Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 17

O Ne “A ba Ruta Ka go Ba Thusa go Tlhaloganya Dikwalo”

O Ne “A ba Ruta Ka go Ba Thusa go Tlhaloganya Dikwalo”

Se se thusang go ruta ka tsela e e nang le matswela; sekao se se molemo sa Baberea

E tswa mo go Ditiro 17:1-15

1, 2. Ke bomang ba ba mo loetong go tswa kwa Filipi go ya kwa Thesalonika, mme ba ka tswa ba akantse ka eng?

 TSELA e batho ba le bantsi ba e dirisang, e e agilweng ke baenjeniri ba ba ditswerere ba kwa Roma, e kgabaganya mo thabeng e e tletseng maje a magolo. Mo tseleng eo go utlwala medumo e mentsi e e farologaneng—ditonki tse di lelang, modumo wa maotwana a dikara tse di tsamaya mo majeng, medumo ya batsamai ba mefuta yotlhe, e ka tswa e le masole, barekisi le badiri. Ditsala tse tharo—Paulo, Silase le Timotheo—ba tsamaya sekgala sa dikilometara di feta 130 mo tseleng eno, ba tswa kwa Filipi ba ya kwa Thesalonika. Loeto lono ga lo motlhofo, segolobogolo mo go Paulo le Silase. Ba sa ntse ba utlwa botlhoko jwa dintho tsa fa ba ne ba itewa ka dithobane kwa Filipi.—Dit. 16:22, 23.

2 Banna bano ba tla kgona jang go itshokela loeto lono lo loleele? Ba thusiwa ke gore ba a tlotla. Ba sa ntse ba gakologelwa sentle maitemogelo a a itumedisang a ba nnileng le one fa modisa wa kgolegelo wa kwa Filipi le ba lelapa la gagwe ba ne ba nna badumedi. Tiragalo eo e dirile gore banna bano ba ikemisetse le go feta gore ba tla tswelela ba bolela lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, fa ba ntse ba atamela motse wa Thesalonika o o gaufi le lotshitshi lwa lewatle, ba ka tswa ba ipotsa gore Bajuda ba motse oo ba tla ba tshwara jang. A ba tla tlhaselwa, le e leng go itewa jaaka go ile ga diragala kwa Filipi?

3. Sekao sa ga Paulo sa go nna le bopelokgale jwa go rera se ka re thusa jang gompieno?

3 Moragonyana Paulo o ne a tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka gone mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Thesalonika a re: “Lo a itse gore le fa gone re ile ra boga le go nyadiwa kwa Filipi, Modimo o ne a re thusa gore re nne pelokgale go lo rerela dikgang tse di molemo tsa Modimo le fa re ne re ganediwa botlhoko.” (1 Bathes. 2:2) Se Paulo a se buang se bontsha gore morago ga se se ba diragaletseng kwa Filipi, gongwe o ne a boifa fa a tshwanelwa ke go tsena mo motseng wa Thesalonika. A o tlhaloganya kafa Paulo a neng ikutlwa ka gone? A o tle o fitlhele go le thata go rera dikgang tse di molemo? Paulo o ne a ikaegile ka Jehofa gore a mo nonotshe, a mo thuse gore a nne le bopelokgale jo a neng a bo tlhoka. Go ithuta mo sekaong sa ga Paulo go ka go thusa gore le wena o dire se se tshwanang.—1 Bakor. 4:16.

O ne “A ba Ruta Ka go Ba Thusa go Tlhaloganya Dikwalo” (Ditiro 17:1-3)

4. Ke eng fa go ka direga gore Paulo o ne a nna kwa Thesalonika lobaka lo lo fetang dibeke tse tharo?

4 Pego eo ya re fa Paulo a le kwa Thesalonika, o ne a fetsa Bosabata ba le bararo a rera mo sinagogeng. A seno se kaya gore o ne a nna dibeke di le tharo fela mo motseng oo? Nnyaa. Ga re itse gore fa a sena go goroga koo, o ne a tsaya lobaka lo lo kae pele a ka ya kwa sinagogeng lekgetlo la ntlha. Mo godimo ga moo, makwalo a ga Paulo a bontsha gore fa ene le ditsala tsa gagwe ba ne ba le kwa Thesalonika, ba ne ba dira tiro nngwe gore ba kgone go itshedisa. (1 Bathes. 2:9; 2 Bathes. 3:7, 8) Gape fa a ntse a le koo, ka makgetlo a le mabedi bakaulengwe ba kwa Filipi ba ne ba mo romelela dilwana dingwe tse a neng a di tlhoka. (Bafil. 4:16) Ka jalo, a ka tswa a ile a nna kwa Thesalonika lobaka lo lo fetang dibeke tse tharo.

5. Paulo o ne a dira eng gore a kgone go fitlhelela dipelo tsa batho ba ba neng ba mo reeditse?

5 Fa Paulo a sena go nna le bopelokgale jwa go rera, o ne a bua le batho ba ba neng ba phuthegile kwa sinagogeng. O ne a dira jaaka a tlwaetse, “a ba ruta ka go ba thusa go tlhaloganya Dikwalo, a tlhalosa e bile a dirisa Dikwalo tseno go ntsha bosupi jwa gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le gore a tsosiwe mo baswing, a re: ‘Jesu yono yo ke lo bolelelang ka ene, ke Keresete.’” (Dit. 17:2, 3) Ela tlhoko gore Paulo o ne a sa batle go kgopisa bareetsi ba gagwe; o ne a batla go fitlhelela dipelo tsa bone. O ne a itse gore batho ba ba neng ba tla kwa sinagogeng ba ne ba itse Dikwalo e bile ba di tlotla. Mme gone, ba ne ba sa di tlhaloganye. Ka jalo, Paulo o ne a ba bontsha mabaka, a ba tlhalosetsa le go ba naya bosupi jo bo tswang mo Dikwalong jwa gore Jesu wa Nasaretha e ne e le Mesia yo o solofeditsweng, kgotsa Keresete.

6. Jesu o ne a bontsha balatedi ba gagwe mabaka jang a dirisa Dikwalo, mme go ne ga nna le matswela afe?

6 Paulo o ne a etsa sekao se se tlhomilweng ke Jesu, yo o neng a dirisa Dikwalo fa a ruta. Ka sekai, fa Jesu a ne a rera phatlalatsa, o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore go ya ka Dikwalo, Morwa Motho o ne a tshwanetse go boga, go swa le go tsosiwa mo baswing. (Math. 16:21) Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a bonala mo barutweng ba gagwe. Ga go pelaelo gore seo se ne se ba bontsha gore o ne a buile boammaaruri. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba bolelela dilo tse dingwe gape. Re bala jaana ka se a neng a se bolelela barutwa bangwe ba gagwe: “O ne a ba tlhalosetsa dilo tsotlhe tse Dikwalo di di buang ka ga gagwe. O ne a tlhalosa go simolola ka dikwalo tsa ga Moshe le tsa Baporofeti botlhe.” Mme matswela e ne ya nna afe? Barutwa ba ne ba re: “Ruri ga go gakgamatse go bo mafoko a gagwe a ile a ama dipelo tsa rona thata jaana fa a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re tlhalosetsa Dikwalo sentle!”—Luke 24:13, 27, 32.

7. Ke eng fa go le botlhokwa gore re theye dilo tse re di rutang mo Dikwalong?

7 Molaetsa o o mo Lefokong la Modimo o maatla. (Baheb. 4:12) Gompieno Bakeresete le bone ba thaya dithuto tsa bone mo Baebeleng fela jaaka Jesu, Paulo le baaposetoloi ba bangwe ba ne ba dira. Le rona re bontsha beng ba matlo mabaka, re ba tlhalosetsa se Dikwalo di se kayang, le go ba bontsha go tswa mo Baebeleng bosupi jwa se re se rutang. Kana gone molaetsa o re o rerang ga se wa rona. Fa ka metlha re dirisa Baebele, re thusa batho gore ba lemoge gore ga re ba bolelele dikgopolo tsa rona, go na le moo re ba ruta dithuto tsa Modimo. Gape re dira sentle fa re nna re gopotse gore molaetsa o re o rerang o theilwe mo Lefokong la Modimo. Re ka ikanya Baebele ka botlalo. Ruri go itse seo go dira gore re rere molaetsa wa Bogosi re tlhatswegile pelo e bile re le pelokgale fela jaaka Paulo!

“Bangwe ba Bone Ba ne Ba nna Badumedi” (Ditiro 17:4-9)

8-10. (a) Batho ba kwa Thesalonika ba ne ba itshwara jang fa ba bolelelwa dikgang tse di molemo? (b) Ke eng fa Bajuda bangwe ba ne ba fufegela Paulo? (c) Baganetsi ba Bajuda ba ne ba dira eng?

8 Paulo o ne a setse a bone boammaaruri jwa mafoko ano a ga Jesu: “Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa; fa ba ikobetse lefoko la me, ba tla ikobela le la lona.” (Joh. 15:20) Batho ba kwa Thesalonika ba Paulo a neng a ba rerela ba ne ba itshwara ka ditsela tse di sa tshwaneng—bangwe ba ne ba tlhoafaletse go mo reetsa, fa ba bangwe bone ba ne ba mo ganetsa. Luke o ne a kwala jaana ka ba ba neng ba reetsa: “Bangwe ba bone [Bajuda] ba ne ba nna badumedi [Bakeresete] ba bo ba ikopanya le Paulo le Silase, mme Bagerika ba le bantsi thata ba ba neng ba obamela Modimo, le bone ba ne ba dira se se tshwanang, mmogo le basadi ba le bantsi ba ba tlotlegang.” (Dit. 17:4) Ga go pelaelo gore barutwa bano ba basha ba ne ba itumeletse go bo ba thusitswe go tlhaloganya Dikwalo.

9 Le fa batho bangwe ba ne ba itumelela se Paulo a neng a se bua, ba bangwe bone ba ne ba mo ja ka meno. Bajuda bangwe ba kwa Thesalonika ba ne ba nna lefufa fa ba bona gore Paulo o kgonne go thusa “Bagerika ba le bantsi thata” gore ba amogele boammaaruri. Boikaelelo jwa Bajuda bao e ne e le go dira gore Baditšhaba ba Bagerika ba sokologele mo Sejudeng, mme ba ne ba dira seo ka go ba ruta Dikwalo tsa Sehebera gore ba kgone go ba laola. Mme jaanong go ne go bonala Paulo a ba tseela Bagerika bano, le gone a dira seo mo teng ga sinagoge! Bajuda bao ba ne ba tuka bogale.

“Ba ne ba . . . batla gore Paulo le Silase ba ntshiwe ba isiwe kwa segongwaneng”—Ditiro 17:5

10 Luke o re bolelela se se ileng sa direga morago ga moo: “E re ka Bajuda ba ne ba fufega, ba ne ba phutha banna bangwe ba ba bosula ba ba tsamayatsamayang mo marekisetsong ba sa dire sepe mme ba simolola segongwana sa batho ba bo ba tsosa tlhakatlhano mo motseng. Ba ne ba tlhasela ntlo ya ga Jasone ba batla gore Paulo le Silase ba ntshiwe ba isiwe kwa segongwaneng seo. E rile ba sa ba fitlhele, ba ne ba gogela Jasone le bakaulengwe bangwe kwa babusing ba motse, ba goa ba re: ‘Banna bano ba ba bakileng mathata mo lefatsheng lotlhe ba teng le fano, mme Jasone o ba amogetse gore e nne baeng ba gagwe. Banna bano botlhe ba ganetsa ditaelo tsa ga Kaesara, ba re go na le kgosi e nngwe, e bong Jesu.’” (Dit. 17:5-7) Tsela e segopa seno se itshwarang ka yone e ne e tla ama Paulo le ditsala tsa gagwe jang?

