Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 63

Jesu o ba Tlhagisa ka go Kgopisa ba Bangwe Le ka Go Leofa

Jesu o ba Tlhagisa ka go Kgopisa ba Bangwe Le ka Go Leofa

MATHAIO 18:6-20 MAREKO 9:38-50 LUKE 9:49, 50

  • KGAKOLOLO E E AMANANG LE GO KGOPISA BA BANGWE

  • FA MORWARRAGO A LEOFA

Jesu o sa tswa go bontsha balatedi ba gagwe boikutlo jo ba tshwanetseng go nna le jone a dirisa setshwantsho. Ba tshwanetse go iteba jaaka bana ba bannye, ba ba sa rateng maemo. Barutwa ba tshwanetse ‘go amogela bana bao ba bannye ka ntlha ya leina la gagwe, mme fa ba dira jalo ba tla bo ba amogela le Jesu.’—Mathaio 18:5.

Bosheng jaana, baaposetoloi ba ntse ba ngangisana ka kgang ya gore ke mang yo mogolo thata, ka jalo ba ka tswa ba tsaya mafoko ano a ga Jesu e le kgalemelo. Jaanong moaposetoloi Johane o bua ka sengwe gape se se sa tswang go direga, a re: “Moruti, re bone mongwe a leleka madimona a dirisa leina la gago, mme re ne ra leka go mo thibela, ka gonne ga a tsamaye le rona.”—Luke 9:49.

A Johane o tsaya gore baaposetoloi ke bone fela ba ba neilweng taolo ya go fodisa batho ba bangwe kgotsa go leleka madimona? Fa e le gore go ntse jalo, go tla jang gore monna yono wa Mojuda a kgone go leleka madimona? Go bonala Johane a akanya gore monna yono ga a a tshwanela go dira dikgakgamatso ka gonne ga a tsamaye le Jesu le baaposetoloi.

Johane o a gakgamala fa Jesu a re: “Lo se ka lwa leka go mo thibela, ka gonne ga go na ope yo o tla dirang tiro e e maatla ka leina la me, go tswa foo a bo a bua sengwe se se maswe ka nna. Gonne ope fela yo o sa ganetsaneng le rona ke wa rona. E bile ope fela yo o lo sielang metsi ka gonne lo le ba ga Keresete, ammaaruri ke a lo bolelela, ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe le e seng.”—Mareko 9:39-41.

Mo nakong eno, monna yono ga a tlhoke go tsamaya le Keresete e le gore a nne mo letlhakoreng la gagwe. Phuthego ya Bokeresete ga e ise e tlhomiwe, ka jalo kgang ya go bo monna yono a sa tsamaye le Jesu, ga e reye gore ke moganetsi kgotsa o rotloetsa bodumedi jwa maaka. Ga go pelaelo gore monna yono o dumela mo leineng la ga Jesu, e bile se Jesu a se buang se bontsha gore monna yono ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe.

Mme fa e le gore monna yono o ne a kgopisiwa ke mafoko a baaposetoloi le ditiro tsa bone, seo e ne e tla bo e le kgang e e masisi. Jesu o tlhalosa jaana: “Ope fela yo o kgopisang mongwe wa ba bannye bano ba ba nang le tumelo, go tla bo go le botoka gore go bofelelwe leje le legolo mo molaleng wa gagwe le le pitikololwang ke tonki a bo a latlhelwa mo teng ga lewatle.” (Mareko 9:42) Go tswa foo, o bolelela barutwa ba gagwe gore ba tlose sepe fela se ba se tsayang se le botlhokwa, se se jaaka seatla, leoto kgotsa leitlho, fa e le gore se dira gore ba leofe. Go botoka gore motho a se ka a nna le karolo eo a bo a tsena mo Bogosing Jwa Modimo, go na le gore a tswelele a na le yone mme a bo a felela kwa Gehena (kwa Mokgatšheng wa Hinoma). Baaposetoloi ba ka tswa ba kile ba bona mokgatšha ono o o gaufi le Jerusalema o go fisiwang matlakala mo go one, ka jalo ba ka tswa ba tlhaloganya gore se a buang ka sone se tshwantshetsa go senngwa gotlhelele.

Gape Jesu o ba tlhagisa jaana: “Elang tlhoko gore lo se ka lwa nyatsa mongwe wa ba bannye bano, ka gonne ke a lo bolelela, baengele ba bone kwa legodimong ba fa pele ga ga Rre yo o kwa legodimong ka metlha.” “Ba bannye bano” ba botlhokwa go le kana kang mo go Rraagwe? Jesu o bua ka monna mongwe yo o nang le dinku di le 100 mme go bo go timela e le nngwe. Monna yono o tlogela tse 99 a bo a ya go batla e e timetseng, mme fa a e bona o e itumelela thata go feta tse 99. Jesu o oketsa jaana: “Rre yo o kwa legodimong ga a batle gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.”—Mathaio 18:10, 14.

Jesu a ka tswa a akantse ka kgang e baaposetoloi ba neng ba ngangisana ka yone ya gore ke mang yo mogolo thata, mme o ba raya a re: “Lo tshwaneng le letswai, e bile lo tshedisane ka kagiso.” (Mareko 9:50) Letswai le dira gore dijo di nne monate. Letswai la tshwantshetso le dira gore go nne motlhofo gore batho ba reetse se yo mongwe a se buang, mme seo se ka dira gore go nne le kagiso, e leng selo se go ngangisana go ka se se direng.—Bakolosa 4:6.

Ka dinako tse dingwe, go ka tsoga dikgang tse di masisi, mme Jesu o tlhalosa gore di rarabololwe jang. A re: “Fa morwarrago a leofa, tsamaya o ye go bua le ene ka phoso e a e dirileng lo le babedi fela. Fa a go reetsa, o tla bo o thusitse morwarrago go dira se se siameng.” Mme go tweng fa a sa go reetse? Jesu a re: “Tsaya motho a le mongwe kgotsa ba le babedi o tsamaye le bone, gore go tle go tlhomamisiwe gore kgang nngwe le nngwe e boammaaruri ka bosupi jwa batho ba le babedi kgotsa ba le bararo.” Fa e le gore seo ga se rarabolole bothata, ba tshwanetse go bua le “phuthego,” e leng bagolwane ba ba nang le maikarabelo, ba ba ka kgonang go dira tshwetso. Mme go tweng fa moleofi yoo a sa ba reetse? “Mo tseye fela jaaka motho wa ditšhaba le jaaka mokgethisi,” e leng batho ba Bajuda ba ka se dirisaneng le bone.—Mathaio 18:15-17.

Balebedi ba phuthego ba tshwanetse go latela se se mo Lefokong la Modimo. Fa ba lemoga gore motho yo o dirileng boleo o molato e bile o tlhoka go kgalemelwa, katlholo ya bone ‘e tla bo e setse e bofilwe kwa legodimong.’ Mme fa ba sa bone motho molato, katlholo eo e tla bo e “bofolotswe kwa legodimong.” Ditaelo tseno di tla nna mosola thata fa phuthego ya Bokeresete e setse e tlhomilwe. Jesu o tlhalosa nako ya fa ba bua dikgang tseo tse di masisi jaana: “Fa batho ba le babedi kgotsa ba le bararo ba kopane ka leina la me, le nna ke gone koo mo gare ga bone.”—Mathaio 18:18-20.