Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 47

Mosetsanyana o Tshela Gape!

Mosetsanyana o Tshela Gape!

MATHAIO 9:18, 23-26 MAREKO 5:22-24, 35-43 LUKE 8:40-42, 49-56

  • JESU O TSOSA MORWADIA JAIRO YO O SULENG

Jairo o bona gore Jesu o fodisitse mosadi yo o nang le bolwetse jwa go elela madi. Ga a na pelaelo ya gore Jesu a ka kgona go thusa morwadie, le fa gone a akanya gore ‘morwadie o tshwanetse a bo a sule.’ (Mathaio 9:18) A mme o sa ntse a ka kgona go mo thusa?

Fa Jesu a sa ntse a bua le mosadi yo a sa tswang go mo fodisa, banna bangwe ba ba tswang kwa legaeng la ga Jairo ba a goroga ba bo ba raya Jairo ba re: “Morwadio o sule!” Ba tswelela ba re: Ke ka ntlha yang fa o sa ntse o tshwenya Moruti?”—Mareko 5:35.

Ruri tseno ke dikgang tse di utlwisang botlhoko tota! Gone jaanong monna yono yo o tlotliwang thata mo motseng, ga go na sepe se a ka se dirang. Morwadie yo o esi fela o sule. Le fa go ntse jalo, Jesu o utlwa se ba buang ka sone, mme o retologela kwa go Jairo a bo a mo kgothatsa a re: “Se boife, wena nna le tumelo.”—Mareko 5:36.

Go tswa foo, Jesu o tsamaya le Jairo kwa legaeng la gagwe. Fa ba goroga, ba fitlhela tlhakatlhakano e kgolo. Batho ba ba phuthegileng foo ba a lela, ba a bokolela e bile ba hutsafetse. Jesu o tsena mo teng a bo a bua mafoko ano a a gakgamatsang: “Ngwana yono ga a swa, mme o robetse.” (Mareko 5:39) Fa batho ba utlwa Jesu a bua mafoko ano, ba a mo tshega. Ba a itse gore mosetsanyana yono o sule. Mme gone, Jesu o tla dirisa maatla a a a filweng ke Modimo go ba bontsha gore go a kgonega gore batho ba ba suleng ba tsosiwe fela jaaka go ka tsosiwa motho yo o robetseng.

Jaanong Jesu o kopa gore botlhe ba tswele kwa ntle mme go sale Petere, Jakobe, Johane le batsadi ba mosetsanyana yo o suleng. O tsamaya le bone kwa ngwana yoo a rapameng gone. O tshwara seatla sa gagwe a bo a mo raya a re: “‘Talitha kumi,’ mo fa go ranolwa go rayang gore: ‘Mosetsanyana, ke go raya ke re, “Tsoga!”’” (Mareko 5:41) Ka bonako fela, o a tsoga a bo a simolola go tsamaya. Fa Jairo le mosadi wa gagwe ba bona seno, ga ba kgone go itshwara ka gonne ba itumetse thata! E le go bontsha gore ruri mosetsanyana yono o a tshela, Jesu o laela gore a newe sengwe a je.

Mo makgetlong a a fetileng, Jesu o ne a laela batho ba a ba fodisitseng gore ba se ka ba bolelela ba bangwe se a ba diretseng sone, mme o dira jalo le ka batsadi bano. Le fa go ntse jalo batsadi bano ba ba itumetseng le batho ba bangwe, ba anamisa dikgang tseno “mo kgaolong eo yotlhe.” (Mathaio 9:26) Ka ntlha ya boitumelo, ga go pelaelo gore le wena o ne o tla bolelela batho ba bangwe fa motho yo o mo ratang yo o neng a sule a ka bo a tsositswe. Eno ke pego ya bobedi ya fa Jesu a tsosa motho yo o suleng.