Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Badimona Ba Tlhotlheletsa Botsuolodi Kgatlhanong le Modimo

Badimona Ba Tlhotlheletsa Botsuolodi Kgatlhanong le Modimo

Dingwao tse dingwe di dirilwe go ikaegilwe ka maaka a gore batho ba ba suleng ba kgona go re bona

Mme ke ka ntlha yang fa Satane le badimona ba gagwe ba dira ka natla jaana go tsietsa batho? Gonne ba batla gore re tsuologe jaaka bone. Ba batla gore re ba obamele. Ba batla gore re dumele maaka a bone le go dira dilo tseo Jehofa a sa di batleng. Dingwe tsa dilo tseno di akaretsa dingwao tse di amanang le baswi.

Loso lwa motho yo o mo ratang lo utlwisa maikutlo botlhoko tota, mme go tlwaelegile ebile go siame go supa fa o utlwile botlhoko. E ne ya re fa tsala ya ga Jesu ebong Lasaro e sena go swa, Jesu o ne “a lela.”—Yohane 11:35.

Go na le dingwao tse dintsi tse di amanang le loso, mme di farologana thata mo lefatsheng lotlhe. Bontsi jwa tsone ga di kgatlhanong le Bibela. Lefa go ntse jalo, ditiro tse dingwe di thailwe mo kgopolong ya gore batho ba ba suleng ba a tshela le gore ba kgona go bona ba ba tshelang. Ditebelelo, go hutsafala ka tsela e e feteletseng, le mekete e megolo thata ya phitlho tsotlhe di dirwa go itumedisa batho ba ba suleng. Mme ereka baswi “ba sa itse sepè,” ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo ba tsweledisa maaka a ga Satane fela.—Moreri 9:5.

Dingwao tse dingwe di thailwe mo maakeng a gore baswi ba tlhoka thuso ya rona

Dingwao tse dingwe kana meletlo e mengwe e tswa mo tumelong ya gore batho ba ba suleng ba tlhoka thuso ya ba ba tshelang mme ba tla gobatsa ba ba tshelang fa ba sa ba itumedise. Mo dinageng tse dingwe go dirwa meletlo le ditlhabelo ka malatsi a le 40 kana ngwaga otlhe fa motho a sena go swa. Seno go bolelwa se tshwanetse go thusa motho yo o suleng gore a ‘fetele’ kwa lefelong la moya. Tiro nngwe gape e e tlwaelegileng thata ke go naya baswi dijo le dino.

Dilo tseno di phoso gonne di tsweledisa maaka a ga Satane ka batho ba ba suleng. A Jehofa o tla itumela fa re nna le seabe mo dingwaong dipe fela tseo di thailweng mo thutong ya badimona? Legoka!—2 Bakorintha 6:14-18.

Batlhanka ba Modimo wa boammaaruri ga ba nne le seabe sepe mo ditirong dipe tse di tshegetsang maaka a ga Satane. Go na le moo, ka lorato ba thusa le go gomotsa ba ba tshelang thata. Ba itse gore fa motho a sena go swa, ke Jehofa fela a ka thusang motho yo o ntseng jalo.—Yobe 14:14, 15.

Modimo O Kgala Tirisabadimo

Batho ba bangwe ba ikgolaganya le badimona ka tlhamalalo kana ka motho yo o kgonang go bua le badimo. Seno se bidiwa tirisabadimo. Voodoo, boloi, boselamose, go bolelela dilo pele, le go bua le batho ba ba suleng ke dikarolo tse di farologaneng tsa tirisabadimo.

Modimo o kgatlhanong le dilo tse di bosula tseno. O batla gore re ineele mo go ene ka botlalo.—Ekesodo 20:5

Bibela e kgala dilo tseno ka go bolela jaana: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè eo o . . . moitseanape, leha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, kgotsa eo o lōañ, Leha e le mophekodi, kgotsa eo o buañ le badimo, kgotsa ñaka ea bola, kgotsa eo o botsañ bashwi. Gonne leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo go Yehofa.”—Duteronome 18:10-12.

Ke ka ntlha yang fa Jehofa a re tlhagisa ka maatla jaana kgatlhanong le ditiro tseo?

Jehofa o re tlhagisa kgatlhanong le mefuta yotlhe ya tirisabadimo gore re se tlhagelwe ke kotsi. O rata batho ba gagwe ebile o amega ka bone, o itse le gore bao ba amanang le badimona ka tsela nngwe ba tlile go boga tota.

Motho mongwe yo o ntseng jalo e ne e le Nilda, wa kwa Brazil, yoo a neng a bua le badimona. Badimona ba ne ba tlhakatlhakanya botshelo jwa gagwe. O anela jaana: “Meya . . . e ne e ntshotse, e ntaola. Ke ne ke nnela go idibala le go tsoga fela mme ke ne ka nna le mathata a tlhaloganyo. Badimona ba ne ba mpogisa mo ditshika tsa me tsa tlhogo di neng tsa amega. Ke ne ke nwa dipilisi tse di okobatsang mme ka simolola go nwa le go goga thata. Seno se ne sa diragala ka dingwaga di le dintsi.”

Bao ba dirisanang le badimona ba tlhagelwa ke dikotsi. Ba ka latlhegelwa ke magae a bone, kgololesego ya bone, le eleng matshelo a bone

Fa nako e ntse e tsamaya, Nilda o ne a kgona go tswa mo tlhotlheletsong ya badimona mme jaanong o tshela botshelo jo bo siameng, jo bo kgotsofatsang tota gonne a ne a thusiwa ke Jehofa le Basupi ba gagwe ba ba mo lefatsheng. O bolela jaana: “Ke kgothatsa botlhe, gore le ka letsatsi le le lengwe, ba se ka ba bo ba nna le kamano le meya e e [bosula].”