Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 19

“Tswelela o Bue O se Ka wa Didimala”

“Tswelela o Bue O se Ka wa Didimala”

Paulo o na le tiro ya boitshediso mme gone o beile bodiredi kwa pele

E tswa mo go Ditiro 18:1-22

1-3. Ke eng fa moaposetoloi Paulo a tlile mo Korintha, mme o lebane le maemo afe a a gwetlhang?

 NGWAGA wa 50 C.E. o ya bokhutlong. Moaposetoloi Paulo o kwa Korintha, lefelo le le atlegileng thata mo go tsa kgwebo le le go nnang Bagerika, Baroma le Bajuda ba le bantsi mo go lone. a Paulo ga a tla fano go tla go reka kgotsa go rekisa dilwana, kgotsa go batla tiro ya boitshediso. O na le lebaka lengwe la botlhokwa le le mo tlisitseng mo Korintha—go naya bosupi ka Bogosi jwa Modimo. Mme gone, o batla lefelo le a tla nnang mo go lone, le fa go ntse jalo ga a batle go nna morwalo wa ga ope. Ga a batle gore batho ba akanye gore ba tshwanetse go nna ba mo naya madi ka gonne a dira tiro ya Modimo. O tla dira eng?

2 Paulo o na le bokgoni jwa tiro nngwe—go dira ditente. Go dira ditente ga go motlhofo, mme gone Paulo o ikemiseditse go bereka gore a nne le lotseno. A o tla bona tiro mo motseng ono o o tlhanaselang? A o tla bona lefelo le le siameng le a ka nnang mo go lone? Le fa gone Paulo a lebane le maemo ano a a gwetlhang, ga a itlhokomolose tiro ya gagwe ya botlhokwa, bodiredi.

3 Go bonala Paulo a ne a nna lobakanyana mo motseng ono wa Korintha, mme bodiredi jwa gagwe koo bo ne jwa nna le matswela a a molemo thata. Re ka ithuta eng mo dilong tse Paulo a neng a di dira kwa Korintha tse di tla re thusang gore le rona re neye bosupi ka botlalo ka Bogosi jwa Modimo mo tshimong ya rona?

“Tiro ya Bone ya Diatla E ne E le Ya go Dira Ditente” (Ditiro 18:1-4)

4, 5. (a) Paulo o ne a nna kae fa a ne a le kwa Korintha, mme o ne a dira tiro efe ya boitshediso? (b) Go ka tswa go tlile jang gore Paulo e nne modiri wa ditente?

4 Morago ga nakonyana Paulo a le mo Korintha, o kopana le banyalani bangwe ba ba nang le moya wa go amogela baeng—monna yo e neng e le Mojuda wa tlholego yo o bidiwang Akhwila le mosadi wa gagwe Perisila, kgotsa Periseka. Banyalani bano ba ne ba fudugela kwa Korintha fa Mmusimogolo Kalaudio a sena go ntsha taelo ya “gore Bajuda botlhe ba tswe kwa Roma.” (Dit. 18:1, 2) Akhwila le Perisila ba ne ba amogela Paulo mo legaeng la bone ba bo ba mo kopa gore a bereke le bone mo kgwebong ya bone. Re bala jaana: “E re ka [Paulo] a ne a dira tiro ya diatla e e tshwanang le ya bone, o ne a nna kwa legaeng la bone a bo a bereka le bone ka gonne tiro ya bone ya diatla e ne e le ya go dira ditente.” (Dit. 18:3) Fa Paulo a ntse a dira bodiredi jwa gagwe kwa Korintha o ne a nna mo legaeng la banyalani bano ba ba lorato. Paulo a ka tswa a ile a kwala mangwe a makwalo a moragonyana a neng a nna karolo ya lenaane la dibuka tsa Baebele tse di amogelwang jaaka Dikwalo Tse di Boitshepo fa a ntse a nna le Akhwila le Perisila. b

5 Go tla jang gore Paulo, monna yo o neng a rutilwe “ke Gamaliele ka tlhamalalo,” a bo a itse le go dira ditente? (Dit. 22:3) Go bonala Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa tseye gore go ruta bana ba bone tiro nngwe ya diatla go ka ba diga seriti, le fa bana bao ba ka tswa ba na le thuto ya maemo a a kwa godimo. Paulo a ka tswa a ithutile go dira ditente fa a sa ntse a le mosha e re ka a ne a tswa kwa Tareso kwa Kilikia, e leng lefelo le go itsegeng gore letsela la go dira ditente le le bidiwang cilicium, le tswa kwa go lone. Go dira ditente go ne go akaretsa eng? Tiro eno e ka tswa e ne e akaretsa go loga letsela la go dira ditente kgotsa go sega le go roka matsela a a magwata gore go dirwe ditente ka one. Tiro eno e ne e le tiro e e thata.

