsa mo metsing go se kae a bo a simolola go ruta batho ka Bogosi jwa magodimo. O ba ruta a dirisa ditshwantsho di le mmalwa. Bontsi jwa bareetsi ba gagwe ba tlwaelane le maemo kgotsa dilo tse a buang ka tsone, mme seo se dira gore go nne motlhofo gore ba tlhaloganye dikarolo tse di farologaneng tsa Bogosi.

Sa ntlha, Jesu o bua ka mojadi yo o jalang peo. Dipeo tse dingwe di wela fa thoko ga tsela di bo di jewa ke dinonyane. Tse dingwe di wela mo matlapeng, fa go se nang mmu o montsi gone. Mme fa di mela, medi ya tsone ga e ye kwa teng thata, ka jalo di fisiwa ke letsatsi di bo di swaba. Dipeo tse dingwe di wela mo mmitlweng, mme mmitlwa e a gola e bo e di hupetsa. Mme dipeo tse dingwe tsone di wela mo mmung o o molemo. Dipeo tseno di simolola go ntsha maungo, “eno go menagane ga 100, ele ga 60, e nngwe ga 30.”—Mathaio 13:8.

Mo setshwantshong se sengwe, Jesu o tshwantsha Bogosi le fa motho a jala peo. Mo lekgetlong leno, peo eno e a gola le fa motho yono a ka tswa a robetse kgotsa a tsogile. ‘Ga a itse’ gore seno se diragala jang. (Mareko 4:27) E gola ka boyone fela e bo e ntsha dijo tse motho a ka kgonang go di roba.

Jesu o dira setshwantsho sa boraro ka go jala. Motho o jala peo e e molemo, mme “fa batho ba ntse ba robetse,” mmaba o jala mefero mo gare ga korong. Batlhanka ba motho yono ba mmotsa gore a ba ye go kumola mefero eo. O ba raya a re: “Nnyaa, ke tshaba gore fa lo ntse lo phutha mefero, lo ka tloga lwa kumola le korong. Di leseng di gole mmogo go fitlha go robiwa, mme ka paka ya thobo ke tla raya barobi ke re: Phuthang mefero pele lo bo lo e bofa lo e dira dingata gore lo e je ka molelo; go tswa foo lo bo lo phuthela korong mo mabolokelong a me.”—Mathaio 13:24-30.

Batho ba le bantsi ba ba reeditseng Jesu ba tlwaelane le temo. Gape o umaka sengwe se se itsegeng thata, tlhaka e nnye ya mosetara. E gola e nna setlhare se segolo se dinonyane di kgonang go nna mo dikaleng tsa sone. O bua jaana ka peo eo: “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le tlhaka ya mosetara e motho a neng a e tsaya a bo a e jala mo tshimong ya gagwe.” (Mathaio 13:31) Mme gone, Jesu ga a ba rute go lema ditlhare. O tshwantsha kafa sengwe se ka golang ka gone ka tsela e e kgethegileng, kafa sengwe se sennye thata se kgonang go gola kgotsa go oketsega ka gone se bo se nna segolo thata.

Go tswa foo, Jesu o bua ka sengwe se bontsi jwa bareetsi ba gagwe ba se tlwaetseng thata. O tshwantsha Bogosi jwa magodimo le “sebediso se mosadi mongwe a neng a se tsaya a bo a se tlhakanya le bupi jwa dilekanyo tse dikgolo di le tharo.” (Mathaio 13:33) Le fa gone batho ba sa kgone go bona sebediso seo, se anamela mo buping jotlhe jo bo dubilweng se bo se dira gore bo bele. Se dira gore go nne le kgolo le diphetogo tse di sa lemotshegeng motlhofo.

Fa Jesu a sena go bua ditshwantsho tseno, o naya batho bao tsela a bo a boela kwa ntlong e a nnang kwa go yone. Ka bonakonyana fela, barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene, ba batla gore a ba tlhalosetse bokao jwa se a neng a bua ka sone.

BA SOLEGELWA MOLEMO KE DITSHWANTSHO TSA GA JESU

Barutwa ba kile ba utlwa Jesu a dirisa ditshwantsho, mme ga ba ise ba ke ba mo utlwe a dirisa ditshwantsho tse dintsi jaana ka nako e le nngwe. Ba mmotsa ba re: “Ke ka ntlha yang fa o bua le bone o dirisa ditshwantsho?”—Mathaio 13:10.

