Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 18

‘Leka ka Natla go Itse Modimo, Mme o Tla Kgona’

‘Leka ka Natla go Itse Modimo, Mme o Tla Kgona’

Paulo o bua le bareetsi ba gagwe ka dilo tse ba dumalanang ka tsone mme o fetofetoga le maemo a bone

E tswa mo go Ditiro 17:16-34

1-3. (a) Ke eng fa moaposetoloi Paulo a kgoberegile maikutlo thata jaana fa a le kwa Athena? (b) Re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Paulo?

 PAULO o kgoberegile maikutlo fela thata. O mo Athena, mo Gerika, lefelo le thuto ya ga Socrates, Plato le Aristotle e kileng ya rutwa mo go lone. Batho ba Athena ba rata bodumedi fela thata. E re ka Baathena ba rapela medimo e mentsi, gongwe le gongwe fela kwa Paulo a lebang gone—mo ditempeleng, mo mafelong a botlhe le mo mebileng—o dikologilwe ke medingwana e mentsi e e itiretsweng. O a itse gore Jehofa, Modimo wa boammaaruri, o ikutlwa jang ka kobamelo ya medingwana. (Ekes. 20:4, 5) Moaposetoloi yono yo o ikanyegang o leba dilo jaaka Jehofa a di leba—o tlhoile medingwana e e itiretsweng!

2 Se Paulo a se bonang fa a tsena mo marekisetsong se mo garola pelo tota. Difikantswe di le dintsi tsa modingwana Heremese di beilwe di tlhomagantswe mo sekhutlong se se kafa bokonebophirima, gaufi le kgoro e kgolo ya motse. Mo marekisetsong, go tletse meago e le mentsi ya medingwana e e itiretsweng. Moaposetoloi yono yo o tlhagafetseng o tla kgona jang go rerela batho bano ba ba ratang kobamelo ya medingwana thata? A o tla kgona go laola maikutlo a gagwe mme a bue le bone ka sengwe se ba dumalanang ka sone? A o tla kgona go thusa bangwe gore ba batle Modimo wa boammaaruri mme ruri ba mmone?

3 Puo e e kwadilweng mo go Ditiro 17:22-31, e Paulo a neng a e neela banna ba ba rutegileng ba kwa Athena, ke sekao se re ka se latelang gore le rona re bue ka tsela e e tla tlhotlheletsang batho ba re buang le bone, re akanyetse maikutlo a bone mme re nne le temogo. Re ka ithuta go le gontsi mo sekaong sa ga Paulo, gore re ka simolola jang motlotlo ka dilo tse re dumalanang le bareetsi ba rona ka tsone, mme re ba thuse gore ba akanye.

Go Ruta “Kwa Marekisetsong” (Ditiro 17:16-21)

4, 5. Paulo o ne a rera kae mo Athena, mme o ne a tla kopana le batho ba ba ntseng jang?

4 Paulo o ne a etela kwa Athena mo e ka nnang ka 50 C.E. fa a ne a le mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa. a Fa a ntse a letetse Silase le Timotheo gore ba goroge go tswa kwa Berea, o ne “a simolola go ruta Bajuda mo sinagogeng” jaaka a ne a tle a dire. Gape o ne a batla lefelo le kwa go lone a neng a tla kopana le baagi ba Athena ba e seng Bajuda—“kwa marekisetsong.” (Dit. 17:17) Marekisetso a kwa Athena a ne a batla a le bogolo jwa diheketara di le tlhano mme a ne a le kafa bokonebophirima jwa motse wa Acropolis. E ne e se fela lefelo la go reka le go rekisa; e ne e le lefelo la batho botlhe la motse. Buka nngwe ya ditshupiso ya re lefelo leno e ne e le “boremelelo jwa ikonomi, dipolotiki le setso sa motse ono.” Baathena ba ne ba rata go kopana koo gore ba gakololane ka dikgang tsa botshelo.