6, 7. (a) Paulo o ne a leba jang tiro ya go dira ditente, mme ke eng se se bontshang gore Akhwila le Perisila le bone ba ne ba e leba jalo? (b) Gompieno Bakeresete ba etsa jang sekao sa ga Paulo, Akhwila le Perisila?

6 Paulo ga a ka a tsaya tiro ya go dira ditente e le yone tiro ya konokono mo botshelong jwa gagwe. O ne a dira tiro eno fela gore a kgone go itshedisa fa a ntse a le mo bodireding, a bolela dikgang tse di molemo a sa “duedise.” (2 Bakor. 11:7) Akhwila le Perisila ba ne ba leba tiro ya bone jang? E re ka e ne e le Bakeresete, ga go pelaelo gore ba ne ba e leba fela jaaka Paulo a ne a e leba. Tota e bile, fa Paulo a ne a tloga mo Korintha ka 52 C.E., ba ne ba fuduga le ene mme ba ya kwa Efeso, koo phuthego ya lefelo leo e neng ya dirisa legae la bone go tshwara dipokano. (1 Bakor. 16:19) Moragonyana ba ne ba ya kwa Roma, mme ba boela gape kwa Efeso. Banyalani bano ba ba tlhagafetseng ba ne ba baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone mme ba iketleetsa go direla batho ba bangwe ka go rata, ke gone ka moo “diphuthego tsotlhe tsa batho ba e seng Bajuda” di neng tsa ba leboga.—Bar. 16:3-5; 2 Tim. 4:19.

7 Bakeresete ba motlha wa gompieno ba etsa sekao sa ga Paulo, Akhwila le Perisila. Gompieno bareri ba ba tlhagafetseng ba dira ka natla ‘gore ba se ka ba nna morwalo’ mo go ba bangwe. (1 Bathes. 2:9) Go a itumedisa go bona baboledi ba le bantsi ba Bogosi ba nako e e tletseng ba dira tiro ya nakwana kgotsa ba bereka ka dipaka tse di rileng gore ba kgone go itshedisa fa ba ntse ba dira tiro ya bone ya konokono, bodiredi jwa Bokeresete. Mme fela jaaka Akhwila le Perisila, batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ba nang le moya wa go amogela baeng ba amogela balebedi ba potologo mo magaeng a bone. Mme ba ba “amogelang ba bangwe ka lorato” ba itse kafa seno se kgothatsang le go nonotsha semoyeng ka gone.—Bar. 12:13.

“Bakorintha ba le Bantsi . . . Ba ne Ba Simolola go Dumela” (Ditiro 18:5-8)

8, 9. Paulo o ne a itshwara jang fa Bajuda ba a neng a ba rerela ka tlhoafalo ba mo ganetsa, mme morago ga moo o ne a ya go rera kae?

8 Fa Silase le Timotheo ba goroga ka dimpho tsa bopelotshweu go tswa kwa Makedonia, go ne ga bonala sentle gore Paulo o ne a tsaya tiro ya gagwe ya boitshediso e le e e mo thusang go diragatsa bodiredi jwa gagwe. (2 Bakor. 11:9) Ka yone nako eo, Paulo o ne “a simolola go tshwarega thata ka lefoko [“a dirisa nako yotlhe ya gagwe mo bodireding,” The Jerusalem Bible].” (Dit. 18:5) Le fa go ntse jalo, tsela e Paulo a neng a rera ka tlhoafalo ka yone mo Bajudeng e ne ya dira gore a ganediwe fela thata. Fa Paulo a ne a bolela gore ga a tlhole a tla rwala maikarabelo ape a se se tla diragalelang baganetsi bano ba Bajuda ba ba ganneng molaetsa o o bolokang matshelo o o kaga Keresete, o ne a tlhotlhora diaparo tsa gagwe mme a ba raya a re: “Sepe fela se se lo diragalelang, e tla bo e le molato wa lona. Nna ke phepa. Go tloga jaanong ke tla ya kwa bathong ba ditšhaba tse dingwe.”—Dit. 18:6; Esek. 3:18, 19.

