Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela, Boammaaruri le Botshelo

Tsela, Boammaaruri le Botshelo

Ga go pelaelo gore o a itumela fa o amogela dikgang tse di molemo. Mme go na le dikgang tse di molemo thata tse di kwaletsweng wena le ba lelapa la gago.

Dikgang tseno di mo Baebeleng, e leng buka e Mmopi wa lobopo lotlhe, Jehofa Modimo, a neng a tlhotlheletsa gore e kwalwe dingwaga di le dintsi tse di fetileng. Mo kgatisong eno, re tla tlotla ka dibuka tsa Baebele di le nnê tse di nang le dikgang tse di molemo tse di kwaletsweng batho botlhe. Dibuka tseno di bidiwa ka maina a banna ba Modimo a neng a ba tlhotlheletsa gore ba di kwale, e bong Mathaio, Mareko, Luke le Johane.

Batho ba le bantsi ba bitsa dipego tseno tse nnê ba re ke Diefangele. Ka bonê jwa tsone, di bua ka efangele kgotsa dikgang tse di molemo ka Jesu. Dikgang tseno ke tsa gore Jesu ke ene yo Modimo a tla mo dirisang go boloka batho, ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo jo bo kwa legodimong le gore o tla tlisetsa batho botlhe ba ba dumelang mo go ene masego a a tla nnelang ruri.—Mareko 10:17, 30; 13:13.

GORENG GO KWADILWE DIEFANGELE TSE NNÊ?

O ka tswa o kile wa ipotsa gore ke eng fa Modimo a ile a tlhotlheletsa gore go kwalwe dipego tse nnê tse di buang ka botshelo jwa ga Jesu le dithuto tsa gagwe.

Go na le melemo ya go bo go kwadilwe dipego tseno tse nnê tsa se Jesu a neng a se bua le se a neng a se dira. Ka sekai, akanya ka banna ba le banê ba eme go bapa le morutisi yo o itsegeng thata. Monna yo o emeng fa pele ga morutisi o na le ofisi ya lekgetho. Yo o emeng ka fa mojeng ke ngaka. Monna yo o reeditseng a le ka fa molemeng ke motshwaraditlhapi e bile ke tsala e kgolo ya morutisi yono. Monna wa bonê ene, ke mmogedi mme o mmotlana mo go ba bararo bano. Botlhe ba le banê ba a ikanyega, mme gone ba kgatlhegela dilo tse di farologaneng. Fa mongwe le mongwe wa bone a kwala pego ka se morutisi yono a se buang le se a se dirang, go ka direga gore dipego tseo tse nnê di akaretse dintlha kgotsa ditiragalo tse di farologaneng. Fa re sekaseka dipego tseno tse nnê re akantse ka kgang ya gore banna bano ba leba dilo ka ditsela tse di sa tshwaneng, re ka kgona go tlhaloganya ka botlalo se morutisi yono a neng a se bua le se a neng a se dira. Seno ke sekai se se maleba se se bontshang gore re ka solegelwa molemo ke go bo go na le dipego tseno tse nnê tse di buang ka botshelo jwa Morutisi yo Mogolo, e bong Jesu.

Mo sekaing sele sa rona, mokgethisi o batla gore dintlha tsa gagwe di kgatlhe Bajuda, ka jalo o kwala dithuto kgotsa ditiragalo dingwe ka tsela e e tla thusang batho ba a ba kwalelang. Monna yo e leng ngaka ene o bua ka go fodisiwa ga batho ba ba lwalang kgotsa ba ba golafetseng, ka jalo ga a kwale dintlha dingwe tse mokgethisi a di kwadilweng kgotsa o di rulaganya ka tsela e e farologaneng. Tsala ya morutisi yone e bua thata ka maikutlo le dinonofo tsa morutisi yono. Pego ya monna yo mmotlana yone, e khutshwane e bile e opa kgomo lonaka. Le fa go ntse jalo, dipego tsa banna bano botlhe di nepile. Seno se bontsha sentle gore dipego tse nnê tsa botshelo jwa ga Jesu, di godisa tsela e re tlhaloganyang ka yone se a neng a se dira, dithuto tsa gagwe le botho jwa gagwe.

