Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 1

“Seno ke se Lorato Lwa Modimo lo se Kayang”

“Seno ke se Lorato Lwa Modimo lo se Kayang”

“Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 JOHANE 5:3.

1, 2. Ke eng se se go tlhotlheletsang go rata Jehofa Modimo?

A O RATA Modimo? Fa e le gore o setse o ineetse mo go Jehofa Modimo, o tshwanetse wa bo o araba ka ee yo o kwa godimo mme seo se a tshwanela! Ke ga tlholego fela gore re rate Jehofa. Tota re rata Modimo ka go bo a re ratile pele. Baebele ya re: “Mme rona, re a rata, ka gonne [Jehofa] a re ratile pele.”—1 Johane 4:19.

2 Jehofa o tsere matsapa a go re bontsha lorato. O re neile legae le lentle mo lefatsheng. O re tlamela ka dilo tse re di tlhokang mo mmeleng le tse dingwe tse re di tlhokang mo botshelong. (Mathaio 5:43-48) Sa botlhokwa le go feta, o re tlhokomela ka dilo tse re di tlhokang semoyeng. O re neile Lefoko la gagwe, Baebele. Gape o re kopa gore re mo rapele mme o re solofetsa gore o tla re utlwa e bile o tla re naya moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa. (Pesalema 65:2; Luke 11:13) Mo godimo ga moo, o rometse Morwawe yo o rategang thata go tla go nna Morekolodi wa rona e le gore re tle re gololwe mo boleong le mo losong. A bo Jehofa a re bontshitse lorato lo logolo jang ne!—Bala Johane 3:16; Baroma 5:8.

3. (a) Re tshwanetse go dira eng gore re nne re le mo loratong lwa Modimo? (b) Ke potso efe e e botlhokwa e re tshwanetseng go e sekaseka, mme karabo e fitlhelwa kae?

3 Jehofa o batla gore re solegelwe molemo ke lorato lwa gagwe ka bosakhutleng. Le fa go ntse jalo, tota go ikaegile ka rona gore a re tla solegelwa molemo ke lorato lwa gagwe kgotsa nnyaa. Lefoko la Modimo le re gakolola jaana: “Ipolokeng mo loratong lwa Modimo . . . lo solofetse botshelo jo bo sa khutleng.” (Jude 21) Lefoko le le reng “ipolokeng” le kaya gore re tlhoka go tsaya kgato gore re nne re le mo loratong lwa Modimo. Re tlhoka go tsibogela lorato lwa gagwe ka go dira dilo dingwe. Ka jalo potso e e botlhokwa e re tshwanetseng go e sekaseka, ke eno, ‘Nka bontsha jang gore ke rata Modimo?’ Karabo e fitlhelwa mo mafokong ano a a tlhotlheleditsweng a ga moaposetoloi Johane: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) Re tshwanetse go sekaseka bokao jwa mafoko ano ka kelotlhoko, ka gonne re batla go bontsha Modimo wa rona gore re mo rata fela thata.

“SENO KE SE LORATO LWA MODIMO LO SE KAYANG”

4, 5. (a) Mafoko a a reng “lorato lwa Modimo” a kaya eng? (b) Tlhalosa kafa o simolotseng ka gone go rata Jehofa.

4 Fa moaposetoloi Johane a ne a kwala mafoko a a reng “lorato lwa Modimo” o ne a akantse ka eng? Mafoko ano ga a kaye lorato lo Modimo a re ratang ka lone mme a kaya lorato lo rona re mo ratang ka lone. A o gakologelwa gore o simolotse leng go rata Jehofa?

