Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 39

Ruri Kokomana E e Sa Batleng go Reetsa e Tlhomola Pelo!

Ruri Kokomana E e Sa Batleng go Reetsa e Tlhomola Pelo!

MATHAIO 11:16-30 LUKE 7:31-35

  • JESU O KGALA METSE MENGWE

  • O SOLOFETSA BATHO GORE O TLA BA IMOLOLA E BILE O TLA BA LAPOLOSA

Jesu o tlotla Johane Mokolobetsi fela thata, mme batho ba bangwe bone ba mo tsaya jang? Jesu a re: “Kokomana eno e tshwana le bana ba babotlana ba ba ntseng mo marekisetsong ba ba goang dithaka tsa bone, ba re: ‘Re ne ra lo leletsa fulutu, mme lo ne lwa se ka lwa bina; re ne ra lela, mme lo ne lwa se ka lwa ititaya lo hutsafetse.’”—Mathaio 11:16, 17.

Jesu o raya jang? O tlhalosa ntlha eno sentle a re: “Johane o ne a tla a sa je e bile a sa nwe, le fa go ntse jalo batho ba re, ‘O na le ledimona.’ Morwa motho o ne a tla a ja e bile a nwa, le fa go ntse jalo batho ba re, ‘Bonang monna yo o jang bobe le yo o nwang beine thata, ke tsala ya bakgethisi le baleofi.’” (Mathaio 11:18, 19) Johane o ne a tshela botshelo jo bo motlhofo e le Monasarite, e bile o ne a sa nwe beine, le fa go ntse jalo, kokomana eno e ne ya re o na le ledimona. (Dipalo 6:2, 3; Luke 1:15) Mme Jesu ene o tshela fela jaaka batho ba bangwe. O a ja e bile o nwa beine ka tekatekano, le fa go ntse jalo, o latofadiwa ka gore o feteletsa dilo. Go bonala go le thata go itumedisa batho.

Jesu o tshwantsha kokomana eno le bana ba babotlana ba ba kwa marekisetsong, ba ba ganang go bina fa ba bangwe ba letsa fulutu kgotsa ba ba ganang go hutsafala fa ba bangwe ba lela. A re: “Mme gone, dilo tse di siameng tse motho a di dirang, di bontsha gore o botlhale.” (Mathaio 11:16, 19) ‘Dilo tse motho a di dirang,’ e leng bosupi jo Johane le Jesu ba ileng ba bo ntsha, di supa gore se ba latofadiwang ka sone ga se boammaaruri.

Fa Jesu a sena go tlhalosa gore kokomana eno ga e reetse, o kgala metse ya Korasina, Bethesaida le Kaperenama, kwa a neng a dirile dikgakgamatso gone. O tlhalosa gore fa a ne a dirile dikgakgamatso tseo kwa metseng ya Ture le Sidona kwa Fonikia, batho ba metse eo ba ka bo ba ile ba ikwatlhaya. Gape o umaka Kaperenama, e leng motse o a ileng a nna kwa go one ka nakwana. Bontsi jwa batho ba koo le bone ba ne ba sa mo reetse. Jesu o bua jaana ka batho ba motse oo: “Lefatshe la Sodoma le tla kgona go itshokela Letsatsi la Katlholo go gaisa lona.”—Mathaio 11:24.

Go tswa foo Jesu o baka Rraagwe, ka gonne o fitlhela “batho ba ba botlhale le ba ba rutegileng” dithuto tsa boammaaruri mme o di senolela batho ba maemo a a kwa tlase, ba ba tshwanang le bana ba bannye. (Mathaio 11:25) O laletsa batho bano ka lorato a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, ka gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso, mme lo tla lapologelwa. Gonne jokwe ya me e motlhofo le morwalo wa me ga o bokete.”—Mathaio 11:28-30.

Jesu o lapolosa jang? Baeteledipele ba bodumedi ba imeditse batho ka dingwao tse di ba dirang makgoba, tse di jaaka melao e e gagametseng ya Sabata. Mme Jesu o ba lapolosa ka go ba ruta boammaaruri jwa Modimo, jo bo sa leswafadiwang ke dingwao tseo. Gape o bontsha batho ba ba gateletsweng ke balaodi ba bone le ba ba ikutlwang ba imetswe ke maleo a bone gore ba ka imologa jang. Jesu o ba tlhalosetsa gore ba ka dira eng gore ba itshwarelwe maleo le gore ba ka nna ditsala tsa Modimo jang.

Botlhe ba ba amogelang jokwe ya ga Jesu e e motlhofo, ba kgona go ineela mo Modimong ba bo ba direla Rraarona yo o kwa legodimong, yo o pelotlhomogi le yo o kutlwelobotlhoko. Go dira jalo ga se morwalo o o bokete, ka gonne ditaelo tsa Modimo ga di imele.—1 Johane 5:3.