Batho ba ka nna ba bua ka ‘Efangele ya ga Mathaio’ kgotsa ‘Efangele ya ga Johane.’ Seo ga se phoso, ka gonne nngwe le nngwe ya tsone e bua ka “dikgang tse di molemo ka Jesu Keresete.” (Mareko 1:1) Le fa go ntse jalo, tota go na le efangele e le nngwe, kgotsa dikgang tse di molemo ka Jesu, tse di fitlhelwang mo dipegong tseno tse nnê.

Baithuti ba le bantsi ba Lefoko la Modimo ba ile ba bapisa ditiragalo le dintlha tse di mo go Mathaio, Mareko, Luke le Johane gore ba bone gore a di a dumalana. Ka 170 C.E., mokwadi mongwe wa Mosiria yo o bidiwang Tatian o ne a tsaya matsapa a go dira jalo. E re ka a ne a lemoga gore dibuka tseno tse nnê di nepile e bile di tlhotlheleditswe, o ne a kwala buka e e bidiwang Diatessaron, e leng pego e e dumalanang ya botshelo le bodiredi jwa ga Jesu.

Buka eno ya Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo e dira se se tshwanang, mme gone yone e nepile e bile e feletse. Seno se a kgonega ka gonne gone jaanong re tlhaloganya botoka go diragadiwa ga dipolelelopele di le dintsi tse di buang ka Jesu le ditshwantsho tse a ileng a di bua. Seno se dira gore re tlhalose sentle dilo tse a neng a di bua le tse a neng a di dira, le kafa ditiragalo tseo di latelanang ka gone. Dilo tse di fitlheletsweng ke baithutamarope le tsone di re thusa go tlhaloganya dintlha dingwe le kafa bakwadi bano ba neng ba leba dilo ka gone. Ke boammaaruri gore ga go na motho ope yo o ka tlhalosang ka nepo gore ditiragalo tseno di ne di latelana jang. Mme gone, buka eno ya Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo e tlhalosa dintlha ka tsela e e tekatekano le e e utlwalang sentle.

TSELA, BOAMMAARURI LE BOTSHELO

Fa o ntse o itumelela go bala buka eno, leka go nna o akantse ka molaetsa wa botlhokwa thata o o kwaletsweng wena le batho ba o ba ratang. Gopola gore Jesu Keresete o ne a raya moaposetoloi Thomase a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa a sa tsene ka nna.”—Johane 14:6.

Buka eno ya Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo e tla go thusa gore o anaanele kafa Jesu e leng “tsela” ka gone. Ke ka ene fela re ka kgonang go rapela Jehofa Modimo. Mo godimo ga moo, Jesu ke ene tsela e e re thusang go agisana le Modimo. (Johane 16:23; Baroma 5:8) Ka jalo, ka ntlha ya gagwe re ka kgona go nna ditsala tsa Modimo.

Jesu ke “boammaaruri.” O ne a bua boammaaruri e bile a tshela go dumalana le jone. O ne a diragatsa dipolelelopele di le dintsi, mme di ne tsa nna “‘ee’ ka ene.” (2 Bakorintha 1:20; Johane 1:14) Dipolelelopele tseo di re thusa go lemoga seabe sa botlhokwa se a nang le sone mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa Modimo.—Tshenolo 19:10.

Gape Jesu Keresete ke “botshelo.” Fa a ne a ntsha thekololo ka botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng le ka madi a gagwe, o ne a dira gore re kgone go bona “botshelo jwa mmatota,” e leng, “botshelo jo bo sa khutleng.” (1 Timotheo 6:12, 19; Baefeso 1:7; 1 Johane 1:7) Gape Jesu o tla itshupa gore ke “botshelo” mo bathong ba le bantsintsi ba ba tlhokafetseng, ba ba tla tsosiwang gore ba kgone go tshelela ruri mo Paradaiseng.—Johane 5:28, 29.

Rotlhe re tlhoka go tlhaloganya le go anaanela seabe se Jesu a nang le sone mo boikaelelong jwa Modimo. E kete o ka itumelela go ithuta mo go oketsegileng ka Jesu, yo e leng “tsela le boammaaruri le botshelo.”