9 Jaanong Paulo o ne a tla rera kae? Monna yo o bidiwang Titio Juseto, yo gongwe a neng a sokologetse mo Sejudeng mme ntlo ya gagwe e le gaufi le sinagoge, o ne a mo amogela mo legaeng la gagwe. Ka jalo, Paulo o ne a fuduga kwa sinagogeng mme a tsena mo ntlong ya ga Juseto. (Dit. 18:7) Paulo o ne a tswelela a nna kwa legaeng la ga Akhwila le Perisila fa a ntse a le kwa Korintha, mme moaposetoloi yono o ne a dirisa legae la ga Juseto e le lefelo le a rerang a le mo go lone.

10. Ke eng se se bontshang gore Paulo o ne a sa ikaelela go rerela fela batho ba ditšhaba?

10 A fa Paulo a ne a re go tloga jaanong o tla ya kwa bathong ba ditšhaba o ne a raya gore o ne a se kitla a tlhola a rerela Bajuda botlhe le batho ba ba sokologetseng mo Sejudeng, tota le ba ba neng ba ka amogela molaetsa? Ga go reye jalo. Ka sekai, “modiredi yo o okametseng sinagoge e bong Kiresepo, o ne a dumela mo Moreneng, mmogo le botlhe ba ba nnang mo ntlong ya gagwe.” Go bonala batho ba le bantsi ba ba neng ba ya kwa sinagogeng ba ne ba latela Kiresepo, ka gonne Baebele ya re: “Bakorintha ba le bantsi ba ba neng ba utlwa dikgang tse di molemo ba ne ba simolola go dumela ba bo ba kolobediwa.” (Dit. 18:8) Ka jalo, phuthego ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa mo Korintha e ne ya kopanela mo ntlong ya ga Titio Juseto. Fa e le gore pego e e mo bukeng ya Ditiro e kwadilwe ka mokgwa o Luke a tlhalosiwang a ne a bega ditiragalo ka one—ke gore, ka go latelana ga tsone—seno se kaya gore Bajuda kgotsa basokologi bao ba ne ba sokologa fa Paulo a sena go tlhotlhora diaparo tsa gagwe. Ka jalo tiragalo eno e bontsha sentle gore moaposetoloi yono o ne a iketleeditse go fetofetoga le maemo.

11. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba etsa Paulo jang fa ba ntse ba leka go rerela batho ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete?

11 Gompieno mo dinageng di le dintsi, go na le dikereke di le dintsi tse di ipitsang tsa Bokeresete mme di na le tlhotlheletso e kgolo mo malokong a tsone. Mo dinageng tse dingwe le mo ditlhaketlhakeng dingwe, barongwa ba madumedi ano a a ipitsang a Bokeresete ba tlhotlheleditse batho ba le bantsi go amogela ditumelo tsa bone. Gantsi batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ngaparetse dingwao, fela jaaka Bajuda ba kwa Korintha ya lekgolo la ntlha la dingwaga. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Paulo, rona Basupi ba ga Jehofa re rerela batho bao ka tlhagafalo, re ba thusa go tlhaloganya Dikwalo sentle ka botlalo. Tota le fa ba re ganetsa kgotsa baeteledipele ba bone ba bodumedi ba re bogisa, ga re latlhele seditse. Mo gare ga batho bao ba ba ‘direlang Modimo ka natla, mme ba se na kitso ya boammaaruri,’ go ka tswa go na le ba le bantsi ba ba pelonolo ba go tlhokegang gore re ba batle mme re ba bone.—Bar. 10:2.