11. Paulo le baboledi ba Bogosi ba a neng a tsamaya le bone ba ne ba latofadiwa ka eng, mme ke molawana ofe o batho ba ba neng ba ba latofatsa ba ka tswang ba ne ba o akantse? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

11 Gantsi batho ba ba itirileng segopa ba itshwara ka tsela e e maswe tota. Ba tshwana le metsi a a elelang ka lobelo lo lo boitshegang a a mo nokeng e e penologang—ba a senya e bile ga ba laolege. Bajuda ba ne ba dirisa digopa tse di ntseng jalo go leka go leleka Paulo le Silase. Mme fa Bajuda ba sena go “tsosa tlhakatlhano mo motseng,” ba ne ba leka go tlhotlheletsa babusi gore ba dumele gore dilo tse Paulo le Silase ba latofadiwang ka tsone di masisi. Tatofatso ya ntlha e ba neng ba latofatsa Paulo le baboledi ba bangwe ba Bogosi ba a neng a tsamaya le bone ka yone, e ne e le gore ‘ba bakile mathata mo lefatsheng lotlhe,’ le fa tota e ne e se bone ba bakileng dikhuduego mo Thesalonika! Tatofatso ya bobedi yone e ne e le masisi le go feta. Bajuda ba ne ba re barongwa bano ba bolela ka Kgosi e nngwe, e bong Jesu, ka go dira jalo ba ne ba nyatsa molawana wa mmusimogolo. a

12. Ke eng se se bontshang gore dilo tse Bakeresete ba kwa Thesalonika ba neng ba latofadiwa ka tsone di ne di ka nna le diphelelo tse di masisi?

12 Se lebale gore baeteledipele ba bodumedi ba ne ba latofatsa Jesu ka tsone dilo tseo. Ba ne ba raya Pilato ba re: “Re fitlhetse monna yono a faposa setšhaba sa rona, a thibela batho go duela Kaesara makgetho e bile a re ene ka boene ke Keresete, ke kgosi.” (Luke 23:2) E re ka Pilato a ne a tshaba gore mmusimogolo a ka nna a akanya gore o letla boepapuso, o ne a laela gore Jesu a bolawe. Ka tsela e e tshwanang, dilo tse Bakeresete ba kwa Thesalonika ba neng ba latofadiwa ka tsone di ne di ka nna le diphelelo tse di masisi. Buka nngwe ya ditshupiso ya re: “Dilo tse ba neng ba latofadiwa ka tsone di ne di ka tsenya matshelo a bone mo kotsing, ka gonne ‘gantsi kgang fela ya gore motho o latofadiwa ka boepapuso kgatlhanong le Babusibagolo, e ne e dira gore motho yoo a bolawe.’” A tlhaselo eo e e neng e supa gore ba tlhoilwe e ne e tla atlega?

13, 14. (a) Ke eng fa segopa se sa ka sa atlega fa se ne se leka go tlhasela barutwa? (b) Paulo o ne a bontsha jang gore o botlhale fela jaaka Keresete, mme re ka etsa sekao sa gagwe jang?

13 Segopa seno ga se a ka sa kgona go emisa tiro ya go rera kwa Thesalonika. Ka ntlha yang? Lengwe la mabaka ke gore ga ba a ka ba bona Paulo le Silase. Gape ga go pelaelo gore babusi ba motse ba ne ba sa dumele gore ditatofatso tseo di boammaaruri. Fa Babusi ba motse ba sena go “tsaya peeletso” mo go Jasone le mo bakaulengweng ba bangwe ba ba neng ba tshwerwe, ba ne ba ba golola. (Dit. 17:8, 9) Paulo o ne a latela kgakololo ya ga Jesu ya gore ba ‘itshupe ba le botlhajana jaaka dinoga mme ba se na molato jaaka maphoi.’ O ne a tswa ka botlhale mo lefelong leo le le kotsi mme a ya go rera kwa lefelong le lengwe. (Math. 10:16) Ga go pelaelo gore go nna pelokgale ga ga Paulo go ne go sa reye gore ga a kelotlhoko. Gompieno Bakeresete ba ka etsa sekao sa gagwe jang?