Boineelo le kolobetso ke tshimologo ya botshelo jwa go utlwa Jehofa ka go rata

5 Akanya go se kae ka nako ya fa o ne o simolola go ithuta boammaaruri ka Jehofa le ka maikaelelo a gagwe o bo o simolola go nna le tumelo. O ne wa lemoga gore le fa o tshotswe o le moleofi yo o tlhoboganeng le Modimo, Jehofa ka Keresete o ne a go bulela tsela ya gore o kgone go bona botshelo jo bo itekanetseng le jo bo sa khutleng jo bo latlhegetseng Adame. (Mathaio 20:28; Baroma 5:12, 18) O ne wa simolola go lemoga botlhokwa jwa se Jehofa a se dirileng ka go romela Morwawe yo o rategang thata gore a go swele. O ne wa tlhotlheletsega gore o simolole go rata Modimo yo o go bontshitseng lorato lo logolo jalo.—Bala 1 Johane 4:9, 10.

6. Lorato lwa mmatota lo bontshiwa jang, mme go rata Modimo go go tlhotlheleditse go dira eng?

6 Le fa go ntse jalo, boikutlo joo e ne e le tshimologo fela ya go rata Jehofa ka lorato lwa mmatota. Lorato ga se boikutlo fela. Go rata Modimo ka lorato lwa mmatota, ga se go bua fela o re, “Ke rata Jehofa.” Fela jaaka tumelo, lorato lwa mmatota lo bonala ka ditiro tse lo tlhotlheletsang motho gore a di dire. (Jakobe 2:26) Re bontsha lorato lwa rona ka go dira dilo tse di itumedisang motho yo re mo ratang. Ka gone, fa o ne o simolola go rata Jehofa tota, o ne wa tlhotlheletsega go batla go tshela ka tsela e e itumedisang Rrago yo o kwa legodimong. A o Mosupi yo o kolobeditsweng? Fa go le jalo, o ne wa dira tshwetso e e botlhokwa thata mo botshelong jwa gago ka ntlha ya lorato lono lo logolo le go ikanya Jehofa. O ne wa ineela mo go Jehofa gore o dire thato ya gagwe, mme o ne wa tshwantshetsa boineelo jwa gago ka go kolobediwa. (Bala Baroma 14:7, 8.) Go diragatsa maikano a a masisi a re a direlang Jehofa go akaretsa se moaposetoloi Johane a se umakang morago ga foo.

“RE BOLOKE DITAELO TSA GAGWE”

7. Ditaelo dingwe tsa Modimo ke dife, mme go di boloka go akaretsa eng?

7 Johane o tlhalosa se lorato lwa Modimo lo se bolelang: “Re boloke ditaelo tsa gagwe.” Ditaelo tsa Modimo ke eng? Jehofa o re naya ditaelo di le mmalwa tse di tlhamaletseng mo Lefokong la gagwe, Baebele. Ka sekai, o iletsa mekgwa e e tshwanang le botagwa, kgokafalo, kobamelo ya medingwana, go utswa le go bua maaka. (1 Bakorintha 5:11; 6:18; 10:14; Baefeso 4:28; Bakolosa 3:9) Go boloka ditaelo tsa Modimo go akaretsa go tshela tumalanong le melao ya boitsholo e e tlhalosiwang sentle mo Baebeleng.

8, 9. Re ka itse jang se se itumedisang Jehofa le mo maemong a go se nang molao o o tlhamaletseng wa Baebele? Dira sekai.

8 Le fa go ntse jalo, e le gore re itumedise Jehofa, ga re ikobele fela ditaelo tsa gagwe tse di tlhamaletseng. Jehofa ga a re thibele go dira dilo dingwe ka go re beela melao e e laolang karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. Ka gone, letsatsi le letsatsi, re ka nna ra kopana le maemo a le mantsi a go se nang ditaelo tse di tlhamaletseng tsa Baebele malebana le one. Mo maemong ao, re ka itse jang se se tla itumedisang Jehofa? Baebele e na le dintlha tse di bontshang sentle tsela e Modimo a akanyang ka yone. Fa re ntse re ithuta Baebele, re ithuta se Jehofa a se ratang le se a se tlhoileng. (Bala Pesalema 97:10; Diane 6:16-19) Re simolola go lemoga mekgwa le ditiro tse a di ratang. Fa re ntse re ithuta ka botho jwa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe, re tla kgona go dira gore tsela e a akanyang ka yone e kaele ditshwetso tsa rona mme e tlhotlheletse dilo tse re di dirang. Ka jalo, tota le mo maemong a go se nang molao o o tlhamaletseng wa Baebele, gantsi re ka lemoga “se e leng thato ya ga Jehofa.”—Baefeso 5:17.