“Ke na Le Batho ba le Bantsi mo Motseng Ono” (Ditiro 18:9-17)

12. Ke eng se Paulo a se tlhomamisediwang mo ponatshegelong?

12 Fa e le gore Paulo o ne a ipotsa gore a ke a tswelele ka bodiredi jwa gagwe mo Korintha, o tshwanetse a bo a ile a bona karabo mo bosigong jo Morena Jesu a neng a bonala kwa go ene ka jone mo ponatshegelong mme a mo raya a re: “O se ka wa tshoga, mme tswelela o bue, o se ka wa didimala, gonne ke na le wena e bile ga go na motho ope yo o tla go tlhaselang gore a go utlwise botlhoko; ka gonne ke na le batho ba le bantsi mo motseng ono.” (Dit. 18:9, 10) Ruri ponatshegelo eno e ne e kgothatsa! Morena o ne a tlhomamisetsa Paulo gore o tla mo sireletsa gore a se ka a utlwisiwa botlhoko le gore go ne go na le batho ba le bantsi ba ba tshwanelegang mo motseng oo. Paulo o ne a dira eng fa a sena go bona ponatshegelo eno? Re bala jaana: “O ne a nna koo ngwaga le dikgwedi di le thataro, a ba ruta lefoko la Modimo.”—Dit. 18:11.

13. Paulo a ka tswa a ne a akantse ka tiragalo efe fa a ntse a atamela setulo sa katlholo, mme o ne a na le lebaka lefe la go lebelela gore a se diragalelwe ke se se tshwanang le seo?

13 Fa Paulo a sena go nna mo Korintha lobaka lwa mo e ka nnang ngwaga, o ne a bona bosupi jo bongwe gape jwa gore Morena o ne a mo eme nokeng. “Bajuda ba ne ba dumalana gore ba tlhasele Paulo ba bo ba mo isa kwa setulong sa katlholo,” se se bidiwang beʹma. (Dit. 18:12) Bangwe ba akanya gore beʹma e ne e le serala se se tsholetsegileng se se dirilweng ka mmabole o o bobududu le bosweu se se tletseng ka mekgabiso ya dilo tse di setilweng, mme se ka tswa se ne se tlhomilwe mo bogareng jwa marekisetso a Korintha. Lefelo le le bulegileng le le neng le le fa pele ga beʹma le ne le le legolo thata jaana mo batho ba le bantsi ba neng ba kgona go kgobokana mo go lone. Dilo tse baithutamarope ba di ribolotseng di bontsha gore gongwe setulo sa katlholo se ka tswa se ne se le dikgato di le mmalwa fela go tswa kwa sinagogeng e bile se le gaufi le ntlo ya ga Juseto. Fa Paulo a ntse a atamela beʹma, a ka tswa a ne a akantse ka tiragalo ya go kgobotlediwa ka maje ga ga Setefane, yo ka dinako tse dingwe a tlhalosiwang e le moswelatumelo wa ntlha wa Mokeresete. Paulo, yo ka nako eo a neng a bidiwa Saulo, o ne a ema nokeng “o ne a dumelela gore Setefane a bolawe.” (Dit. 8:1) A jaanong le ene o ne a tla diragalelwa ke sengwe se se tshwanang le seo? Nnyaa, ka gonne o ne a solofediwa jaana: ‘Ga go na motho ope yo o tla go utlwisang botlhoko.’—Dit. 18:10.

“Foo o ne a ba leleka fa setulong sa katlholo.”—Ditiro 18:16

14, 15. (a) Bajuda ba ne ba latofatsa Paulo ka eng, mme ke eng fa Galio a ile a tsholola kgetsi eo? (b) Sosethenese o ne a diragalelwa ke eng, mme go ka tswa go ne ga direga eng ka ene?