14 Mo metlheng eno ya rona, gantsi baruti ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ba ile ba tlhotlheletsa digopa gore di nne kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa. Ba ile ba dira gore babusi ba nne kgatlhanong le Basupi ka go ba latofatsa ka boepapuso. Fela jaaka babogisi bao ba lekgolo la ntlha la dingwaga, baganetsi ba mo motlheng wa rona le bone ba tlhotlhelediwa ke lefufa. Mme gone, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tsenye matshelo a bone mo kotsing. Fa go kgonega, re tila go nna le dikgotlhang le batho bao ba ba galefileng, ba ba re lwantshang, go na le moo re batla fela go tswelela re dira tiro ya rona ka kagiso, gongwe re boele kwa go bone fa ba digile makgwafo.

Ba ne Ba “Iketleeleditse go Ithuta” (Ditiro 17:10-15)

15. Baberea ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa dikgang tse di molemo?

15 Gore Paulo le Silase ba bolokesege, ba ne ba romelwa kwa Berea, e e neng e le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 65. Fa ba goroga koo, Paulo o ne a ya kwa sinagogeng mme a bua le batho ba ba neng ba phuthegile koo. Ruri o ne a itumetse tota go kopana le batho ba ba neng ba ikeetleeditse go reetsa! Luke a re Bajuda ba kwa Berea ba ne ba “iketleeleditse go ithuta go gaisa ba ba kwa Thesalonika, ka gonne ba ne ba amogela lefoko ka tlhagafalo, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi go bona gore a dilo tse ba di utlwileng di boammaaruri.” (Dit. 17:10, 11) A Bajuda ba kwa Thesalonika ba ba neng ba amogetse boammaaruri ba ne ba utlwisiwa botlhoko ke mafoko ano? Nnyaa le eseng. Moragonyana Paulo o ne a ba kwalela a re: ‘Re leboga Modimo re sa kgaotse, ka gonne fa lo ne lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lo ne lwa le amogela fela jaaka le ntse, e le lefoko la Modimo. Lefoko leo le thusa lona badumedi.’ (1 Bathes. 2:13) Mme gone, ke eng se se neng se dira gore Bajuda bano ba kwa Berea ba nne le mogopolo o o bulegileng thata jaana?

16. Ke eng fa go tshwanela go bo Baberea ba bidiwa batho ba ba ‘iketleeleditseng go ithuta’?

16 Le fa e ne e le lekgetlo la ntlha Baberea ba utlwa dikgang tseno, ga ba a ka ba di belaela kgotsa ba tshwayatshwaya diphoso go sa tlhokege; e bile ba ne ba sa dumele sengwe le sengwe fela se ba se bolelelwang. Sa ntlha, ba ne ba reetsa ka kelotlhoko se Paulo a neng a tlile go se bua. Morago ga moo, ba ne ba leba mo Dikwalong go tlhomamisa gore a dilo tse Paulo a ba rutileng tsone di boammaaruri. Gape ba ne ba ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo letsatsi le letsatsi, e seng ka Sabata fela. Mme ba ne ba dira jalo ka “tlhagafalo,” ba ipha nako ya go sekaseka se Dikwalo di se buang ka thuto eno e ntšha. Morago ga moo, ba ne ba ikokobetsa mo ba neng ba dira diphetogo, mme “ba le bantsi ba bone ba ne ba nna badumedi.” (Dit. 17:12) Ga go gakgamatse go bo Luke a re ke batho ba ba ‘iketleeleditseng go ithuta’!

17. Ke eng fa sekao sa Baberea se le molemo, mme re ka tswelela re etsa sekao seo jang le fa re sa bolo go nna mo boammaaruring?