5 Paulo o ne a kopana le bareetsi ba ba ditlhogodithata kwa marekisetsong. Mo gare ga bone, go ne go na le Baepikuria le Basetoika, maloko a dikolo tsa filosofi tse di neng di ganetsana. b Baepikuria ba ne ba dumela gore go itiragaletse fela gore botshelo bo nne gone. Tsela e ba neng ba leba botshelo ka yone e ne e ka sobokanngwa jaana: “Ga re tlhoke go boifa Modimo; Ga re tlhoke go boifa loso; Re ka kgona go dira molemo; Re ka kgona go itshokela bosula.” Basetoika bone ba ne ba rata go tlhalosa dilo le go baya mabaka mme ba ne ba sa dumele gore Modimo ke Motho. Baepikuria le Basetoika ba ne ba sa dumele mo kgannyeng ya tsogo ya baswi, e barutwa ba ga Keresete ba neng ba e ruta. Go bonala sentle gore dithuto tsa filosofi tsa ditlhopha tseno tse pedi di ne di sa dumalane gotlhelele le dithuto tsa Bakeresete ba boammaaruri, tse Paulo a neng a di ruta.

6, 7. Barutegi bangwe ba Bagerika ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa thuto ya ga Paulo, mme ke maemo afe a a tshwanang le ao a re ka kopanang le one gompieno?

6 Barutegi bano ba Bagerika ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa thuto ya ga Paulo? Bangwe ba ne ba mmitsa “mmalabadi,” kgotsa “motho yo selaselang.” (Bona ntlha ya go ithuta e e mo Baebeleng ya Seesemane mo go Ditiro 17:18.) Moithuti mongwe o ne a bua jaana ka lereo leno la Segerika: “Kwa tshimologong, lefoko leno le ne le dirisiwa fa go buiwa ka nonyane e nnye e e neng e tsamaya e sela dijo tsa ditlhaka, mme morago la dirisiwa fa go buiwa ka motho yo o neng a sela dijo tse di latlhilweng kgotsa dilwana dingwe tse di latlhetsweng mo marekisetsong. Mme gone moragonyana le ne la dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso fa go buiwa ka motho yo o neng a tsamaya a kgobokanya tshedimosetso e e sa tsamaisaneng, mme segolobogolo motho yo o neng a sa tlhaloganye tshedimosetso eo sentle.” Tota e bile, banna bano ba ba rutegileng ba ne ba re Paulo o ne a sa itse sepe, o ne a boeletsa fela se a utlwileng ba bangwe ba se bua. Mme, jaaka re tla bona, Paulo ga a ka a tshosiwa ke go bo a bidiwa ka maina ao a a sotlang.

7 Le gompieno go ntse fela jalo. Gantsi rona Basupi ba ga Jehofa re bidiwa ka maina a a sotlang ka ntlha ya dithuto tse di tswang mo Baebeleng tse re di dumelang. Ka sekai, barutisi bangwe ba ruta gore thuto ya go iphetogela ga ditshedi ka botsone go nna tse dingwe ke kgang ya mmatota e bile ba gatelela gore fa o le botlhale, o tshwanetse go e dumela. Tota ba re batho ba ba sa dumeleng thuto eo ke dieleele. Barutegi bano ba batla gore batho ba dumele gore fa re bolela se Baebele e se rutang le fa re ntsha bosupi jwa gore dilo di bopilwe, re ‘batho ba ba selaselang.’ Mme seo ga se re tshose. Go na le moo, re bua re tlhatswegile pelo fa re femela se re se dumelang, gore botshelo bo nnile gone mo lefatsheng ka ntlha ya Motlhami mongwe yo o matsetseleko, Jehofa Modimo.—Tshen. 4:11.

8. (a) Batho bangwe ba ba neng ba utlwa Paulo a rera ba ne ba itshwara jang? (b) Lebaka la go bo Paulo a ne a isiwa kwa Areopago le ka tswa le ne le kaya eng? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

8 Batho bangwe ba ba neng ba utlwa Paulo a rera kwa marekisetsong ba ne ba itshwara ka tsela e e farologaneng. Ba ne ba re: “Go lebega a bua ka medimo e sele.” (Dit. 17:18) A ruri Paulo o ne a tlile go ruta Baathena ka medimo e mengwe e mesha? Kgang eno e ne e le masisi, ke yone e neng ya dira gore Socrates a sekisiwe a bo a atlholelwe loso makgolo a dingwaga pelenyana ga moo. Ga go gakgamatse go bo ba ne ba isa Paulo kwa Areopago mme ba mo kopa gore a ba tlhalosetse dithuto tseno tse Baathena ba neng ba sa di itse. c Paulo o ne a tla femela jang molaetsa wa gagwe mo bathong bano ba ba neng ba sa itse sepe ka Dikwalo?

