Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 78

Molebedi yo o Boikanyego, Nna o Ipaakantse!

Molebedi yo o Boikanyego, Nna o Ipaakantse!

LUKE 12:35-59

  • MOLEBEDI YO O BOIKANYEGO O TSHWANETSE GO NNA A IPAAKANTSE

  • JESU O TLILE GO BAKA DIKGAOGANO

Jesu o tlhalositse gore ke ba “letsomanyane” fela ba ba tla amogelang manno mo Bogosing jo bo kwa legodimong. (Luke 12:32) Mme gone, go amogela tshiamelo eno ga se sengwe se se ka tsewang motlhofo. Tota e bile, o tswelela ka go gatelela gore go botlhokwa gore motho a nne le boikutlo jo bo siameng e le gore a nne karolo ya Bogosi joo.

Ka jalo, Jesu o gakolola barutwa ba gagwe gore ba nne ba ipaakanyeditse go boa ga gagwe. O ba raya a re: “Aparang mme lo nne lo ipaakantse e bile lo tshube dipone tsa lona, mme lo nne jaaka banna ba ba letetseng mong wa bone gore a boe kwa lenyalong, gore fa a goroga mme a kokota, ba tle ba mmulele ka bonako. Go itumela batlhanka ba e reng fa mong wa bone a tla a bo a ba fitlhela ba disitse!”—Luke 12:35-37.

Go nna motlhofo gore barutwa bano ba tlhaloganye boikutlo jo Jesu a bo tlhalosang mo setshwantshong seno. Batlhanka ba go buiwang ka bone ba ipaakantse e bile ba emetse go boa ga mong wa bone. Jesu o ba tlhalosetsa jaana: “Fa [mong] a tla ka nako ya bobedi ya go lebelela [mo e ka nnang ka 9:00 bosigo go fitlha bosigogare], le fa e le nako ya boraro [go tloga bosigogare go fitlha mo e ka nnang ka 3:00 mo mosong], a bo a ba fitlhela ba ipaakantse, ba tla itumela!”—Luke 12:38.

Kgang eno ga e bue fela ka badiri kgotsa batlhanka ba mo ntlong ba ba dirang ka natla. Seno se bonala sentle mo tseleng e Jesu, Morwa motho, a ikakaretsang ka gone mo setshwantshong seno. O raya barutwa ba gagwe a re: “Le lona, nnang lo ipaakantse, ka gonne Morwa motho o tla tla ka nako e lo sa e lebelelang.” (Luke 12:40) Ka jalo mo nakong e e tlang, Jesu o tlile go tla. O batla gore barutwa ba gagwe, segolobogolo ba “letsomanyane,” ba bo ba ipaakantse.

Petere o batla go tlhaloganya bokao jwa mafoko a ga Jesu sentle, ka jalo o mmotsa jaana: “Morena, a o bolelela rona fela setshwantsho seno kgotsa o se bolelela le batho botlhe?” Go na le gore Jesu a arabe Petere ka tlhamalalo, o dira setshwantsho seno: “Tota molebedi yo o boikanyego, yo o botlhale ke mang, yo mong wa gagwe a tla mo tlhomang gore a okamele setlhopha sa gagwe sa batlhokomedi gore a nne a ba naya dijo tse di lekaneng ka nako e e siameng? Ruri motlhanka yoo o tla itumela fa mong wa gagwe a goroga mme a mo fitlhela a dira jalo! Ammaaruri ke a lo bolelela, mong wa gagwe o tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.”—Luke 12:41-44.

Mo setshwantshong se a neng a se dira pelenyana, “mong” yo go buiwang ka ene ke Jesu, Morwa motho. Go bonala sentle gore “molebedi yo o boikanyego” o akaretsa banna ba e leng karolo ya “letsomanyane,” ba ba tla newang Bogosi. (Luke 12:32) Fano Jesu o tlhalosa gore mangwe a maloko a setlhopha seno a tla naya ‘setlhopha sa gagwe sa batlhokomedi dijo tse di lekaneng ka nako e e siameng.’ Ka jalo, Petere le balatedi ba bangwe ba ga Jesu ba a ba rutang le ba a ba nayang dijo tsa tshwantshetso, ba ka swetsa ka gore go tla nna le nako e Morwa motho a tla tlang ka yone. Mo nakong eo, go ne go tla nna le thulaganyo ya go tlamela balatedi ba ga Jesu ka dijo tsa tshwantshetso, ba e leng ‘setlhopha sa Mong sa batlhokomedi.’

Jesu o dirisa tsela e nngwe go gatelela lebaka la go bo barutwa ba gagwe ba tshwanetse go nna ba disitse le go ela tlhoko boikutlo jwa bone. Seo se botlhokwa ka gonne motho a ka nna a tsaya dilo motlhofo, tota le go ya bokgakaleng jwa gore a ganetse badumedimmogo le ene. O ba raya a re: “Fa motlhanka yoo a ka bua mo pelong a re, ‘Mong wa me o diega go tla,’ a bo a simolola go itaya batlhanka ba bangwe, a ja, a nwa e bile a tagwa, mong wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le a sa le lebelelang le ka nako e a sa e itseng, mme o tla mo otlhaya botlhoko a bo a mmaya le batho ba ba sa ikanyegeng.”—Luke 12:45, 46.

Jesu a re o tlile go “go gotsa molelo mo lefatsheng.” Mme o ne a dira jalo, ka gonne o ne a tsosa dikgang tse di dirang gore go nne le dikgaogano mme seo sa felela ka go fedisiwa ga dithuto le dingwao tsa maaka. Seno se kgaoganya le batho ba go lebeletsweng gore ba dirisane mmogo; se dira gore ‘rre a se ka a utlwana le morwawe le morwa a se ka a utlwana le rraagwe, mmê a se ka a utlwana le morwadie le morwadi a se ka a utlwana le mmaagwe, matsale a se ka a utlwana le ngwetsi le ngwetsi e se ka ya utlwana le matsale.’—Luke 12:49, 53.

Jesu o lebisitse mafoko ano segolobogolo mo barutweng ba gagwe. Morago ga moo, o leba kwa bathong bao. Bontsi jwa bone ba gana go amogela bosupi jwa gore ke ene Mesia, ka jalo o ba raya a re: “Fa lo bona leru le tlhatloga kwa bophirima, ka bonako fela lwa re, ‘Setsuatsue se etla,’ mme go direga jalo. Mme fa lo bona phefo e foka e tswa kwa borwa, lwa re, ‘Go tla nna mogote thata,’ mme go nna jalo. Baitimokanyi ke lona, lo kgona go lemoga gore maemo a bosa a tla nna jang, mme jaanong ke ka ntlha yang fa lo sa kgone go lemoga se se diregang mo nakong eno?” (Luke 12:54-56) Seno se bontsha gore tota ga ba a ipaakanya.