9 Ka sekai, Baebele ga e na molao ope o o tlhamaletseng o o re bolelelang gore re se ka ra lebelela dibaesekopo kgotsa mananeo a thelebishene a a bontshang thubakanyo e e maswe kgotsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. A mme tota re tlhoka molao o o tlhamaletseng o o re iletsang gore re se ka ra lebelela dilo tse di ntseng jalo? Re a itse gore Jehofa o leba dilo tseno jang. Lefoko la gagwe le re bolelela jaana ka tlhamalalo: “Moya wa [ga Jehofa] o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Gape la re: “Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” (Bahebera 13:4) Fa re akanya ka mafoko ao a a tlhotlheleditsweng, re ka kgona go lemoga sentle se e leng thato ya ga Jehofa. Ka jalo ga re tlhophe go intsha bodutu ka go lebelela ditshwantsho tse di maswe tse di bontshang mekgwa e Modimo wa rona a e ilang. Re a itse gore Jehofa o a itumela fa re tila boitsholo jo bo leswe jo lefatshe leno le lekang go dira e kete ke boitlosobodutu jo bo seng kotsi. *

10, 11. Ke ka ntlha yang fa re tlhopha go utlwa Jehofa, mme re mo utlwa ka tsela efe?

10 Lebaka la konokono la go bo re ikobela ditaelo tsa Modimo ke lefe? Ke ka ntlha yang fa letsatsi le letsatsi re batla go tshela go dumalana le se re itseng gore ke tsela ya Modimo ya go akanya? Ga re tlhophe go dira jalo ka go bo re sa batle go otlhaiwa kgotsa re tila diphelelo tse di kotsi tse di tlelang batho ba ba itlhokomolosang thato ya Modimo. (Bagalatia 6:7) Go na le moo, re leba go utlwa Jehofa e le tsela e e molemo ya go bontsha gore re a mo rata. Fela jaaka ngwana a batla gore rraagwe a mo amogele, le rona re batla gore Jehofa a re amogele. (Pesalema 5:12) Ke Rraarona, mme re a mo rata. Ga go na sepe se se re itumedisang thata kgotsa se se dirang gore re kgotsofale tota go feta go itse gore re tshela ka tsela e e ‘amogelwang ke Jehofa.’—Diane 12:2.

11 Ka jalo, ga re nne kutlo jaaka e kete re a patelediwa; le gone ga re tlhophe gore re tla nna kutlo mo dilong dife kgotsa mo maemong afe. * Ga re itlhophele gore re tla ikobela ditaelo dife le gore re tla itlhokomolosa dife, re bo re ikoba fela fa go re siametse kgotsa fa go dira jalo go sa bake bothata jo bo kalo kgotsa go sa bake bothata bope. Go na le moo, re ‘nna kutlo go tswa pelong.’ (Baroma 6:17) Re ikutlwa fela jaaka mopesalema wa Baebele yo o neng a re: “Ke tla bontsha go rata ditaelo tsa gago tse ke di ratileng.” (Pesalema 119:47) Ee, re rata go ikobela Jehofa. Re lemoga gore o tshwanelwa ke gore re mo utlwe e bile o batla gore re mo utlwe ka mo go feletseng le mo maemong otlhe. (Duteronome 12:32) Re batla gore Jehofa a bue ka rona se Lefoko la gagwe le se buang ka Noa. Baebele e bolela jaana malebana le monna yono yo o ikanyegang yo e neng e le tlhogo ya lotso, yo o neng a bontsha go rata Modimo ka go nna kutlo ka dingwaga di le dintsi: “Noa a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.”—Genesise 6:22.

