Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 68

Morwa Modimo ke “Lesedi la Lefatshe”

Morwa Modimo ke “Lesedi la Lefatshe”

JOHANE 8:12-36

  • JESU O TLHALOSA GORE MORWA KE MANG

  • BAJUDA KE BATLHANKA KA TSELA EFE?

Mo letsatsing la bofelo la Moletlo wa Metlaagana, e leng letsatsi la bosupa, Jesu o mo tempeleng mo karolong e e bidiwang “bobolokelamatlotlo,” mme o a ruta. (Johane 8:20; Luke 21:1) Karolo eno e ka tswa e le mo Lolwapeng Lwa Basadi, kwa batho ba tsenyang meneelo teng.

Fa go le bosigo ka nako ya moletlo, karolo eno ya tempele e nna e bonesitswe. Go na le ditlhomo tsa lobone tse dikgolo di le nnê, mme setlhomo sengwe le sengwe se na le dikotlele tse dikgolo di le nnê tse di tletseng leokwane. Lesedi la dipone tseno le kgona go bonesa kgakala. Jaanong se Jesu a se buang se ka tswa se gopotsa batho tiragalo eno, a re: “Ke nna lesedi la lefatshe. Ope fela yo o ntshalang morago ga a kitla a tsamaya mo lefifing, mme o tla nna le lesedi la botshelo.”—Johane 8:12.

Bafarasai ba ganetsa se Jesu a se buang, mme ba mo raya ba re: “O bolelela batho ka ga gago; bosupi jwa gago ga bo boammaaruri.” Jesu o ba raya a re: “Tota le fa ke bolelela batho ka ga me, bosupi jwa me bo boammaaruri, ka gonne ke itse kwa ke tswang gone le kwa ke yang gone. Mme lona ga lo itse kwa ke tswang gone le kwa ke yang gone.” O oketsa a re: “Mo Molaong wa lona go kwadilwe jaana: ‘Bosupi jwa batho ba babedi bo boammaaruri.’ Ke nna ke nayang bosupi ka ga me, le Rara yo o nthomileng o naya bosupi ka ga me.”—Johane 8:13-18.

E re ka Bafarasai bano ba sa dumalane le mabaka a ga Jesu, ba mmotsa ba re: “Rrago o kae?” Jesu o ba araba ka tlhamalalo a re: “Ga lo nkitse e bile ga lo itse Rre. Fa ruri lo ne lo nkitse, lo ka bo lo itse le Rre.” (Johane 8:19) Le fa gone Bafarasai ba sa ntse ba batla gore Jesu a tshwarwe, ga go na ope yo o mo tshwarang.

Jesu o boeletsa mafoko ano a a neng a a bua: “Ke a tsamaya, mme lo tla mpatla, le fa go ntse jalo lo tla swa lo ntse lo le baleofi. Kwa ke yang gone ga lo ka ke lwa tla gone.” E re ka Bajuda ba sa tlhaloganye mafoko ano a ga Jesu, ba ipotsa jaana: “Ga a tle go ipolaya, gakere? Ka gonne a re, ‘Kwa ke yang gone ga lo ka ke lwa tla gone.’” Ga ba tlhaloganye gore Jesu o bua ka eng ka gonne ga ba itse gore o tswa kae. O tlhalosa jaana: “Lona lo tswa kwa mafelong a a kwa tlase; nna ke tswa kwa mafelong a a kwa godimo. Lona lo tswa mo lefatsheng leno; nna ga ke tswe mo lefatsheng leno.”—Johane 8:21-23.

Jesu o bua ka botshelo jwa gagwe jwa kwa legodimong pele ga a tla mo lefatsheng le ka seabe sa gagwe sa go nna Mesia kgotsa Keresete, yo baeteledipele ba bodumedi ba tshwanetseng ba ka bo ba mo letetse. Le fa go ntse jalo, ba mmotsa jaana ka lenyatso le legolo: “Wena o mang?”—Johane 8:25.

Le fa gone batho bano ba sa amogele Jesu e bile ba mo ganetsa, o ba raya a re: “Gone ke buelang le lona tota?” Mme o tswelela a bua ka Rraagwe a bo a tlhalosa lebaka la go bo Bajuda ba tshwanetse go reetsa Morwa, a re: “Ene yo o nthomileng o boammaaruri, mme tsone dilo tse a di mpoleletseng ke di bua mo lefatsheng.”—Johane 8:25, 26.

Go tswa foo, Jesu o bontsha gore o ikanya Rraagwe, e leng selo se Bajuda bano ba sa se direng, a re: “Fa lo sena go pega Morwa motho mo koteng, ke gone lo tla itseng gore ke nna ene le gore ga ke dire sepe ka bonna; mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile. Mme Ene yo o nthomileng o na le nna; ga a ka a ntlogela ke le nosi, ka gonne ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.”—Johane 8:28, 29.

Mme gone, Bajuda bangwe ba dumela mo go Jesu, mme o ba raya a re: “Fa lo ikobela mafoko a me ka metlha, ruri lo barutwa ba me, e bile lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:31, 32.

Bangwe ba bone ba tsaya kgang eno ya go gololesega e gakgamatsa. Ba a mo ganetsa ba re: “Re bana ba ga Aborahame mme ga re ise re ko re nne batlhanka ba ga ope. Go tla jang gore o re, ‘Lo tla gololesega’?” Bajuda ba a itse gore ka dinako tse dingwe ba ne ba busiwa ke batho ba ditšhaba tse dingwe, mme gone ga ba batle go bidiwa batlhanka. Le fa go ntse jalo, Jesu o ba bontsha gore e sa ntse e le batlhanka, a re: “Ammaaruri ammaaruri ke a lo bolelela, mongwe le mongwe yo o dirang boleo ke motlhanka wa boleo.”—Johane 8:33, 34.

Bajuda bano ba mo kotsing ka gonne ba gana go dumela gore ke batlhanka ba boleo. Jesu o ba raya a re: “Motlhanka ga a nnele ruri mo ntlong ya mong wa gagwe; morwa ene o nna ka bosakhutleng.” (Johane 8:35) Motlhanka ga a na tshwanelo ya go newa boswa, e bile a ka nna a lelekwa nako nngwe le nngwe. Morwa yo o tsholetsweng kgotsa yo o godiseditsweng mo lapeng ke ene a nnang “ka bosakhutleng,” fa fela a sa ntse a tshela.

Ka jalo, boammaaruri ka Morwa, ke jone jo bo gololang batho mo boleong jo bo bakang loso. Jesu o ba raya a re: “Fa Morwa a lo golola, eleruri lo tla bo lo gololesegile.”—Johane 8:36.