“Banna ba Athena, ke a Bona” (Ditiro 17:22, 23)

9-11. (a) Paulo o ne a leka jang go simolola motlotlo le bareetsi ba gagwe ka sengwe se ba dumalanang ka sone? (b) Re ka etsa jang sekao sa ga Paulo fa re le mo bodireding?

9 Se lebale gore Paulo o ne a kgoberegile maikutlo thata ka ntlha ya kobamelo ya medingwana e a neng a e bone. Le fa go ntse jalo, go na le gore a tlhasele baobamedi bano ba medingwana ka bogale, o ne a diga makgwafo. O ne a akanyetsa maikutlo a bareetsi ba gagwe mme a leka ka natla go ba gapa maikutlo ka gore a bue le bone ka kgang e ba dumalanang ka yone. O ne a simolola ka go re: “Banna ba Athena, ke a bona gore mo dilong tsotlhe lo bonala lo boifa medimo thata go farologana le batho ba bangwe.” (Dit. 17:22) Ka tsela nngwe, Paulo o ne a re, ‘Ke a bona gore lo rata bodumedi fela thata.’ O ne a ba akgola ka botlhale go bo ba rata bodumedi. O ne a lemoga gore batho bangwe ba ba foufaditsweng ke dithuto tsa maaka ba ka nna ba amogela molaetsa. Kana tota, Paulo o ne a itse gore ene ka boene o kile a bo a ‘se na kitso e bile a se na tumelo.’—1 Tim. 1:13.

10 Fa Paulo a bua ka sengwe se Baathena ba neng ba se dumela, o ne a bolela gore o bone sesupo sa gore ruri ba rata bodumedi—sebeso se se kwadilweng, “Go Modimo Yo o Sa Itsiweng.” Go ya ka patlisiso nngwe, “Bagerika le batho ba bangwe ba ne ba tlwaetse go dira dibeso dingwe ba di direla ‘medimo e e sa itsiweng,’ ka gonne ba boifa gore gongwe mo kobamelong ya bone ba ka tswa ba lebetse go akaretsa modimo mongwe mme o ne a ka kgopisega.” Fa Baathena ba ne ba dira sebeso seo, ba ne ba dumela gore go na le Modimo mongwe yo ba sa mo itseng. Paulo o ne a dirisa sebeso seno gore a kgone go simolola motlotlo wa dikgang tse di molemo tse a neng a di rera. O ne a re: “Se lo se obamelang lo sa se itse, ke sone se ke lo bolelelang ka sone.” (Dit. 17:23) Paulo o ne a le kelotlhoko fa a ntsha mabaka mme gone a bua ka tsela e e maatla. O ne a sa rere ka modimo mongwe yo mosha kgotsa yo o sa itsiweng, jaaka bangwe ba ne ba mo latofatsa. O ne a ba bolelela ka Modimo yo ba sa mo itseng—Modimo wa boammaaruri.

11 Re ka etsa jang sekao sa ga Paulo fa re le mo bodireding? Fa re le kelotlhoko, re ka bona sengwe se se bontshang gore motho yo re buang le ene o rata bodumedi, gongwe re ka lemoga sengwe se a se apereng se se tsamaisanang le bodumedi kgotsa se a kgabisitseng ka sone mo ntlong kgotsa mo jarateng ya gagwe. Re ka nna ra bua jaana: ‘Ke a bona gore o modumedi. Ke ne ke eletsa go tlotla le mongwe yo o ratang bodumedi.’ Fa re bontsha go tlotla tsela e motho yono a ikutlwang ka yone ka bodumedi jwa gagwe, re ka kgona go simolola motlotlo ka sengwe se re dumalanang ka sone. Gakologelwa gore boikaelelo jwa rona ga se gore kwa tshimologong fela re atlhole batho go ya ka dilo tse ba di dumelang. Mo badumeding ka rona, go na le bangwe ba ba kileng ba bo ba ngangatletse dithuto tsa maaka tsa bodumedi.

