Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 59

Morwa Motho ke Mang?

Morwa Motho ke Mang?

MATHAIO 16:13-27 MAREKO 8:22-38 LUKE 9:18-26

  • JESU O FODISA MONNA YO O FOUFETSENG

  • PETERE O NEWA DILOTLOLO TSA BOGOSI

  • JESU O BOLELELA PELE KA LOSO LWA GAGWE LE GORE O TLA TSOSIWA

Jesu le barutwa ba gagwe ba goroga kwa Bethesaida. Batho ba koo ba tlisa monna yo o foufetseng kwa go Jesu ba bo ba mo kopa gore a mo ame mme a mo fodise.

Jesu o tshwara monna yoo ka seatla a bo a tswela le ene kwa ntle ga motsana oo. Fa a sena go kgwela monna yoo mathe mo matlhong, o mmotsa jaana: “A o bona sengwe?” Monna yoo o araba a re: “Ke bona batho, mme ba tshwana le ditlhare tse di tsamayatsamayang.” (Mareko 8:23, 24) Jesu o ama monna yoo gape mo matlhong a bo a kgona go bona sentle. Go tswa foo, o laela monna yoo gore a se ka a boela mo motsaneng oo.

Morago ga moo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ya kwa bokone kwa kgaolong ya Kaesarea Filipi. Ke loeto lo loleele lwa dikilometara di ka nna 40, mme ba a tlhatlogela. Motse ono o mo thabeng, mme ka fa bokonebotlhaba ke Thaba ya Heremone e e apesitsweng ke kapoko. Loeto lono lo ka tsaya malatsi a le mmalwa.

Fa ba tsamaya felo gongwe mo tseleng, Jesu o a fapoga o ya go rapela a le nosi. Go setse dikgwedi di ka nna robongwe kgotsa lesome pele ga loso lwa gagwe, mme o tshwenyegile ka barutwa ba gagwe. Bosheng jaana bontsi jwa bone ba sa tswa go tlogela go mo latela, mme ba bangwe ba ka tswa ba tlhakane tlhogo kgotsa ba kgobegile marapo. Ba ka tswa ba ipotsa gore ke eng fa a gana batho ba mo dira kgosi kgotsa ke eng fa a sa batle go ba bontsha sesupo se se bontshang gore tota ke mang.

Fa barutwa ba tla kwa go Jesu kwa a neng a rapela gone, o ba botsa a re: “Batho ba re Morwa motho ke mang?” Ba araba ba re: “Bangwe ba re ke Johane Mokolobetsi, ba bangwe ba re ke Elija, mme ba bangwe bone ba re ke Jeremia kgotsa mongwe wa baporofeti.” Tota batho ba akanya gore Jesu e ka tswa e le mongwe wa banna bao, a tsositswe mo baswing. E re ka a batla go utlwa gore barutwa ba gagwe bone ba akanya eng, o ba botsa jaana: “Mme lona lwa re ke mang?” Petere o itlhaganelela go araba, a re: “O Keresete, Morwa Modimo yo o tshelang.”—Mathaio 16:13-16.

Jesu a re Petere o a itumela ka gonne Modimo ke ene a mo senoletseng seno, a bo a re: “Ke go raya ke re: O Petere, mme ke tla aga phuthego ya me mo lefikeng leno, mme dikgoro tsa Lebitla ga di kitla di e fenya.” Jesu o raya gore ene ka boene o tla aga phuthego mme le Lebitla ga le kitla le ngangatlela maloko a yone, fa ba ka tswelela ba ikanyega. O solofetsa Petere jaana: “Ke tla go naya dilotlolo tsa Bogosi jwa magodimo.”—Mathaio 16:18, 19.

Ga se gore Jesu o naya Petere maikarabelo a go etelela baaposetoloi ba bangwe pele, e bile ga se gore o mo dira motheo wa phuthego. Jesu ke ene Lefika le phuthego e tla agiwang mo go lone. (1 Bakorintha 3:11; Baefeso 2:20) Mme gone, Petere o tla newa dilotlolo tse tharo. O tla nna le tshiamelo ya go bulela ditlhopha tse tharo tsa batho tshono ya go tsena mo Bogosing jwa magodimo.

Petere o tla dirisa selotlolo sa ntlha ka Pentekosete ya 33 C.E., a bontsha Bajuda ba ba ikwatlhayang le basokologi se ba tshwanetseng go se dira gore ba bolokwe. O tla dirisa selotlolo sa bobedi go bulela Basamarea ba ba dumelang, gore ba tsene mo Bogosing Jwa Modimo. Mme ka 36 C.E., o tla dirisa selotlolo sa boraro go bulela batho ba ditšhaba tse dingwe ba ba sa rupang tshono eo, batho bao ke Korenelio le ba bangwe.—Ditiro 2:37, 38; 8:14-17; 10:44-48.

Fa ba ntse ba tlotla, baaposetoloi ba a tshwenyega fa Jesu a bolelela pele gore go ise go ye kae, o tlile go boga a bo a bolawa kwa Jerusalema. E re ka Petere a sa tlhaloganye gore Jesu o tlile go tsosiwa gore a ye go tshela kwa legodimong, o mo tseela kwa thoko a bo a mo kgalema a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; dilo tseno ga di kitla di go diragalela.” Le fa go ntse jalo, Jesu o a mo fularela a bo a mo raya a re: “Mpota ka fa morago, Satane! O sekgoreletsi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme o akanya dikakanyo tsa batho.”—Mathaio 16:22, 23.

Jaanong Jesu o bitsa batho ba bangwe ntle le baaposetoloi a bo a ba tlhalosetsa gore ga go kitla go nna motlhofo go nna molatedi wa gagwe. O ba raya a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso a bo a ntshala morago a sa kgaotse. Gonne ope fela yo o batlang go sireletsa botshelo jwa gagwe bo tla mo latlhegela, mme ope fela yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka gonne e le molatedi wa me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo o tla bo boloka.”—Mareko 8:34, 35.

Ka jalo, balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go nna pelokgale le go intsha setlhabelo, e le gore a ba amogele. O ba raya a re: “Ope fela yo o tlhabiwang ke ditlhong ka ntlha ya me le ka ntlha ya mafoko a me mo kokomaneng eno e e sa ikanyegeng le e e nang le boleo, Morwa motho le ene o tla tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya gagwe fa a tla le baengele ba gagwe ba ba boitshepo a le mo kgalalelong e Rraagwe a tla mo e nayang.” (Mareko 8:38) Seo se raya gore fa Jesu a tla, “o tla duela mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa gagwe.”—Mathaio 16:27.