Lebaka lengwe la go bo a dira jalo ke ka gonne o diragatsa boporofeti jwa Baebele. Pego ya ga Mathaio e a re: “Ka metlha o ne a bua le bone a dirisa ditshwantsho, gore go tle go diragale se moporofeti mongwe a neng a se bua fa a ne a re: ‘Ke tla bula molomo wa me ke bua ditshwantsho; ke tla bolela dilo tse di fitlhilweng fa e sa le go tloga kwa tshimologong.’”—Mathaio 13:34, 35; Pesalema 78:2.

Mme go na le lebaka le lengwe la go bo a dirisa ditshwantsho. Di senola tsela e batho ba ikutlwang ka yone. Bontsi jwa bone ba kgatlhegela Jesu fela ka gonne a ba bolelela dipego tse di kgatlhang e bile a dira dikgakgamatso. Ga ba mo tseye e le Morena yo ba tshwanetseng go mo ikobela le go mo sala morago ka pelo yotlhe. (Luke 6:46, 47) Ga ba batle go fetola tsela e ba akanyang ka yone kgotsa ditiro tsa bone. Tota ga ba batle gore molaetsa wa gagwe o ame dipelo tsa bone.

Jesu o araba potso ya barutwa ba gagwe a re: “Ke gone ka moo ke buang le bone ke dirisa ditshwantsho; gonne le fa ba lebile, ga ba bone, le fa ba reeditse, ga ba utlwe, e bile ga ba tlhaloganye. Mme boporofeti jwa ga Isaia bo diragala mo go bone. Boporofeti joo jwa re: ‘. . . Pelo ya batho bano e thatafetse.’”—Mathaio 13:13-15; Isaia 6:9, 10.

Mme gone, seno ga se ame batho botlhe ba ba reeditseng Jesu. O tlhalosa jaana: “Go itumela lona ka gonne matlho a lona a a bona le ditsebe tsa lona di a utlwa. Gonne ammaaruri ke a lo bolelela, baporofeti ba le bantsi le batho ba ba siameng ba ne ba eletsa go bona dilo tse lo di bonang, le fa go ntse jalo ga ba a ka ba di bona, e bile ba ne ba eletsa go utlwa dilo tse lo di utlwang, le fa go ntse jalo ga ba a ka ba di utlwa.”—Mathaio 13:16, 17.

Baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 le barutwa ba bangwe ba ba ikanyegang, ba na le dipelo tse di reetsang. Ke gone ka moo Jesu a ba rayang a re: “Lona lo neilwe tshiamelo ya go tlhaloganya diphiri tse di boitshepo tsa Bogosi jwa magodimo, mme bone ga ba a newa tshiamelo eo.” (Mathaio 13:11) E re ka barutwa ba ga Jesu ba eletsa go tlhaloganya, o ba tlhalosetsa gore setshwantsho sa mojadi se kaya eng.

Jesu o ba raya a re: “Peo ke lefoko la Modimo.” (Luke 8:11) Mme mmu ke pelo ya motho. Eo ke tsela ya go tlhaloganya setshwantsho seo.

O tlhalosa dipeo tse di jetsweng fa thoko ga tsela fa batho ba tsamayang gone a re: “Diabolo a bo a tla a tsaya lefoko leo mo dipelong tsa bone gore ba se ka ba dumela mme ba bolokwa.” (Luke 8:12) Fa Jesu a bua ka dipeo tse di mo matlapeng, o bua ka batho ba ba amogelang lefoko ka boitumelo mme lefoko leo le bo le sa mele medi mo dipelong tsa bone. Mme ‘fa ba lebana le pitlagano kgotsa ba bogisiwa ka ntlha ya lefoko,’ ba felelwa ke tumelo. “Fa ba lebana le diteko,” gongwe ba ganediwa ke ba malapa a bone kgotsa batho ba bangwe, ba felelwa ke tumelo.—Mathaio 13:21; Luke 8:13.

Dipeo tse di wetseng mo mmitlweng tsone ke bomang? Jesu o bolelela barutwa ba gagwe gore dipeo tseno ke batho ba ba utlwileng lefoko. Le fa go ntse jalo, ba hupediwa ke “ditlhobaelo tsa botshelo jono le dikhumo tse di tsietsang ba le bantsi.” (Mathaio 13:22) Lefoko le ne le le mo dipelong tsa bone, mme jaanong le a hupediwa le bo le sa kgone go ntsha maungo.