Leka go simolola motlotlo ka sengwe se lo dumalanang ka sone

‘Ga go Thata go Itse Modimo’ (Ditiro 17:24-28)

12. Paulo o ne a dira jang gore a kgone go rerela batho ba ba neng ba mo reeditse?

12 Paulo o ne a setse a simolotse motlotlo le bareetsi ba gagwe ka sengwe se ba dumalanang ka sone, mme a o ne a ka kgona go tswelela a bua le bone ka tsela eo le fa a setse a ba naya bosupi? E re ka a itse gore bareetsi ba gagwe ba ne ba rutilwe filosofi ya Segerika e bile ba sa itse Dikwalo, o ne a dirisa ditsela di le mmalwa gore a kgone go buisana le bone. Sa ntlha, o ne a ba ruta thuto e e mo Baebeleng a sa nopole Dikwalo ka tlhamalalo. Sa bobedi, o ne a ikakaretsa fa a ntse a bua le bareetsi ba gagwe, a tla a dirisa mafoko a a jaaka “rona” le “re.” Sa boraro, o ne a nopola dibuka tsa Segerika go bontsha gore dingwe tsa dilo tse a neng a ba ruta tsone di tswa mo mekwalong ya bone. Mma jaanong re sekaseke puo e e maatla ya ga Paulo. O ne a itsise Baathena boammaaruri bofe jo bo botlhokwa ka Modimo yo ba neng ba sa mo itse?

13. Paulo o ne a re lobopo lo simologile jang, mme molaetsa wa gagwe o ne o kaya eng?

13 Modimo o dirile lobopo. Paulo o ne a re: “Modimo yo o dirileng lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone, ene yono, yo e leng Morena wa legodimo le lefatshe, ga a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla.” d (Dit. 17:24) Ga go a itiragalela fela gore lobopo lo nne gone. Modimo wa boammaaruri ke ene Mmopi wa dilo tsotlhe. (Pes. 146:6) Morena Molaodimogolo wa legodimo le lefatshe ga a tshwane le modingwana Athena le medimo e mengwe e kgalalelo ya yone e neng e ikaegile ka ditempele, meago ya medingwana le dibeso, ka gonne ene ga a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla tsa batho. (1 Dikg. 8:27) Molaetsa wa ga Paulo o ne o utlwala sentle: Modimo wa boammaaruri o mogolo go gaisa medingwana le fa e le efe e e itiretsweng e e leng mo ditempeleng tse di dirilweng ke batho.—Isa. 40:18-26.

14. Paulo o ne a bontsha jang gore Modimo ga a tlhoke thuso ya batho?

14 Modimo ga a tlhoke thuso ya batho. Baobamedi ba medingwana ba ne ba tlwaetse go apesa ditshwantsho tsa bone ka diaparo tse di magasigasi, ba di naya dimpho tse di turang kgotsa ba di naya dijo le dino—jaaka e kete medingwana eo e tlhoka dilo tseo! Le fa go ntse jalo, borafilosofi bangwe ba Bagerika ba ba neng ba reeditse Paulo ba ka tswa ba ne ba dumela gore modimo a ka se tlhoke sepe mo bathong. Fa go le jalo, ba tshwanetse ba bo ba ne ba dumalana le mafoko a ga Paulo fa a ne a re Modimo “ga a lebelela gore batho ba mo direle jaaka e kete o tlhoka sengwe.” Ee ruri, ga go na sepe se batho ba ka thusang Mmopi ka sone! Go na le moo, ke ene a nayang batho se ba se tlhokang—“botshelo le mohemo le dilo tsotlhe,” go akaretsa letsatsi, pula le mmu o o ungwang. (Dit. 17:25; Gen. 2:7) Ka jalo, Modimo, yo e leng Monei, ga a tlhoke sepe mo bathong, ba e leng baamogedi.

15. Paulo o ne a bua jang ka kgang ya go bo Baathena ba itsaya ba gaisa batho ba e seng Bagerika, mme re ka ithuta thuto efe ya botlhokwa mo sekaong se a neng a se dira?