17 Baberea bano ba ne ba sa itse gore pego e e buang ka tsela e ba neng ba itshwara ka yone fa ba utlwa dikgang tse di molemo, e tla bolokiwa mo Lefokong la Modimo gore e nne sekao le mo motlheng wa rona. Ba ile ba dira sone se Paulo a neng a solofetse gore ba tla se dira le se Jehofa Modimo a neng a batla gore ba se dire. Le rona re kgothaletsa batho go dira fela jalo—go sekaseka Baebele ka kelotlhoko e le gore tumelo ya bone e thewe mo Lefokong la Modimo. Le fa go ntse jalo, fa re sena go nna badumedi, a go botlhokwa gore re tswelele re na le mogopolo o o bulegileng? Ee, go botlhokwa go feta le fa e le leng pele gore re nne re tlhoafaletse go ithuta ka Jehofa le go nna bonako go dirisa dilo tse a re rutang tsone. Fa re dira jalo, re a bo re letla Jehofa gore a re bope le go re thapisa go ya ka tsela e e dumalanang le thato ya gagwe. (Isa. 64:8) Re tla itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong mme o tla tswelela pele a re dirisa.

18, 19. (a) Ke eng fa Paulo a ne a tswa kwa Berea, mme gone o ne a bontsha jang bopelokgale jo re tshwanetse go bo etsa? (b) Jaanong Paulo o ne a tshwanetse go ya go rerela bomang le gone kae?

18 Paulo ga a ka a nna lobaka lo loleele mo Berea. Re bala jaana: “Fa Bajuda ba kwa Thesalonika ba utlwalela gore Paulo o ne a rera lefoko la Modimo le kwa Berea, ba ne ba ya koo go ya go tlhotlheletsa boidiidi jwa batho le go ba feretlha. Foo bakaulengwe ba ne ba tshabisa Paulo ka yone nako eo ba bo ba mmuledisa go ya kwa lewatleng, mme Silase le Timotheo ba ne ba sala. Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba buledisa Paulo ba ne ba tsamaya le ene go ya go fitlha kwa Athena, mme fa Paulo a sena go ba laela gore ba bolelele Silase le Timotheo gore ba tle kwa go ene ka bonako jo bo kgonegang, ba ne ba tsamaya.” (Dit. 17:13-15) Ruri baba bano ba dikgang tse di molemo ba ne ba sa batle go ineela! Ba ne ba sa kgotsofalela gore ba kgonne go leleka Paulo kwa Thesalonika; ba ne ba tsaya loeto go ya kwa Berea mme ba leka go baka dikhuduego le koo—ba ne ba itaya sefololetse. Paulo o ne a itse gore tshimo ya gagwe e ne e le kgolo; ka jalo o ne a ya go rera kwa lefelong le lengwe. E kete le rona gompieno re ka nna le maikemisetso a a tshwanang mme re kgoreletse maiteko a a dirwang ke batho ba ba batlang go emisa tiro ya rona ya go rera!

19 Fa Paulo a sena go naya bosupi ka botlalo mo Bajudeng ba kwa Thesalonika le Berea, ga go pelaelo gore o ne a ithutile botlhokwa jwa go rera ka bopelokgale le go ntsha mabaka go tswa mo Dikwalong. Le rona re ithutile se se tshwanang. Mme jaanong Paulo o ne a tshwanetse go ya go rerela mofuta o mongwe wa bareetsi—Baditšhaba ba kwa Athena. Go ne go tla direga eng kwa motseng oo? Re tla bona seo mo kgaolong e e latelang.

a Go ya ka moithuti mongwe wa Baebele, ka nako eo go ne go na le molawana wa ga Kaesara, o o neng o iletsa batho go bolela gore “go na le kgosi kgotsa puso e ntšha e e tlang, segolobogolo fa e le gore e ne e tlile go tsaya maemo a mmusimogolo yo o busang ka nako eo kgotsa e tlile go mo atlhola.” Baba ba ga Paulo ba ka tswa ba ne ba tsaya gore molaetsa o baaposetoloi bano ba neng ba o rera o ne o nyatsa molawana oo. Bona lebokose le le reng, “ Bokaesara le Buka ya Ditiro”.