Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 6

Ngwana yo o Neng a Solofeditswe

Ngwana yo o Neng a Solofeditswe

LUKE 2:21-39

  • JESU O A RUPISIWA MME MORAGONYANA O ISIWA KWA TEMPELENG

Josefa le Marea ga ba boele kwa Nasaretha, go na le moo ba nna mo Bethelehema. Fela jaaka Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o laela, Jesu o a rupisiwa ka letsatsi la borobedi. (Lefitiko 12:2, 3) Gape go ne go tlwaelegile gore ngwana wa mosimane a tewe leina mo go lone letsatsi leo. Ka jalo, ba bitsa ngwana wa bone ba re ke Jesu, fela jaaka moengele Gabariele a ne a laetse.

Go setse go fetile kgwedi, e bile Jesu o na le malatsi a le 40 a tshotswe. Jaanong batsadi ba gagwe ba mo isa kwa tempeleng kwa Jerusalema, e e sekgalanyana go tswa kwa ba nnang teng. Molao wa ga Moshe o laela gore morago ga malatsi a le 40 fa mosadi a sena go tshola ngwana wa mosiamane, o tshwanetse go isa setlhabelo sa go iitshekisa kwa tempeleng.—Lefitiko 12:4-8.

Marea o dira seo. O ntsha setlhabelo ka maphoi a mannye a le mabedi. Seno se re bolelela sengwe ka itsholelo ya lelapa leno. Go ya ka Molao wa ga Moshe, motho o ne a tshwanetse go ntsha phelefu e potlana le lephoi kgotsa le leeba. Mme fa a sa kgone go ntsha phelefu, o ne a ka ntsha maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi. Ka jalo, Marea o ntsha setlhabelo ka maphoi a mabedi.

Fa Josefa le Marea ba le kwa tempeleng, monna mongwe yo o godileng o tla kwa go bone. Leina la gagwe ke Simeone. Modimo o ne a mo senoletse gore pele ga a swa, o tla bona Keresete kgotsa Mesia yo o solofeditsweng. Mo letsatsing leno, moya o o boitshepo o dira gore Simeone a ye kwa tempeleng, mme o fitlhela Josefa le Marea ba na le losea lwa bone. Simeone o tsaya losea lono.

Fa Simeone a ntse a tshotse Jesu, o leboga Modimo a re: “Jaanong, Morena Molaodimogolo, o tlogela motlhanka wa gago a tsamaya ka kagiso go ya ka se o se buileng, ka gonne matlho a me a bone motho yo o tla mo dirisang go boloka batho, ene yo o mo rometseng gore a bonwe ke batho botlhe. Ke lesedi le le tla tlosang lesire le le mo ditšhabeng e bile ke kgalalelo ya batho ba gago ba Iseraele.”—Luke 2:29-32.

Josefa le Marea ba a gakgamala fa ba utlwa seno. Simeone o a ba segofatsa a bo a bolelela Marea gore ngwana wa gagwe “ke ene yo o tla dirang gore batho ba le bantsi mo Iseraele ba we kgotsa ba tsoge” le gore Marea o tla utlwa botlhoko jaaka e kete o tlhabiwa ka tšhaka e e bogale.—Luke 2:34.

Gape go na le mosadi mongwe yo o leng teng fano mo letsatsing leno. Ke Ana, moporofeti yo o nang le dingwaga di le 84. Tota e bile, ga a ke a tlhokega kwa tempeleng. Le ene o ya kwa go Josefa, Marea le losea lwa bone. Ana o leboga Modimo a bo a bua ka Jesu mo go botlhe ba ba tla reetsang.

Ruri Josefa le Marea ba itumeletse go bona ditiragalo tseno fa ba le kwa tempeleng! Di ba tlhomamisetsa gore ngwana wa bone ke Ene yo Modimo a Neng a mo Solofeditse.