15 Modimo o dirile motho. Baathena ba ne ba itsaya ba gaisa batho ba e seng Bagerika. Mme go ikgantsha ka morafe kgotsa lotso ga go dumalane le thuto ya Baebele. (Dute. 10:17) Paulo o bua le bone ka kgang eno e e masisi a le kelotlhoko mme gone a bua ka botswerere. Ga go pelaelo gore fa a ne a re, “[Modimo] o dirile batho ba ditšhaba tsotlhe go tswa mo mothong a le mongwe,” seo se ne sa dira gore bareetsi ba gagwe ba akanye. (Dit. 17:26) Paulo o ne a bua ka pego e e mo go Genesise ya ga Adame, yo e leng rremogologolwane wa lotso lotlhe lwa batho. (Gen. 1:26-28) E re ka batho botlhe ba na le mogologolwane a le mongwe fela, ga go lotso lope kgotsa setšhaba sepe se se gaisang se sengwe. Ruri bareetsi ba ga Paulo ba ile ba tlhaloganya ntlha eno sentle! Re ithuta thuto nngwe ya botlhokwa mo sekaong se a neng a se dira. Le fa gone re batla go akanyetsa maikutlo a batho le go nna tekatekano fa re le mo bodireding, ga re batle go bua bontlhanngwe jwa boammaaruri jo bo mo Baebeleng e le fela gore re se kgopise batho ba bangwe.

16. Boikaelelo jwa Mmopi ke bofe ka batho?

16 Boikaelelo jwa Modimo ke gore batho ba nne gaufi le ene. Le fa borafilosofi ba ba neng ba reeditse Paulo ba ne ba sa bolo go nna ba ganetsana ka lebaka la go bo motho a le gone, ga go motlha ba neng ba kgona go tlhalosa kgang eo ka tsela e e kgotsofatsang. Le fa go ntse jalo, Paulo ene o ne a tlhalosa sentle boikaelelo jwa Mmopi ka batho, e leng gore “ba leke ka natla go mo itse mme ba kgone go mo itse, ka gonne tota ga go thata go mo itse.” (Dit. 17:27) Re ka kgona go itse Modimo yono yo Baathena ba neng ba sa mo itse. Kana tota, ga a kgakala le batho ba ba mmatlang le ba ba batlang go ithuta ka ene. (Pes. 145:18) Fa Paulo a ne a re batho ba tlhoka go ‘leka ka natla’ go itse Modimo, le ene o ne a ikakaretsa.

17, 18. Ke eng fa batho ba tshwanetse ba ikutlwa ba atamalane le Modimo, mme re ka ithuta eng mo tseleng e Paulo a neng a gapa bareetsi ba gagwe ka yone?

17 Batho ba tshwanetse ba ikutlwa ba atamalane le Modimo. Paulo o ne a re, “ka ene re na le botshelo, re a tshikhinyega e bile re gone.” Baithuti bangwe ba re mafoko ano a Paulo a neng a a bua ke a ga Epimenides, yo e neng e le mmoki wa kwa Kereta yo o tshetseng mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E. e bile e le “motho wa botlhokwa thata mo tumelong ya kwa Athena.” Gape Paulo o ne a naya lebaka le lengwe la go bo batho ba tshwanetse go ikutlwa ba atamalane le Modimo, fa a ne a re: “Bangwe ba baboki ba lona ba ile ba re, ‘Gonne gape re bana ba gagwe.’” (Dit. 17:28) Batho ba tshwanetse ba ikutlwa ba atamalane thata le Modimo; o bopile motho a le mongwe yo batho botlhe ba tswang mo go ene. Gore Paulo a gape bareetsi ba gagwe, o ne ka botlhale a nopola ka tlhamalalo go tswa mo mekwalong ya Segerika e bareetsi ba gagwe ba neng ba e tlotla. e Le rona re ka etsa sekao sa ga Paulo, ka gore ka dinako dingwe re nopole mafoko mangwe kgotsa ditiragalo tsa lefatshe tsa nako e e fetileng, dibuka tsa tshedimosetso kgotsa dibuka dingwe tsa ditshupiso tse batho ba di dumelang. Ka sekai, fa re nopola mafoko a a tswang mo bukeng nngwe e batho ba e tlotlang, seo se ka thusa gore motho yo re mo rerelang yo e seng Mosupi a tlhatswege pelo gore ditiro le ditlwaelo dingwe tsa bodumedi jwa maaka di simologile kae.

18 Go tla go fitlha fano, Paulo o ne a itsise boammaaruri jo bo botlhokwa ka Modimo mo puong ya gagwe, ka botlhale a dira gore mafoko a gagwe a tshwanele bareetsi ba gagwe. Moaposetoloi yono o ne a batla gore Baathena bano ba ba neng ba mo reeditse ba dire eng ka tshedimosetso eno e e botlhokwa? Ga a ka a senya nako, o ne a tswelela ka puo ya gagwe mme a ba bolelela se ba tshwanetseng go se dira.

