Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 6 • DITIRO 15:36–18:22

“A Jaanong re Boele Mme re Etele Bakaulengwe”

“A Jaanong re Boele Mme re Etele Bakaulengwe”

DITIRO 15:36

Balebedi ba potologo ba dira seabe sefe sa botlhokwa mo phuthegong ya Bokeresete? Re bona masego afe fa re amogela ka go rata dikabelo tse re di newang mo phuthegong ya Modimo? Re ka kgona jang go tlotla le batho ka Dikwalo ka tsela e e nang le matswela a a molemo, mme ke eng fa go le botlhokwa gore re fetofetoge le maemo gore a tshwanele batho ba ba re reeditseng? Re tla bona dikarabo tsa dipotso tseno le tse dingwe fa re ntse re tsamaya le moaposetoloi Paulo mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa.