Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dibopiwa tsa Moya Tse Di Iseng Di Ko Di Tshele Ebile Di Ise Di Ko Di Swele mo Lefatsheng

Dibopiwa tsa Moya Tse Di Iseng Di Ko Di Tshele Ebile Di Ise Di Ko Di Swele mo Lefatsheng

Dibopiwa tsa moya di teng! Go na le dibopiwa tsa moya tse di molemo le tse di bosula mo lefelong le le sa bonaleng la moya. A ke batho ba ba kileng ba tshela ba bo ba swela mo lefatsheng?

Nnyaa, ga se bone. Fa motho a swa, ga a fetele kwa lefatsheng lengwe la moya, jaaka batho ba bantsi ba akanya. Re itse jang gore go ntse jalo? Gonne Bibela e bolela jalo. Bibela ke buka e e bolelang boammaaruri e e tswang mo Modimong o o osi wa boammaaruri, oo leina la one e leng Jehofa. Jehofa ke ene a bopileng batho; o itse sentle se se ba diragalelang fa ba swa.—Pesalema 83:18; 2 Timotheo 3:16.

Adame o ne a tswa mo loroleng, a bo a boela mo loroleng

Bibela e bolela gore Modimo o ne wa bopa motho wa ntlha, Adame, “ka lorole loa mbu.” (Genesise 2:7) Modimo o ne wa mmaya mo Paradaiseng eleng mo tshimong ya Edene. Fa Adame a ne a ile a ikobela molao wa ga Jehofa, a ka bo a sa swa; a ka bo a santse a tshela le gompieno. Mme Modimo o ne wa bolelela Adame jaana fa a sena go tlola molao wa gagwe fela ka boomo: ‘O tla boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one: gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.’—Genesise 3:19.

Seno se kaya eng? Gone mme, Adame o ne a le kae pele Jehofa o mmopa ka lorole? O ne a se gope fela. E ne e se sebopiwa sengwe sa moya se se neng se ise se tsholwe se le kwa legodimong. O ne a seyo. Ka jalo fa Jehofa a ne a re Adame o tla “boèla mo mbuñ,” o ne a raya gore Adame o tla swa. Ga a ka a fetela kwa lefelong lengwe la moya. E ne ya re fa Adame a swa, o ne a boela gape a fetoga motho yo o senang botshelo, o ne a se ka a tlhola a nna teng. Loso ke fa botshelo bo seyo.

Mme go diragetseng ka ba bangwe ba ba suleng? A le bone ga bayo? Bibela e araba jaana:

  • “Cotlhe hèla [batho mmogo le diphologolo] di ea heloñ go le goñwe hèla; Cotlhe di cwa mo mbuñ, me cotlhe di hetoge mbu gapè.”—Moreri 3:20.

  • “Bashwi ga ba itse sepè.”—Moreri 9:5.

  • “Go le loratō loa bōnè, le kilō, le bopelotshètlha, yanoñ go nyeletse gotlhe hèla.”—Moreri 9:6.

  • “Ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ, kwa u eañ gōna.”—Moreri 9:10.

  • ‘[Motho] o boela mo mmung wa gagwe, ka letsatsi leo fela maikaelelo a gagwe a nyelele.’—Pesalema 146:4.

Batho ba ba tshelang ke bone fela ba ka dirang dilo tseno

A o fitlhela go le thata go dumela ditemana tseno? Fa go ntse jalo, akanya ka seno: Mo malapeng a mantsi monna ke ene a dirang go bona madi a go tlamela lelapa la gagwe. Fa monna a swa, gantsi lelapa la gagwe le a sotlega. Ka dinako tse dingwe mosadi wa gagwe le bana ga ba nne le madi a a lekaneng go reka dijo. Gongwe go diragala gore baba ba monna wa gagwe ba ba bogise. Jaanong a o ko o ipotse jaana: ‘Fa e le gore monna yoo o a tshela mo lefelong la moya, ke ka ntlha yang fa a sa tswelele ka go tlamela lelapa la gagwe? Ke ka ntlha yang fa a sa sireletse lelapa la gagwe mo bathong ba ba bosula?’ Lebaka ke gore dikwalo tseno di bua boammaaruri. Gore motho o a bo a sa tshele, a sa kgone go dira sepe.—Pesalema 115:17.

Baswi ba ka se ka ba thusa batho ba ba bolailweng ke tlala kana ba ba bogisiwang ke ba bangwe

A seno se raya gore baswi ga ba kitla ba tshela gape? Nnyaa, ga se reye jalo. Re tla bua ka tsogo ya baswi moragonyana. Mme tota se raya gore baswi ga ba itse sepe se o se dirang. Ga ba kgone go go bona, go go utlwa, kana go bua le wena. Ga o a tshwanela go ba boifa. Ga ba kake ba go thusa, ebile ga ba kake ba go gobatsa.—Moreri 9:4; Isaia 26:14.