‘Batho Gongwe le Gongwe ba Tshwanetse go Ikwatlhaya’ (Ditiro 17:29-31)

19, 20. (a) Paulo o ne a bua jang ka tsela e e botswerere e e bontshang gore ke boeleele go obamela medingwana e e dirilweng ke batho? (b) Batho ba ba neng ba reeeditse Paulo ba ne ba tshwanetse go tsaya kgato efe?

19 Paulo o ne a iketleeditse go kgothatsa bareetsi ba gagwe gore ba tseye kgato. Fa a ne a nopola gape mekwalo ya Segerika, o ne a re: “Ka jalo, e re ka re le bana ba Modimo, ga re a tshwanela go akanya gore Modimo o tshwana le sengwe se se dirilweng ka gauta kgotsa selefera kgotsa leje, se batho ba ileng ba se akanya ba bo ba se betla ka botswerere.” (Dit. 17:29) Eleruri, fa e le gore Modimo ke ene a dirileng motho, jalo ga a ka ke a tshwana le medingwana e e dirilweng ke batho. Tsela e e botswerere e Paulo a neng a ntsha mabaka ka yone e ne ya bontsha gore tota ke boeleele go obamela medingwana e e dirilweng ke batho. (Pes. 115:4-8; Isa. 44:9-20) Ga go pelaelo gore fa Paulo a ne a re “ga re a tshwanela,” o ne a dira gore kgakololo e a neng a ba naya yone e se ka ya ba utlwisa botlhoko thata.

20 Paulo o ne a dira gore go utlwale sentle gore ba ne ba tshwanetse go tsaya kgato, a re: “Modimo o ile a itlhokomolosa dinako tseo tsa fa batho ba ne ba se na kitso [ya gore Modimo ga a itumele fa batho ba obamela medingwana]; mme gone jaanong o bolelela batho botlhe gongwe le gongwe gore ba ikwatlhaye.” (Dit. 17:30) Batho bangwe ba ba neng ba reeditse Paulo ba tshwanetse ba bo ba ile ba gamarega fa ba utlwa gore ba tlhoka go ikwatlhaya. Mme puo ya gagwe e e maatla e ne e ba bontshitse sentle gore Modimo ke ene a ba neileng botshelo, ka jalo ba ne ba ikarabelela mo go Ene. Ba ne ba tshwanetse go batla Modimo, ba ithute boammaaruri ka ene mme ba dire gore tsela ya bone ya botshelo e dumalane le se ba se ithutileng. Seno se ne se raya gore Baathena ba lemoge boleo jwa bone jwa go obamela medingwana mme ba e tlogele.

21, 22. Paulo o ne a digela puo ya gagwe ka mafoko afe a a maatla, mme mafoko ao a kaya eng mo go rona gompieno?

21 Paulo o ne a digela puo ya gagwe ka mafoko ano a a maatla: “[Modimo] o tlhomile letsatsi le mo go lone a ikaeletseng go atlhola lefatshe ka tshiamo a dirisa monna yo a mo tlhomileng. O ne a tsosa monna yono mo baswing e le go tlhomamisetsa batho botlhe gore ruri letsatsi leo le tla tla.” (Dit. 17:31) Letsatsi le le tlang la Katlholo—a bo leno e le lebaka le le utlwalang jang ne la gore batho ba batle Modimo wa boammaaruri mme ba mmone! Paulo ga a ka a bua gore Moatlhodi yo o tlhomilweng yono ke mang. Go na le moo, o ne a bua sengwe se se gakgamatsang ka Moatlhodi yono: O ne a tshela e le motho, a swa, mme Modimo a mo tsosa mo baswing!

22 Konelo eo e e amang maikutlo e raya sengwe mo go rona gompieno. Re a itse gore Moatlhodi yo o tlhomilweng ke Modimo, ke Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing. (Joh. 5:22) Mme re a itse gore Letsatsi la Katlholo le tla tsaya sebaka sa dingwaga di le sekete e bile le atamela ka bofefo. (Tshen. 20:4, 6) Ga re tshabe Letsatsi leo la Katlholo, ka gonne re a itse gore le tla tlisetsa batho ba ba tla bolelwang ba ikanyega masego a a seng kana ka sepe. Go diragadiwa ga tsholofelo ya rona ya isagwe e e molemolemo go tlhomamisiwa ke kgakgamatso e kgolo go di gaisa tsotlhe—go tsosiwa ga ga Jesu Keresete mo baswing!