12. Go nna kutlo ga rona go ipedisa pelo ya ga Jehofa fa re dira eng?

12 Jehofa o ikutlwa jang fa re nna kutlo ka go rata? Lefoko la gagwe la re fa re dira jalo re ‘ipedisa pelo ya gagwe.’ (Diane 27:11) A go nna kutlo ga rona go ipedisa pelo ya Morena Molaodimogolo wa lobopo? Ee, go a mo ipedisa—mme o na le lebaka le le utlwalang la go ipela. Jehofa o re bopile re na le kgololesego ya go itlhophela. Re ka tlhopha go ikobela Modimo kgotsa ra tlhopha go se mo ikobele. (Duteronome 30:15, 16, 19, 20) Fa re tlhopha go ikobela Jehofa ka go rata mme re tlhotlhelediwa go dira jalo ke go bo re mo rata thata, re itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong thata. (Diane 11:20) Gape re a bo re tlhopha tsela e e molemolemo ya botshelo.

“DITAELO TSA GAGWE GA DI IMELE”

13, 14. Ke ka ntlha yang fa go ka twe ‘ditaelo tsa Modimo ga di imele,’ mme seno se ka tshwantshiwa jang?

13 Moaposetoloi Johane o re bolelela sengwe se se kgothatsang tota ka ditaelo tsa ga Jehofa: “Ditaelo tsa gagwe ga di imele.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore ‘imela’ mo go 1 Johane 5:3 totatota le kaya “boima.” * Thanolo e nngwe ya Baebele ya re: “Ditaelo tsa gagwe ga di re gatelele.” (New English Translation) Ditaelo tsa ga Jehofa ga di gatelele. Batho ba ba sa itekanelang ba ka kgona go ikobela melao ya gagwe.

14 Re ka tshwantsha seno jaana. Tsala e o atamalaneng thata le yone e go kopa gore o e thuse go fudugela kwa legaeng le sele. Go na le mabokose a le mantsi a a tshwanetseng go isiwa koo. Mangwe a mabokose ano a motlhofo mme a ka tsholediwa ke motho a le mongwe, mme a mangwe a boima mme go tlhokega batho ba le babedi gore ba a tsholetse. Tsala ya gago e tlhopha mabokose a e batlang gore o a tsholetse. A o ne a tla go kopa go tsholetsa mabokose a a itseng gore a tla go imela? Nnyaa. O ne a se kitla a batla gore o ikgobatse ka go leka go a tsholetsa o le esi. Ka tsela e e tshwanang, Modimo wa rona yo o lorato le yo o pelonomi ga a re kope gore re boloke ditaelo tse di boima thata. (Duteronome 30:11-14) A ka se ka a re kopa go rwala morwalo o o ntseng jalo o o boima. Jehofa o tlhaloganya ditlhaelo tsa rona, ka gonne “o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.”—Pesalema 103:14.

15. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore ditaelo tsa ga Jehofa di solegela rona molemo?

15 Ruri ditaelo tsa ga Jehofa ga di imele; di re solegela molemo thata. (Bala Isaia 48:17.) Moshe o ne a ka raya Baiseraele ba bogologolo a re: “Jehofa o ne a re laela gore re diragatse melao eno yotlhe, go boifa Jehofa Modimo wa rona gore re tswelwe molemo ka metlha, gore re nne re ntse re tshela jaaka mo letsatsing leno.” (Duteronome 6:24) Le rona re ka tlhomamisega gore fa Jehofa a re naya melao ya gagwe, o re batlela se se molemo—o batla gore re tshele sentle ka bosakhutleng. Go ne go ka se kgonege gore Jehofa a re laele gore re dire sengwe se se neng se tla re utlwisa botlhoko. Jehofa ke Modimo yo o nang le botlhale jo bo se nang selekanyo. (Baroma 11:33) Ka jalo o itse se se tla re solegelang molemo. Gape Jehofa ka boene ke lorato. (1 Johane 4:8) Lorato, sone se tota a leng sone, lo tlhotlheletsa sengwe le sengwe se a se buang le se a se dirang. Ditaelo tsotlhe tse a di nayang batlhanka ba gagwe di theilwe mo loratong.