Mmu wa bofelo o Jesu a buang ka one ke o o molemo. Mmu ono ke batho ba ba utlwang lefoko ba bo ba le amogela e bile ba le tlhaloganya. Seo se felela ka eng? Ba “ntsha maungo.” Ka ntlha ya maemo a bone a a farologaneng, a a jaaka dingwaga le botsogo, botlhe ga ba ka ke ba dira se se lekanang; yo mongwe o tla dira go menagane ga 100, yo mongwe ga 60 mme yo mongwe ga 30. Modimo o segofatsa batho “ba e reng fa ba sena go utlwa lefoko ka pelo e e molemo le e e siameng, ba le ngangatlele ba bo ba ntsha maungo le fa ba itshoketse mathata.”—Luke 8:15.

Ruri mafoko ano a tshwanetse a bo a itumedisa barutwa ba ba ileng ba batla Jesu gore a ba tlhalosetse dithuto tsa gagwe! Jaanong ba tlhaloganya ditshwantsho tsa gagwe ka botlalo. Jesu o batla gore ba tlhaloganye ditshwantsho tseno sentle gore le bone ba tle ba kgone go ruta batho ba bangwe boammaaruri. O ba botsa jaana: “Lobone ga lo ka ke lwa tsewa lo bo lo khurumediwa kgotsa lwa bewa ka fa tlase ga bolao, gakere? A ga lo tsewe lo bo lo bewa mo godimo ga setlhomo sa lobone?” Go tswa foo, Jesu o ba gakolola jaana: “Ope fela yo o nang le ditsebe, a a reetse.”—Mareko 4:21-23.

BA SEGOFADIWA KA THUTO E E OKETSEGILENG

Fa Jesu a sena go ba tlhalosetsa setshwantsho sa mojadi, ba batla go itse mo go oketsegileng. Ba mo kopa ba re: “Re tlhalosetse setshwantsho sa mefero e e mo tshimong.”—Mathaio 13:36.

Kopo ya bone e bontsha gore ba na le boikutlo jo bo farologaneng le jwa batho ba bangwe ba ba leng foo. Go bonala batho ba bangwe ba utlwa mme gone ba se na keletso ya go tlhaloganya ditshwantsho tseno le gore di kaya eng. Ba kgotsofalela fela go utlwa dilo tse go buiwang ka tsone mo ditshwantshong tseo. Jesu o bua mafoko a a latelang go bontsha gore batho bano ba farologane le barutwa ba gagwe ba ba ileng ba tla kwa go ene gore a ba rute mo go oketsegileng. A re:

“Elang tlhoko se lo se utlwang. Ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, lo tla lekanyediwa ka sone, ruri lo tla okelediwa go le gontsi.” (Mareko 4:24) Barutwa bano ba reeditse ka kelotlhoko se a se ba bolelelang. E re ka ba bontshitse Jesu gore ba na le keletso ya go itse mo go oketsegileng le gore ba reetsa ka kelotlhoko, ba segofadiwa ka kitso e e oketsegileng e bile ba tlhalosediwa mo go oketsegileng. Ka jalo, Jesu o araba kopo ya barutwa ba gagwe e e amanang le setshwantsho sa korong le mefero ka go ba raya a re:

“Mojadi wa peo e e molemo ke Morwa motho; tshimo ke lefatshe. Mme peo e e molemo, ke bana ba Bogosi, mme mefero ke bana ba ga Satane, mme mmaba yo o e jadileng ke Diabolo. Thobo ke nako ya malatsi a bofelo mme barobi ke baengele.”—Mathaio 13:37-39.

Fa a sena go tlhalosa karolo nngwe le nngwe ya setshwantsho seno, o tlhalosa gore go tla felela jang. O tlhalosa gore ka nako ya malatsi a bofelo, barobi kgotsa baengele, ba tla ntsha Bakeresete ba maaka ba ba tshwanang le mefero ba ba kgaoganya le batho ba tota e leng “bana ba Bogosi.” “Basiami” ba tla phuthiwa mme kgabagare ba tla phatsima thata jaaka letsatsi “mo Bogosing jwa ga Rraabone.” Mme go tla diragala eng ka “bana ba ga Satane”? Ba tla senngwa, mme “ba tla bokolela ba bo ba phuranya meno a bone.”—Mathaio 13:41-43.

