Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 50

Ba Ipaakanyeditse go Rera Le fa Ba Tla Bogisiwa

Ba Ipaakanyeditse go Rera Le fa Ba Tla Bogisiwa

MATHAIO 10:16–11:1 MAREKO 6:12, 13 LUKE 9:6

  • JESU O KATISA BAAPOSETOLOI A BO A BA ROMA

Jesu o naya baaposetoloi ba gagwe ditaelo tse di tla ba thusang gore ba dire jang tiro ya go rera fa ba ntse ba tsamaya ka bobedi le bobedi. Mme gone, ga a felele foo. O ba tlhagisa gore ba tla bogisiwa, a re: “Bonang, ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri . . . Lo nne kelotlhoko, ka gonne batho ba tla lo isa kwa dikgotlatshekelong tsa mafelo a lo nnang mo go one, e bile ba tla lo kgwathisa mo disinagogeng tsa bone. Mme lo tla isiwa kwa balaoding le kwa dikgosing ka gonne lo le balatedi ba me.”—Mathaio 10:16-18.

Balatedi ba ga Jesu ba ka nna ba bogisiwa setlhogo, mme gone o ba tlhomamisetsa jaana: “Fa ba lo isa kwa go bone, lo se ka lwa tlhobaela ka se lo tla se buang kgotsa gore lo tla se bua jang, ka gonne lo tla itse se lo tla se buang ka yone nako eo; gonne e tla bo e se lona fela ba lo buang, mme moya wa ga Rraalona e tla bo e le one o o lo thusang go bua.” O tswelela a re: “Motho o tla dira gore morwarraagwe a bolawe, e bile rre o tla dira gore ngwana wa gagwe a bolawe, mme bana ba tla tlhanogela batsadi ba bone e bile ba tla dira gore ba bolawe. Mme batho botlhe ba tla lo tlhoa ka gonne lo le balatedi ba me, le fa go ntse jalo, yo o itshokileng go fitlha kwa bokhutlong o tla bolokwa.”—Mathaio 10:19-22.

E re ka tiro ya go rera e le botlhokwa thata, Jesu o gatelela gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse go nna kelotlhoko e le gore ba tswelele ba dira tiro eno ka kgololesego. O ba raya a re: “Fa ba lo bogisa mo motseng o mongwe, lo tshabele kwa go o mongwe; gonne ammaaruri ke a lo bolelela, pele ga lo wetsa tiro ya lona mo metseng le mo metsaneng yotlhe ya Iseraele, Morwa motho o tla goroga.”—Mathaio 10:23.

Eleruri ditaelo, ditlhagiso le kgothatso e Jesu a e nayang baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 e tlhomologile! Mme gone, o ka tswa o lemoga gore mafoko ano gape a akaretsa le batho ba ba tla nnang le seabe mo tirong ya go rera fa Jesu a sena go bolawa le go tsosiwa mo baswing. Re lemoga seo mo mafokong a a neng a a bua fa a re ‘batho botlhe ba tla tlhoa’ barutwa ba gagwe, e seng fela batho ba a romang baaposetoloi kwa go bone. Mo godimo ga moo, ga go na gope fa re balang teng go twe baaposetoloi ba isiwa fa pele ga balaodi le dikgosi mo nakong eno e khutshwane ya letsholo la go rera mo Galalea kgotsa gore ba malapa a bone ba dira gore ba bolawe.

Go bonala sentle gore fa Jesu a bua le baaposetoloi ba gagwe, o akantse ka se se tla diregang mo nakong e e tlang. Ela tlhoko mafoko a a reng barutwa ba gagwe ga ba kitla ba wetsa tiro ya go rera ‘pele Morwa motho a goroga.’ O bontsha gore barutwa ba gagwe ga ba kitla ba wetsa tiro ya go rera ka Bogosi Jwa Modimo pele ga Kgosi Jesu Keresete yo o galaleditsweng a goroga e le moatlhodi yo o tlhomilweng ke Modimo.

Fa baaposetoloi ba ntse ba rera, ga ba a tshwanela go gakgamala fa ba bogisiwa, ka gonne Jesu o ba reile a re: “Moithuti ga a fete morutisi wa gagwe, e bile motlhanka ga a fete mong wa gagwe.” Mafoko a ga Jesu a tlhamaletse. O a sotliwa e bile o a bogisiwa ka gonne a rera ka Bogosi Jwa Modimo, mme le bone ba tla diragalelwa ke se se tshwanang. Le fa go ntse jalo, o ba kgothatsa a re: “Lo se ka lwa boifa ba ba ka lo bolayang mme gone ba ka se kgone go lo thibela gore lo boe lo tshele gape mo nakong e e tlang, go na le moo boifang ene yo o ka kgonang go lo fedisa mo Gehena.”—Mathaio 10:24, 28.

Jesu o re tlhometse sekao mo ntlheng eno. O ne a itshokela go bolawa go na le go tlogela go ikanyega mo go Jehofa, yo o nang le maatla otlhe. Modimo Mothatayotlhe ke ene yo o kgonang go fedisa “botshelo” jwa motho (tsholofelo ya gagwe ya go tshela mo nakong e e tlang) kgotsa yo o kgonang go tsosa motho yoo mo baswing gore a tshelele ruri. Mafoko ano a tshwanetse a bo a kgothatsa baaposetoloi bano fela thata.

Jesu o dira setshwantsho seno e le go bontsha balatedi ba gagwe gore Modimo o a ba kgathalela: “Dithaga tse pedi di rekisiwa ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase, gakere? Le fa go ntse jalo, ga go na epe ya tsone e e tla welang fa fatshe Rraalona a sa itse. . . . Ka jalo, se boifeng; lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.”—Mathaio 10:29, 31.

Molaetsa o barutwa ba ga Jesu ba o rerang o tla kgaoganya malapa. Ba bangwe mo lelapeng ba tla o amogela mme ba bangwe ga ba kitla ba o amogela. Jesu o tlhalosa jaana: “Lo se ka lwa akanya gore ke tletse go tlisa kagiso mo lefatsheng.” Tota go tlhoka bopelokgale gore mongwe mo lelapeng a amogele boammaaruri jwa Baebele. Jesu a re: “Ope fela yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe thata go mpheta ga a tshwanelege go nna morutwa wa me; e bile ope fela yo o ratang morwawe kgotsa morwadie thata go mpheta ga a tshwanelege go nna morutwa wa me.”—Mathaio 10:34, 37.

Mme gone, bangwe ba tla amogela barutwa ba gagwe. A re: “Ope fela yo o sielang mongwe wa ba babotlana bano metsi a a tsididi ka gonne e le morutwa, ammaaruri ke a lo bolelela, ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe le e seng.”—Mathaio 10:42.

E re ka baaposetoloi bano ba amogetse ditaelo, ditlhagiso le kgothatso go tswa mo go Jesu, ba wela tsela mme “ba ralala kgaolo eo ba tsena mo metsaneng yotlhe, ba rera dikgang tse di molemo e bile ba fodisa batho.”—Luke 9:6.