Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 74

Dithuto ka go Amogela Baeng le go Rapela

Dithuto ka go Amogela Baeng le go Rapela

LUKE 10:38–11:13

  • JESU O ETELA MARATHA LE MAREA

  • GO RAPELA O SA KGAOTSE GO BOTLHOKWA

Ka fa botlhaba jwa Thaba ya Lotlhware, dikilometara di ka nna tharo go tswa kwa Jerusalema go na le motsana wa Bethani. (Johane 11:18) Jesu o ya kwa Motseng oo, a bo a ya kwa legaeng la ga Maratha le Marea. Bone le kgaitsadiabone e bong Lasaro ke ditsala tsa ga Jesu, mme ba mo amogela ka diatla tsoopedi.

Ke tlotla e kgolo go etelwa ke Mesia. Maratha o lebile pele go apeela Jesu dijo tse di monate, ka jalo o simolola go dira dijo tse dintsi. Fa Maratha a ntse a semeletse, Marea ene o ntse fa dinaong tsa ga Jesu o mo reeditse. Fa nako e ntse e ya, Maratha o raya Jesu a re: “Morena, a ga o re sepe fa nnake a ntlogetse ke dira dilo ke le nosi? Mmolelele gore a tle go nthusa.”—Luke 10:40.

Jesu ga a kgale Marea, go na le moo o gakolola Maratha ka gonne a tshwenyegile thata ka go dira dijo tse dintsi, a re: “Maratha, Maratha, o a tlhobaela e bile o tshwenyegile ka dilo tse dintsi. Mme gone, go tlhokega dilo di sekae fela, kgotsa se le sengwe fela. Marea ene o tlhophile selo sa botlhokwa, mme ga se kitla se tsewa mo go ene.” (Luke 10:41, 42) Jesu a re ga go tlhokege gore motho a fetse nako e ntsi a dira dijo tse dintsi. Go tlhokega dijo tse di motlhofonyana fela.

Se Maratha a se dirang ga se phoso. O batla go bontsha moya wa go amogela baeng. Mme e re ka a tlhomile mogopolo mo go direng dijo, seo se dira gore a se ka a utlwa dithuto tsa botlhokwa tse Morwa Modimo a di rutang! Jesu o gatelela gore Marea ene o tlhophile selo sa botlhokwa, se se tla mo solegelang molemo ka bosakhutleng e bile e le thuto ya botlhokwa e rotlhe re tshwanetseng go nna re e gopotse.

Mo lekgetlong le lengwe, Jesu o ruta thuto e nngwe gape mme le yone e le botlhokwa. Morutwa mongwe o raya Jesu a re: “Morena, re rute go rapela, fela jaaka Johane le ene a rutile barutwa ba gagwe.” (Luke 11:1) Jesu o setse a kile a dira jalo ngwaga pelenyana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng. (Mathaio 6:9-13) Le fa go ntse jalo morutwa yono a ka tswa a ne a seyo ka nako eo, ka jalo Jesu o boeletsa dintlha tsa botlhokwa. Go tswa foo o dira setshwantsho se se gatelelang botlhokwa jwa gore ba rapele ba sa kgaotse.

O ba raya a re: “A re re mongwe wa lona o na le tsala mme o ya kwa go yone bosigogare a bo a e raya a re, ‘Tsala, nkadime dinkgwe di le tharo, ka gonne tsala e nngwe ya me e sa tswa go nketela e tswa kgakala mme ga ke na sepe se nka mo fang sone.’ Le fa go ntse jalo, yo o mo teng ga ntlo o mo araba a re: ‘Tlogela go ntshwenya. Ke setse ke lotletse setswalo, le bongwanake ba bannye ba robetse le nna mo bolaong. Nka se kgone go tsoga ka go naya senkgwe.’ Ke a lo bolelela, le fa gone a ka se ka a tsoga mme a mo naya senkgwe ka gonne e le tsala ya gagwe, eleruri o tla tsoga a bo a mo naya sepe fela se a se tlhokang ka ntlha ya go bo a mo kopa a sa ineele.”—Luke 11:5-8.

Jesu ga a reye gore Jehofa ga a batle go reetsa dithapelo tsa rona jaaka tsala e go buiwang ka yone mo setshwantshong e ne e gana. Go na le moo, o bontsha gore fa e le gore motho yo o neng a sa batle go thusa tsala ya gagwe o kgonne go e araba ka gonne e ne e kopa e sa ineele, ga go pelaelo gore Rraarona yo o kwa legodimong o tla araba dithapelo tse di tswang pelong tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang! Jesu o tswelela a re: “Ke lo raya ke re, nnang lo kope mme lo tla newa; nnang lo batle mme lo tla bona; nnang lo kokote mme lo tla bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, mongwe le mongwe yo o batlang o a bona, e bile mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa.”—Luke 11:9, 10.

Go tswa foo Jesu o gatelela ntlha ya gagwe ka go dira pharologanyo fa gare ga borre ba batho le Jehofa, a re: “Tota ke rre ofe mo go lona yo e reng fa morwawe a mo kopa tlhapi a bo a mo naya noga mo boemong jwa tlhapi? Kgotsa fa a kopa lee a bo a mo naya phepheng? Ka jalo, fa lona, le fa gone lo le bosula, lo kgona go naya bana ba lona dimpho tse di molemo, ga go pelaelo gore Rraalona yo o kwa legodimong le ene o tla naya ba ba mo kopang moya o o boitshepo fa ba o kopa!” (Luke 11:11-13) Ruri go a kgatlha go itse gore Rraarona o iketleeleditse go re reetsa le go re naya se re se tlhokang!