16. Ke ka ntlha yang fa re ka nna kutlo le fa re tlhotlhelediwa ke lefatshe leno le le sa siamang le bosaitekanelang jwa rona?

16 Seno ga se reye gore go utlwa Modimo ke selo se se motlhofo go se dira. Re tshwanetse go tila ditlhotlheletso tsa lefatshe leno le le sa siamang, le le ‘namaletseng mo maatleng a yo o boikepo.’ (1 Johane 5:19) Gape re tshwanetse go lwantsha bosaitekanelang, jo bo dirang gore re sekamele mo go tloleng melao ya Modimo. (Baroma 7:21-25) Mme re ka kgona go rata Modimo. Jehofa o segofatsa ba ba batlang go bontsha gore ba a mo rata ka go mo utlwa. O naya “ba ba mo utlwang jaaka mmusi” moya wa gagwe o o boitshepo. (Ditiro 5:32) Moya oo, o dira gore re nne le maungo a a molemo a a ka re thusang go nna kutlo.—Bagalatia 5:22, 23.

17, 18. (a) Re tla sekaseka eng mo bukeng eno, mme fa re ntse re dira jalo, re tshwanetse go nna re gakologetswe eng? (b) Go tla tlotliwa ka eng mo kgaolong e e latelang?

17 Mo bukeng eno, re tla sekaseka melaometheo ya ga Jehofa le melao ya boitsholo le dilo tse dingwe tse dintsi tse di bontshang se thato ya gagwe e leng sone. Fa re ntse re di sekaseka, re tshwanetse go nna re gakologetswe dilo di le mmalwa tse di botlhokwa. A re gakologelweng gore Jehofa ga a re pateletse gore re ikobele melao le melaometheo ya gagwe; o batla gore re mo utlwe ka go rata go tswa pelong. Re se ka ra lebala gore Jehofa o batla gore re tshele ka tsela e e tla re leretseng masego a le mantsi gone jaanong le e e tla dirang gore re bone botshelo jo bo sa khutleng mo isagweng. Mme a re tseyeng go nna kutlo ga rona ka pelo yotlhe e le tsela e e molemo ya go bontsha Jehofa gore re mo rata fela thata.

18 Jehofa o re neile segakolodi go re thusa go lemoga se se siameng le se se phoso. Le fa go ntse jalo, gore segakolodi sa rona se re kaele ka tsela e e ikanyegang, se tshwanetse go thapisiwa, jaaka kgaolo e e latelang e tla bontsha.

^ ser. 11 Tota le meya e e boikepo e ka ikoba le fa e sa rate. Fa Jesu a ne a laela madimona gore a tswe mo bathong bangwe ba ba neng ba na le one, madimona a ne a patelesega go lemoga gore o na le maatla mme a ne a ikoba, le fa a ne a sa rate.—Mareko 1:27; 5:7-13.

^ ser. 13 Mo go Mathaio 23:4, lefoko leno le dirisiwa go tlhalosa “merwalo e e boima,” melao e mentsintsi le dingwao tse di itiretsweng ke batho tse bakwadi le Bafarasai ba neng ba di imetsa batho ba ba tlwaelegileng. Lone lefoko leno le ranolwa e le ‘gatelela’ mo go Ditiro 20:29, 30 mme le kaya batlhanogi ba ba gatelelang ba ba neng ba tle ba bue “dilo tse di sokameng” le go batla go timetsa ba bangwe.