14 Go ne ga diragala eng fa Paulo a fitlha fa setulong sa katlholo? Ka nako eo magiseterata e ne e le molaodi wa masole a kwa Akaia yo o bidiwang Galio—mogoloe rafilosofi wa Moroma e bong Seneca. Bajuda ba ne ba latofatsa Paulo ba re: “Monna yono o tlhotlheletsa batho gore ba obamele Modimo ka tsela e e sa dumalaneng le molao.” (Dit. 18:13) Bajuda bano ba ne ba kaya gore Paulo o ntse a tlhotlheletsa batho gore ba amogele dilo tse ene a di dumelang, mme o ne a dira seo ka tsela e e seng kafa molaong. Le fa go ntse jalo, Galio o ne a bona gore Paulo ga a dira sepe se se “phoso” le gore o ne a se na molato wa ‘tiro e e bosula.’ (Dit. 18:14) Galio o ne a sa ikaelela go tsenelela mo dikganetsanong tsa Bajuda. Kana e bile, tota le pele Paulo a ka bua sepe fela go iphemela, Galio o ne a tsholola kgetsi eo! Batho ba ba neng ba latofatsa Paulo ba ne ba shakgetse tota. Ba ne ba ntshetsa tšhakgalo ya bone mo go Sosethenese, yo gongwe a neng a tsene mo boemong jwa ga Kiresepo jwa go nna motlhankedi yo o okametseng wa sinagoge. Ba ne ba tshwara Sosethenese “ba bo ba mo itaya fa pele ga setulo sa katlholo.”—Dit. 18:17.

15 Ke eng fa Galio a sa ka a thiba boidiidi fa bo ne bo itaya Sosethenese? Gongwe Galio o ne a akanya gore Sosethenese e ne e le moeteledipele wa segopa se se neng se le kgatlhanong le Paulo, mme ka jalo o ne a tshwanelwa ke go itewa. Le fa boemo e ka tswa e ne e le bofe, go bonala tiragalo eno e ne ya nna le diphelelo tse di molemo. Mo lekwalong la ntlha le Paulo a neng a le kwalela phuthego ya Korintha dingwaga di le mmalwa morago ga moo, o ne a umaka Sosethenese mongwe a re ke mokaulengwe. (1 Bakor. 1:1, 2) A yono e ne e le ene Sosethenese yo o neng a itewa kwa Korintha? Fa e le gore go ntse jalo, tiragalo eno e e botlhoko e ka tswa e le yone e dirileng gore a nne Mokeresete.

16. Mafoko a Morena a a reng, “Tswelela o bue, o se ka wa didimala, gonne ke na le wena,” a ama bodiredi jwa rona jang?

16 O tla gakologelwa gore e ne e le morago ga gore Bajuda ba gane go amogela molaetsa wa ga Paulo fa Morena Jesu a ne a mo tlhomamisetsa jaana: “O se ka wa tshoga, mme tswelela o bue, o se ka wa didimala, gonne ke na le wena.” (Dit. 18:9, 10) Re tshwanetse go nna re gopotse mafoko ano, segolobogolo fa batho bangwe ba gana molaetsa wa rona. Le ka motlha re se ka ra lebala gore Jehofa o kgona go bona se se mo pelong ya motho mme o gogela batho ba ba dipelo di ikanyegang mo go ene. (1 Sam. 16:7; Joh. 6:44) Ruri seno se tshwanetse go re kgothatsa gore re nne re tshwaregile mo bodireding! Ngwaga le ngwaga go kolobediwa batho ba ka nna 300 000—batho ba ka nna 800 ka letsatsi. Jesu o tlhomamisetsa ba ba reetsang taelo ya go ‘dira batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa’ jaana: “Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe leno.”—Math. 28:19, 20.

“Fa Jehofa a Ratile” (Ditiro 18:18-22)

17, 18. Paulo a ka tswa a ne a akantse ka eng fa a ntse a tsamaya ka sekepe go ya kwa Efeso?

17 Ga re tlhomamisege gore tsela e Galio a neng a tshwara batho ba ba neng ba latofatsa Paulo ka yone, ke yone e neng ya dira gore phuthego ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa kwa Korintha e nne le lobaka lwa kagiso. Mme gone, Paulo o ne a nna “malatsi a le mantsi” koo pele a ka kgaogana le bakaulengwe ba gagwe ba kwa Korintha. Mo dikgakologong tsa 52 C.E., o ne a rulaganya go tsaya mosepele ka sekepe go ya kwa Siria a tswa kwa boemakepeng jwa Kenkerea, jo bo leng sekgala sa dikilometara di ka nna 11 kafa botlhaba jwa Korintha. Le fa go ntse jalo, pele Paulo a tloga mo Kenkerea, o ne a “fokoditse moriri wa gagwe . . . , ka gonne o ne a dirile maikano.” c (Dit. 18:18) Morago ga moo, o ne a tsamaya le Akhwila le Perisila ka sekepe go ralala Lewatle la Aegean ba ya kwa Efeso mo Asia Minor.

