Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 73

Mosamarea yo o Molemo

Mosamarea yo o Molemo

LUKE 10:25-37

  • TSELA YA GO BONA BOTSHELO JO BO SA KHUTLENG

  • MOSAMAREA O ITSHUPA GORE KE MOAGELANI WA MMATOTA

Fa Jesu a sa ntse a le gaufi le Jerusalema, Bajuda bangwe ba tla kwa go ene. Bangwe ba batla go ithuta mo go ene, mme ba bangwe bone ba batla go mo leka. Mongwe wa bone yo o itseng Molao thata, o mmotsa jaana: “Moruti, ke eng se ke tshwanetseng go se dira gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?”—Luke 10:25.

Jesu o lemoga gore monna yono ga a botse fela ka gonne a batla go itse. A ka tswa a batla gore Jesu a arabe ka tsela e e tla kgopisang Bajuda. Jesu o lemoga gore a ka tswa a akantse kgang nngwe e e rileng. Ka jalo, o mo araba ka tsela e e dirang gore a senole se a se akantseng.

Jesu o mmotsa jaana: “Go kwadilwe eng mo Molaong wa ga Moshe? O o tlhaloganya jang?” Monna yono o ithutile Molao wa Modimo, ka jalo o araba a dirisa se a se ithutileng. O nopola mafoko ano a a mo go Duteronome 6:5 le Lefitiko 19:18, a a reng: “‘O tshwanetse go rata Jehofa, Modimo wa gago, ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago le ka mogopolo otlhe wa gago,’ gape o tshwanetse ‘go rata moagelani wa gago jaaka o ithata.’” (Luke 10:26, 27) A ke yone karabo eo?

Jesu o mo raya a re: “O arabile sentle; tswelela o dira dilo tseno mme o tla bona botshelo.” Mme gone, a karabo eno e fedisa motlotlo wa bone? Monna yono ga a batle karabo e e tlhamaletseng fela. E re ka a batla “go itshupa gore o siame,” o batla gore Jesu a mo netefaletse gore tsela e a lebang dilo ka yone le e a tshwarang ba bangwe ka yone e siame. Ka jalo, o botsa jaana: “Tota moagelani wa me ke mang?” (Luke 10:28, 29) Potso eno e e lebegang e le motlhofo, e bua go le gontsi. Jang?

Bajuda ba dumela gore lefoko “moagelani” le kaya batho ba ba ikobelang dingwao tsa Sejuda fela, mme go ka bonala e kete Lefitiko 19:18 e tshegetsa seo. Tota e bile, Mojuda a ka nna a akanya gore “ga go ka fa molaong” gore a itsalanye le motho yo e seng Mojuda. (Ditiro 10:28) Ka jalo monna yono, gongwe le balatedi ba bangwe ba ga Jesu, ba akanya gore ba a bo ba dira se se siameng fa ba tshwara Bajuda ba bangwe sentle. Mme gone, ba ka nna ba se ka ba tshwara motho yo e seng Mojuda sentle, ka gonne ba akanya gore ga se “moagelani” wa bone.

Jesu o baakanya jang kakanyo eno e e phoso ntle le go kgopisa monna yono le Bajuda ba bangwe? O dira seo ka go bua setshwantsho seno, a re: “Monna mongwe o ne a tswa kwa Jerusalema a ya kwa Jeriko mme a tlhaselwa ke dinokwane, tse di neng tsa mo apola, tsa mo itaya di bo di tsamaya di mo tlogela a le gaufi le go swa.” Jesu o tswelela a re: “Jaanong ka yone nako eo go ne ga direga gore moperesiti mongwe a fete ka tsela eo, mme fa a mmona, o ne a feta fela kwa thoko. Ka tsela e e tshwanang, Molefi le ene o ne a tla mo lefelong leo a bo a mmona, mme o ne a feta fela kwa thoko. Le fa go ntse jalo, Mosamarea mongwe yo o neng a tsamaya mo tseleng eo o ne a fitlha mo lefelong leo, mme fa a mmona o ne a mo tlhomogela pelo.”—Luke 10:30-33.

Monna yo o bolelelwang setshwantsho seno o itse sentle gore baperesiti ba le bantsi le Balefi ba ba thusang kwa tempeleng ba nna kwa Jeriko. Fa ba tswa kwa tempeleng, ba tshwanelwa ke go tsamaya mo tseleng ya dikilometara di ka nna 23. Tsela eno e kotsi ka gonne e na le dinokwane. Fa moperesiti le Molefi ba bona Mojuda yo mongwe a le mo mathateng, a ga ba a tshwanela go mo thusa? Mo setshwantshong seno, Jesu o tlhalosa gore ga ba a ka ba mo thusa. O ne a thusiwa ke Mosamarea, motho wa setšhaba se Bajuda ba se nyatsang.—Johane 8:48.

Mosamarea o ne a thusa Mojuda yoo yo o gobetseng jang? Jesu o tswelela a re: “O ne a mo atamela mme a hapa dintho tsa gagwe, a di tshela leokwane le beine. Go tswa foo, o ne a mo pega mo tonking ya gagwe mme a mo isa kwa ntlong ya baeng a bo a mo tlhokomela. Letsatsi le le latelang o ne a ntsha didenario di le pedi, a di naya mong wa ntlo ya baeng a bo a re: ‘Mo tlhokomele, mme sepe fela se o tla se dirisang kwantle ga seno, ke tla se go duela fa ke boa.’”—Luke 10:34, 35.

Fa Jesu a sena go bua setshwantsho seno, o botsa monna yono potso eno e e dirang gore a akanye: “O akanya gore ke mang mo bathong bano ba bararo yo o bonalang a itirile moagelani wa monna yo o neng a tlhaselwa ke dinokwane?” Gongwe monna yono a ka tswa a tlhabiwa ke ditlhong go araba a re ‘ke Mosamarea,’ ka jalo o araba a re: “Ke yo o neng a mo utlwela botlhoko.” Go tswa foo, Jesu o gatelela ntlha ya setshwantsho seno ka go mo raya a re: “Tsamaya mme o dire se se tshwanang.”—Luke 10:36, 37.

Ono ke mokgwa o o molemo tota wa go ruta! Fa Jesu a ka bo a ile a bolelela monna yono fela gore batho ba e seng Bajuda le bone ke baagelani ba gagwe, a ene le Bajuda ba bangwe ba ba mo reeditseng ba ne ba tla dumela se a se buang? Ga go lebege jalo. Le fa go ntse jalo, o dira setshwantsho a dirisa dilo tse bareetsi ba gagwe ba kgonang go di tlhaloganya motlhofo, mme seno se dira gore ba tlhaloganye karabo ya potso e e reng, “Tota moagelani wa me ke mang?” Motho yo o itshupang gore ke moagelani wa mmatota o bontsha ba bangwe lorato le bopelonomi, fela jaaka Dikwalo di re laela go dira.