Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 64

Botlhokwa Jwa go Itshwarela

Botlhokwa Jwa go Itshwarela

MATHAIO 18:21-35

  • A MOTHO O TSHWANETSE GO ITSHWARELA YO MONGWE GA SUPA?

  • SETSHWANTSHO SA MOTLHANKA YO O SENG KUTLWELOBOTLHOKO

Petere o utlwile Jesu a ba gakolola gore ba rarabolole dikgotlhang ka go leka go bua le motho yo o dirileng phoso lo le babedi fela. Le fa go ntse jalo, go bonala Petere a batla go itse gore motho o tshwanetse go leka go dira jalo ga kae.

Petere o botsa jaana: “Morena, ke tshwanetse go itshwarela morwarre ga kae fa a nteofetse? A e nne ga supa?” Baeteledipele bangwe ba bodumedi ba ruta gore motho o tshwanetse go itshwarela yo mongwe gararo. Ka jalo, Petere o akanya gore o tla bo a le pelotshweu tota fa a ka itshwarela morwarraagwe “ga supa.”—Mathaio 18:21.

Le fa go ntse jalo, kgang ya go bala gore motho o go leofetse ga kae, ga e dumalane le dithuto tsa ga Jesu. Ka jalo o gakolola Petere jaana: “Ke a go bolelela, e se ka ya nna ga supa, mme e nne ga 77.” (Mathaio 18:22) Ka mafoko a mangwe, seo se raya gore o tshwanetse go mo itshwarela gantsintsi fela a sa kgaotse. Ga go na selekanyo sa gore Petere a itshwarele morwarraagwe ga kae.

Go tswa foo, Jesu o bolelela Petere le ba bangwe setshwantsho, e le go ba thusa go lemoga gore ba na le boikarabelo jwa go itshwarela ba bangwe. Ke setshwantsho se se buang ka motlhanka yo o palelwang ke etsa mong wa gagwe yo o pelotlhomogi. Kgosi e batla gore batlhanka ba yone ba tle go duela dikoloto tsa bone. Go tlisiwa motlhanka mongwe yo o nang le sekoloto se segolo sa ditalenta di le 10 000 [didenario di le 60 000 000]. Ga a ka ke a kgona go duela sekoloto seo. Kgosi e laela gore motlhanka yono, mosadi wa gagwe le bana ba gagwe le dilo tsotlhe tse a nang le tsone, di rekisiwe mme go duelwe sekoloto seo. Ka jalo, motlhanka yono o khubama fa pele ga mong wa gagwe a bo a mo kopa a re: “Mphe nako tlhe, mme ke tla go duela sengwe le sengwe.”—Mathaio 18:26.

Kgosi e mo tlhomogela pelo e bile e mo utlwela botlhoko e bo e phimola sekoloto seo se segolo. Fa kgosi e sena go dira jalo, motlhanka yono o a tsamaya, mme o kopana le motlhanka yo mongwe yo a mo kolotang didenario di le 100. O phamola motlhanka yoo a bo a mo kgama a re: “Ntuela madi otlhe a o a nkolotang.” Mme motlhanka yoo yo mongwe o khubama fa pele ga gagwe a bo a mo kopa a re: “Mphe nako tlhe, mme ke tla go duela.” (Mathaio 18:28, 29) Le fa go ntse jalo, motlhanka yo kgosi e mo itshwaretseng, ga a batle go etsa mong wa gagwe. O laela gore motlhanka yo mogwe yoo, yo a mo kolotang madi a mannye thata, a tsenngwe mo kgolegelong go fitlha a mo duela.

Go tswa foo, Jesu o tlhalosa gore batlhanka ba bangwe ba ba boneng tiragalo eno e e utlwisang botlhoko, ba ya go bolelela mong wa bone mme o a galefa a bo a bitsa motlhanka yoo a re: “Motlhanka ke wena yo o bosula, ke ne ka phimola sekoloto sa gago sotlhe fa o ne o nthapela. A le wena o ne o sa tshwanela go utlwela motlhanka yo mongwe botlhoko fela jaaka le nna ke go utlwetse botlhoko?” Kgosi e laela badisa ba kgolegelo gore ba tsenye motlhanka yono yo o seng kutlwelobotlhoko mo kgolegelong go fitlha a duela sekoloto sa gagwe sotlhe. Jesu o konela jaana: “Rre yo o kwa legodimong o tla dirisana le lona ka tsela e e tshwanang fa mongwe le mongwe wa lona a sa itshwarele morwarraagwe ka pelo yotlhe.”—Mathaio 18:32-35.

Ruri eno ke thuto ya botlhokwa thata ka go itshwarela! Modimo o re itshwaretse sekoloto se segolo sa boleo. Phoso epe fela e mokaulengwe wa rona a re direlang yone, e nnye thata fa e bapisiwa le sekoloto seo. Gape Jehofa o re itshwarela gantsintsi, e seng gangwe fela. A ga re a tshwanela go itshwarela mokaulengwe wa rona gantsintsi, tota le fa re na le lebaka la go ngongorega? Jaaka Jesu a ile a bua mo Therong ya Kwa Thabeng, Modimo o tla ‘re itshwarela melato ya rona, jaaka le rona re itshwarela ba ba molato le rona.’—Mathaio 6:12.