Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 15

Jesu o Dira Kgakgamatso ya Gagwe ya Ntlha

Jesu o Dira Kgakgamatso ya Gagwe ya Ntlha

JOHANE 2:1-12

  • LENYALO LA KWA KANA

  • JESU O FETOLA METSI GO NNA BEINE

Jaanong e setse e le letsatsi la boraro Nathanaele e le mongwe wa barutwa ba ntlha ba ga Jesu. Jesu le barutwa ba gagwe ba ya kwa bokone kwa kgaolong ya Galalea, e leng kgaolo e ba nnang mo go yone. Ba ya kwa motseng wa Kana, kwa Nathanaele a tswang gone. Motse wa Kana o mo dithabeng tse di kwa bokone jwa Nasaretha, kwa Jesu a goletseng gone. Ba laleditswe lenyalo kwa motseng oo.

Mmaagwe Jesu le ene o tlile lenyalong leno. E re ka Marea e le tsala ya lelapa la batho ba ba neng ba nyalana, go bonala a ne a thusa ka go tlhokomela baeng ba ba tlileng lenyalong. Ka jalo, o lemoga gore go na le sengwe se se tlhaelang, a bo a raya Jesu a re: “Ga ba na beine.”—Johane 2:3.

Tota Marea o akantsha gore Jesu a dire sengwe ka kgang eno. Jesu o bontsha gore ga a dumalane le ene ka go mo raya a re: “Mosadi, seo se ama nna le wena jang?” (Johane 2:4) E re ka Jesu e le Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, o batla gore Rraagwe yo o kwa legodimong e nne ene a kaelang se a se dirang, e seng ba losika kgotsa ditsala. Marea o dirisa temogo a bo a tlogelela kgang eno mo diatleng tsa ga morwawe, mme o raya ba ba direlang a re: “Lo dire sengwe le sengwe fela se a se lo bolelelang.”—Johane 2:5.

Go na le dinkgo tsa metsi di le thataro, nngwe le nngwe ya tsone e kgona go tladiwa ke dilitara di feta 40. Jesu o raya batlhokomedi a re: “Tlatsang dinkgo tseno ka metsi.” Go tswa foo o ba raya a re: “Jaanong gelelang mangwe a one mme lo a ise kwa morulaganying wa mokete.”—Johane 2:7, 8.

Morulaganyi wa mokete o itumelela beine eno e e monate thata mme ga a itse gore e dirilwe ka kgakgamatso. O bitsa monyadi a bo a mo raya a re: “Batho ba bangwe botlhe ba ntsha beine e e monate pele, mme fa batho ba tagilwe, ba ntsha ya maemo a a kwa tlase. Wena o ntse o beile beine e e monate go fitlha jaanong.”—Johane 2:10.

Eno ke kgakgamatso ya ntlha e Jesu a e dirang. Fa barutwa ba gagwe ba bona kgakgamatso eno, tumelo ya bone e nna maatla le go feta. Morago ga moo, Jesu, mmaagwe le bomonnawe ba ya kwa motseng wa Kaperenama o o kwa bokonebophirima jwa Lewatle la Galalea.