Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 65

O a Ruta fa a Ntse A le Mo Tseleng a ya Jerusalema

O a Ruta fa a Ntse A le Mo Tseleng a ya Jerusalema

MATHAIO 8:19-22 LUKE 9:51-62 JOHANE 7:2-10

  • KAFA BOMONNAWE JESU BA MO LEBANG KA GONE

  • TIRO YA BOGOSI E BOTLHOKWA GO LE KANA KANG?

Go setse go fetile nako Jesu a ntse a dira bodiredi jwa gagwe mo Galalea, mme batho ba mono ba ntse ba mo reetsa go gaisa ba kwa Judea. Mme fa a ne a le kwa Jerusalema a bo a fodisa monna mongwe ka letsatsi la Sabata, “Bajuda ba ne ba batla go mmolaya.”—Johane 5:18; 7:1.

Jaanong ke letlhabula la ngwaga wa 32 C.E., mme Moletlo wa Metlaagana (kgotsa Diobo) o gaufi. Moletlo ono o ketekiwa malatsi a le supa, o bo o latelwa ke kopano e e kgethegileng ka letsatsi la borobedi. Moletlo ono o bontsha gore ngwaga wa temo o fedile, e bile ke nako e e itumedisang thata le ya go leboga.

Bomonnawe Jesu e bong Jakobe, Simone, Josefa le Judase, ba mo raya ba re: “Tloga mono mme o ye kwa Judea.” Jerusalema ke lone lefelo le go obamelwang kwa go lone. Ka nako ya meletlo e meraro ya ngwaga le ngwaga, motse ono o tlala batho. Ba mmolelela lebaka la go bo ba rialo, ba re: “Ga go na ope yo o dirang sepe mo sephiring fa a batla go itsiwe phatlalatsa. Fa e le gore o dira dilo tseno, di dire fa pele ga batho botlhe.”—Johane 7:3, 4.

Tota banna bano ba banê, ‘ga ba dumele gore Jesu’ ke Mesia. Le fa go ntse jalo, ba batla gore batho ba ba tlileng moletlong ba mmone a dira dikgakgamatso. E re ka Jesu a lemoga gore o mo kotsing, o ba raya a re: “Lefatshe ga le na lebaka la go lo tlhoa, mme nna le ntlhoile, ka gonne ke bolela gore ditiro tsa lone di bosula. Lona yang kwa moletlong; nna ga ke ye kwa moletlong oo gone jaanong, ka gonne nako ya me ga e ise e tle ka botlalo.”—Johane 7:5-8.

Malatsi a le mmalwa fa bomonnawe ba sena go tsamaya le batho ba bangwe, Jesu le barutwa ba gagwe le bone ba a tsamaya, ba sa bonwe ke batho ba le bantsi. Ba tsamaya ka tsela e e ralalang Samarea, go na le go tsamaya ka e e dirisiwang ke batho ba bantsi e e gaufi le Noka ya Joredane. Jesu le barutwa ba gagwe ba tla tlhoka go robala mo Samarea, ka jalo o roma bangwe gore ba ye go ba batlela marobalo. Batho ba motse mongwe ba gana go ba fa marobalo kgotsa go ba amogela ka tsela e baeng ba tlwaetseng go amogelwa ka yone, ka gonne Jesu o ya kwa Jerusalema kwa moletlong wa Bajuda. Jakobe le Johane ba botsa Jesu jaana ba galefile: “Morena, a o batla gore re bitse molelo go tswa kwa legodimong mme o ba nyeletse?” (Luke 9:54) Jesu o ba kgalemelela kakantsho eo ya bone ba bo ba tswelela ka loeto.

Fa ba ntse ba le mo tseleng, mokwadi mongwe o raya Jesu a re: “Moruti, ke tla go sala morago gongwe le gongwe kwa o yang gone.” Jesu o mo raya a re: “Bophokoje ba na le mengobo le dinonyane di na le dintlhaga, mme Morwa motho ene ga a na kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” (Mathaio 8:19, 20) Jesu o bontsha gore mokwadi yono o tla lebana le mathata fa a nna molatedi wa gagwe. Go bonala mokwadi yono a le boikgogomoso mo a ka se amogeleng tsela eno ya botshelo. Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa go re, ‘A ke ikemiseditse go latela Jesu?’

Jesu o raya monna yo mongwe a re: “Nna molaledi wa me.” Monna yoo o araba a re: “Morena, mma ke tsamaye ke ye go fitlha rre pele.” E re ka Jesu a itse maemo a monna yono, o mo raya a re: “Tlogela baswi ba fitlhe baswi ba bone, mme wena tsamaya, o itsise Bogosi Jwa Modimo gongwe le gongwe.” (Luke 9:59, 60) Go bonala rraagwe monna yono a ise a tlhokafale. Fa a ne a tlhokafetse, morwa yono a ka bo a se fano a bua le Jesu. Monna yono ga a ipaakanyetsa go baya Bogosi Jwa Modimo kwa pele mo botshelong jwa gagwe.

Fa ba ntse ba le mo tseleng ba atamela Jerusalema, monna yo mongwe o raya Jesu a re: “Ke tla go sala morago, Morena; mme ntetla pele ke ye go laela ba ntlo ya me.” Jesu o mo raya a re: “Motho ope fela yo e reng a tshwere mogoma a bo a leba dilo tse di kwa morago, ga a ka ke a tsena mo Bogosing Jwa Modimo.”—Luke 9:61, 62.

Batho botlhe ba ba batlang go nna barutwa ba ga Jesu, ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo tirong ya Bogosi. Fa motho a tshwere mogoma a bo a sa tswelele a lebile kwa pele, fa a lemang gone go tla sokama. Fa a baya mogoma fa fatshe a bo a leba se se diregang kwa morago, tiro e tla ema. Ka tsela e e tshwanang, ope fela yo o lebang kwa dilong tse di kwa morago tsa lefatshe leno, a ka fapoga mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.