“Bangwe . . . ba Nna Badumedi” (Ditiro 17:32-34)

23. Batho ba ne ba itshwara ka ditsela dife tse di sa tshwaneng fa ba utlwa puo ya ga Paulo?

23 Batho ba ne ba itshwara ka ditsela tse di sa tshwaneng fa ba utlwa puo ya ga Paulo. “Bangwe ba ne ba simolola go sotla” fa ba utlwa ka tsogo ya baswi. Ba bangwe ba ne ba nna maitseo fela, mme gone ba sa batle go ikgolega, ba re: “Re tla go reetsa gape mo nakong e e tlang.” (Dit. 17:32) Le fa go ntse jalo, go na le ba le mmalwa ba ba neng ba arabela sentle: “Banna bangwe ba ne ba tsamaya le ene mme ba nna badumedi. Mo go bone go ne go na le Dionisio, yo e neng e le moatlhodi wa kgotlatshekelo ya Areopago, le mosadi yo o neng a bidiwa Damarise, le batho ba bangwe.” (Dit. 17:34) Le rona re kopana le batho ba ba ntseng jalo fa re le mo bodireding. Ba bangwe ba ka nna ba re sotla, fa ba bangwe bone ba gana molaetsa ba le maitseo. Le fa go ntse jalo, re itumela thata fa bangwe ba amogela molaetsa wa Bogosi mme ba nna badumedi.

24. Re ka ithuta eng mo puong e Paulo a neng a e neela fa a ne a le kwa Areopago?

24 Fa re akanya ka kelotlhoko ka puo ya ga Paulo, re ka ithuta go le gontsi ka tsela ya go ntsha mabaka, go bua ka tsela e e tla tlhotlheletsang bareetsi ba rona le go fetofetoga le maemo a bone. Mo godimo ga moo, re ka ithuta ka botlhokwa jwa go nna pelotelele le go nna kelotlhoko fa re bua le batho ba ba foufaditsweng ke dithuto tsa bodumedi jwa maaka. Gape re ka ithuta thuto eno ya botlhokwa: Le ka motlha ga re a tshwanela go fitlha boammaaruri jwa Baebele, e le fela gore re se kgopise bareetsi ba rona. Mme gone, fa re etsa sekao sa ga moaposetoloi Paulo, re ka nna barutisi ba ba nang le matswela mo bodireding jwa tshimo. Balebedi le bone ba ka nna barutisi ba ba tshwanelegang mo phuthegong. Fa re etsa Paulo, re tla thusa batho gore ba ‘kgone go itse Modimo.’—Dit. 17:27.

b Bona lebokose le le reng, “ Baepikuria le Basetoika”.

c Areopago e ne e le lefelo le lekgotla le legolo la kwa Athena le neng le tlwaetse go kopana kwa go lone, mme e ne e le kwa bokonebophirima jwa motse wa Acropolis. Leina “Areopago” le ka tswa le raya lekgotla kgotsa thaba ka boyone. Ka gone, baithuti ba Baebele ga ba dumalane mo kgannyeng ya gore a Paulo o ne a isitswe kwa thabeng kgotsa gaufi le yone, kgotsa kwa lefelong le lengwe le lekgotla le neng le kopana kwa go lone, gongwe e le kwa marekisetsong.

d Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka go re “lefatshe” ke koʹsmos, e leng lefoko le Bagerika ba neng ba le dirisa fa ba bua ka lobopo. Go ka direga gore Paulo o ne a dirisa lefoko leno ka tsela eo e re ka a ne a bua le bareetsi ba Bagerika ba a neng a leka go tlotla le bone ka sengwe se ba dumalanang ka sone.

e Paulo o ne a nopola mafoko a leboko la mmoki mongwe wa Mosetoika e bong Aratus, le le bidiwang Phaenomena. Mafoko a a tshwanang le ano a fitlhelwa le mo mekwalong e mengwe ya Segerika, go akaretsa Hymn to Zeus, e e kwadilweng ke mokwadi wa Mosetoika e bong Cleanthes.