18 Fa Paulo a ntse a le mo sekepeng a tswa kwa Kenkerea, o tshwanetse a bo a ne a akantse ka dilo tse di neng di diregile kwa Korintha. O ne a na le dilo di le dintsi tse di molemo tse a neng a ka akanya ka tsone le tse di neng di dira gore a ikutlwe a kgotsofetse thata. Bodiredi jwa gagwe jwa dikgwedi di le 18 kwa motseng oo bo ne bo nnile le matswela a a molemo. Phuthego ya ntlha ya kwa Korintha e ne e tlhomilwe, mme ntlo ya ga Juseto e ne e dirisediwa go tshwara dipokano. Bangwe ba batho ba ba neng ba nna badumedi e ne e le Juseto, Kiresepo le ba ntlo ya gagwe le ba bangwe ba le bantsi. Paulo o ne a rata badumedi bano ba basha fela thata ka gonne ke ene a ba thusitseng go nna Bakeresete. Moragonyana o ne a ba kwalela mme a ba tlhalosa e le makwalo a a re buelelang a a kwadilweng ka go ralwa mo pelong ya gagwe. Le rona re ikutlwa re atamalane thata le batho ba re ileng ra nna le tshiamelo ya go ba thusa go tla mo kobamelong ya boammaaruri. A bo go itumedisa jang ne go bona ‘makwalo ano a a re buelelang’!—2 Bakor. 3:1-3.

19, 20. Paulo o ne a dira eng fa a goroga kwa Efeso, mme re ithuta eng mo go ene mo tseleng e a neng a latelela mekgele ya semoya ka yone?

19 Fa Paulo a goroga kwa Efeso, ga a ka a senya nako, o ne a simolola ka tiro ya gagwe e e botlhokwa. O ne a “ya kwa sinagogeng mme a ruta Bajuda ka go ba thusa go tlhaloganya Dikwalo.” (Dit. 18:19) Mo lekgetlong leno, Paulo o ne a nna kwa Efeso lobaka lo lokhutshwane fela. Le fa gone ba ile ba mo kopa gore a nne lobakanyana, “ga a ka a dumela.” Mme fa a laela Baefeso, o ne a ba raya a re: “Ke tla boela mo go lona gape, fa Jehofa a ratile.” (Dit. 18:20, 21) Ga go pelaelo gore Paulo o ne a lemoga gore go ne go na le tiro e ntsi ya go rera e e neng e tshwanetse go dirwa mo Efeso. Moaposetoloi yono o ne a ikaeletse go boela mo motseng ono, mme gone o ne a tlhopha go tlogela dilo mo diatleng tsa ga Jehofa. Ruri seno ke sekao se se molemo se re sa tshwanelang go se lebala! Fa re batla go fitlhelela mekgele ya semoya, re tshwanetse go tsaya kgato pele. Le fa go ntse jalo, ka metlha re tshwanetse go ikaega ka kaelo ya ga Jehofa mme re leke ka natla go dira dilo go dumalana le thato ya gagwe.—Jak. 4:15.

20 Paulo o ne a tlogela Akhwila le Perisila mo Efeso, mme a tsamaya ka sekepe go ya kwa Kaesarea. Gongwe o ne a “ya” kwa Jerusalema go ya go dumedisa phuthego ya koo. (Bona ntlha ya go ithuta e e mo Baebeleng ya Seesemane mo go Ditiro 18:22.) Morago ga moo, Paulo o ne a ya kwa motseng wa gagabo—Antioka wa Siria. O ne a weditse loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa ka katlego. O ne a tla diragalelwa ke eng mo loetong lwa gagwe lwa bofelo lwa borongwa?

a Bona lebokose le le reng, “ Korintha—Motse O o Fa Gare ga Mawatle a Mabedi”.

b Bona lebokose le le reng, “ Makwalo a a Tlhotlheleditsweng a a Neng a Gomotsa”.

c Bona lebokose le le reng, “ Maikano a ga Paulo”.