Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 40

Thuto ka go Itshwarela

Thuto ka go Itshwarela

LUKE 7:36-50

  • MOSADI YO E LENG MOLEOFI O TSHELA LEOKWANE MO DINAONG TSA GA JESU

  • JESU O DIRA SETSHWANTSHO SA GO ITSHWARELA KA MOTHO YO O KOLOTANG

Batho ba tsibogela se Jesu a se dirang le se a se buang ka ditsela tse di farologaneng, go ikaegile ka boemo jwa dipelo tsa bone. Seno se bonala sentle kwa ntlong nngwe kwa Galalea. Mofarasai mongwe yo o bidiwang Simone o laletsa Jesu go tla go ja kwa legaeng la gagwe, gongwe a batla go itse botoka monna yono yo o dirang dikgakgamatso. E re ka Jesu a ka tswa a tsaya seno e le tshono ya go rerela ba ba tla bong ba le teng koo, o amogela taletso eo fela jaaka a tlhola a amogela taletso ya go ja le bakgethisi le baleofi.

Le fa go ntse jalo, Jesu ga a amogelwe ka tsela e e kgethegileng jaaka baeng ba bangwe ba tlhola ba amogelwa. Mo ditseleng tse di lerole tsa kwa Palesetina, dinao tsa motho yo o rweleng bompaatšhane di a gotela e bile di tlala lerole. Ka jalo go tlwaelegile gore moeng a tlhapisiwe dinao ka metsi a a tsiditsana, e le go bontsha gore o amogetswe. Jesu ga a direlwe jalo. E bile ga ba mo sune, jaaka e ne e le tlwaelo. Gape go tlwaelegile gore moeng a tshelwe leokwane mo tlhogong. Jesu ga a direlwe sepe sa dilo tseno. A mme gone o amogelesegile?

Baeng ba nna fa tafoleng, go bo go simololwa go jewa. Fa ba ntse ba ja, mosadi mongwe yo o sa lalediwang o tsena a nanabela. O “itsiwe mo motseng e le moleofi.” (Luke 7:37) Batho botlhe ke baleofi, le fa go ntse jalo go bonala mosadi yono ene a tshela botshelo jo bo sa siamang, gongwe e le mogwebakammele. Go bonala a utlwile dithuto tsa ga Jesu, go akaretsa le taletso ya gagwe ya gore ‘botlhe ba ba imelwang ba tle kwa go ene gore ba lapologelwe.’ (Mathaio 11:28, 29) E re ka a amilwe ke mafoko a ga Jesu le ditiro tsa gagwe, jaanong o batlana le ene.

O tla ka fa morago ga ga Jesu kwa tafoleng a bo a khubama fa dinaong tsa gagwe. Dikeledi tsa gagwe di tshologela mo dinaong tsa ga Jesu a bo a di phimola ka moriri wa gagwe. Mosadi yono o suna Jesu mo dinaong a bo a mo tshela leokwane le le nkgang monate le a tlileng ka lone. Simone o mo tlhomile matlho mme ga a itumelele se a se dirang, o ipolelela jaana: “Fa e le gore ruri monna yono e ne e le moporofeti, o ne a tla itse gore mosadi yo o mo kgomang yono ke mang le gore ke motho yo o ntseng jang. O ne a tla itse gore ke moleofi.”—Luke 7:39.

E re ka Jesu a lemoga se Simone a se akanyang, o mo raya a re: “Simone, ke batla go go bolelela sengwe.” Simone o araba a re: “Moruti, bua.” Jesu o tswelela a re: “Banna ba babedi ba ne ba kolota mongwe yo o adimang batho madi; yo mongwe o ne a mo kolota didenario di le 500, mme yo mongwe di le 50. E re ka ba se na sepe se ba ka mo duelang ka sone, o ne a ba itshwarela ka pelo yotlhe. Ka jalo, ke ofe mo banneng bano yo o tla ratang motho yoo thata?” Simone o araba jaana, gongwe a sa kgatlhege: “Ke tsaya gore ke monna yo o itshwaretsweng sekoloto se segolo.”—Luke 7:40-43.

Jesu o dumalana le ene. Go tswa foo o retologela kwa mosading yoo a bo a raya Simone a re: “A o bona mosadi yono? Ke ne ka tsena mo ntlong ya gago; ga o a ka wa nnaya metsi a go tlhapa dinao. Mme mosadi yono ene o ne a kolobetsa dinao tsa me ka dikeledi tsa gagwe a bo a di phimola ka moriri wa gagwe. Ga o a ka wa ntshuna; mme mosadi yono ene, ga a ise a ke a tlogele go suna dinao tsa me fa e sa le ke goroga fano. Ga o a ka wa tlotsa tlhogo ya me ka leokwane, mme mosadi yono ene o ne a tshela leokwane le le nkgang monate mo dinaong tsa me.” Jesu o kgona go bona gore mosadi yono o ikwatlhaela maleo a gagwe go tswa pelong. O konela jaana: “Ke a go bolelela, e re ka a dirile seno, o itshwaretswe maleo a gagwe le fa gone a le mantsi, ka gonne o ratile thata. Mme yo o itshwaretsweng go le gonnye, o rata go le gonnye.”—Luke 7:44-47.

Ga se gore Jesu o buelela boitsholo jo bo sa siamang. Go na le moo, o tlhomogela pelo batho ba ba dirileng maleo a a masisi, ba jaanong ba ikwatlhayang ba bo ba tla kwa go ene gore a ba imolole. Ruri mosadi yono o ikutlwa a imologile fa Jesu a mo raya a re: “O itshwaretswe maleo a gago. . . . Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.”—Luke 7:48, 50.