Go tswa foo, Jesu o segofatsa barutwa ba gagwe ka go ba direla ditshwantsho tse dingwe tse tharo. Sa ntlha, o ba raya a re: “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le letlotlo le le fitlhilweng mo tshimong, le monna mongwe a neng a le bona a bo a le fitlha gape; mme e re ka a itumetse, o a tsamaya a bo a rekisa sengwe le sengwe se a nang le sone a bo a reka tshimo eo.”—Mathaio 13:44.

O tswelela a re: “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le mogwebi yo o tsamayang yo o batlang diperela tse dintle. Fa a bona perela e le nngwe ya tlhwatlhwa e e kwa godimo, o a tsamaya mme ka yone nako eo a bo a rekisa dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone a bo a e reka.”—Mathaio 13:45, 46.

Mo ditshwantshong tseno ka bobedi, Jesu o gatelela ntlha ya go ikemisetsa go itima dilo dingwe gore o nne le sengwe se se tlhwatlhwakgolo thata. Ka bonako fela, mogwebi yono o rekisa “dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone” gore a reke perela e le nngwe ya tlhwatlhwa e e kwa godimo. Barutwa ba ga Jesu ba kgona go tlhaloganya sekai seo sa perela e e tlhwatlhwakgolo. Monna yo o bonang letlotlo le le fitlhilweng mo tshimong le ene “o rekisa sengwe le sengwe” gore a nne le letlotlo leo. Mo maemong ano a mabedi, go na le sengwe se se tlhwatlhwakgolo, sengwe se motho a tlhokang go se reka a bo a se tlhokomela. Seno se ka tshwantshiwa le matsapa a motho a a tsayang gore a kgone go ithuta ka Modimo. (Mathaio 5:3) Bangwe ba batho ba ba reeditseng Jesu fa a dira ditshwantsho tseno, ba setse ba bontshitse gore ba ikemiseditse ka go tsaya matsapa a go kgotsofatsa keletso e ba nang le yone ya go ithuta ka Modimo le go nna balatedi ba ga Jesu.—Mathaio 4:19, 20; 19:27.

Kwa bofelong, Jesu o tshwantsha Bogosi jwa magodimo le letlowa la go tshwara ditlhapi le le tshwarang ditlhapi tsa mofuta mongwe le mongwe. (Mathaio 13:47) Fa ditlhapi tseno di kgaoganngwa, tse di siameng di tsenngwa mo dikgamelong mme tse di ka se jeweng di a latlhiwa. Jesu o tlhalosa gore go tla nna jalo mo malatsing a bofelo; baengele ba tla tlhaola batho ba ba bosula mo go ba ba siameng.

Jesu o ne a dira tiro ya go tshwara ditlhapi ya tshwantshetso fa a ne a bitsa barutwa ba gagwe ba ntlha a re ke “batshwari ba batho.” (Mareko 1:17) Le fa go ntse jalo, a re setshwantsho seno sa letlowa la go tshwara ditlhapi se tla direga mo nakong e e tlang, e leng “mo malatsing a bofelo.” (Mathaio 13:49) Ka jalo, baaposetoloi le barutwa ba bangwe ba ba reeditseng Jesu, ba kgona go lemoga gore go sa ntse go tla direga dilo tse di kgatlhang thata.

Ba ba utlwileng ditshwantsho tseno tse Jesu a di ba boleletseng a le mo mokorong, ba kgothaditswe thata. Jesu o bontsha gore o ikemiseditse go “tlhalosetsa barutwa ba gagwe dilo tsotlhe kwa thoko.” (Mareko 4:34) O tshwana le “monna, mong wa ntlo, yo o ntshang dilo tse disha le tse dikgologolo mo bobolokelong jwa gagwe jwa matlotlo.” (Mathaio 13:52) Jesu ga a dire ditshwantsho tseno ka gonne a batla go bontsha batho gore o na le bokgoni jwa go ruta. Go na le moo, o abela barutwa ba gagwe dithuto tsa boammaaruri tse di tshwanang le letlotlo le le tlhwatlhwakgolo. Eleruri ke “morutisi” yo o sa tshwaneng le ope.