Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 8

Phuthego E ne E “Tshela ka Kagiso”

Phuthego E ne E “Tshela ka Kagiso”

Mmogisi yo o setlhogo Saulo, o nna modiredi yo o tlhoafetseng

E tswa mo go Ditiro 9:1-43

1, 2. Saulo o ne a ikaeletse go dira eng kwa Damaseko?

 BANNA ba ba shakgetseng ba atamela Damaseko, kwa ba ikaeletseng go dira sengwe se se bosula gone. Ba tlile go ntsha barutwa ba ba tlhoilweng ba ga Jesu ka dikgoka mo magaeng a bone, ba ba bofe, ba ba tlhabise ditlhong mme ba ba ise kwa Jerusalema gore ba ye go otlhaiwa ke Sanehederine.

2 Moeteledipele wa segopa seo, e bong Saulo, o setse a na le molato wa madi. a O sa tswa go leba fela a sa dire sepe fa banna bangwe ba ba tlhagafaletseng Sejuda jaaka ene ba kgobotletsa morutwa yo o ineetseng wa ga Jesu e bong Setefane ka maje go fitlha a swa. (Dit. 7:57–8:1) E re ka Saulo a ne a sa kgotsofalele go bogisa fela balatedi ba ga Jesu ba ba nnang mo Jerusalema, o nna jaaka serumola se nako nngwe le nngwe se neng se ka anamisa malakabe a molelo wa pogiso. O batla go nyeletsa lekoko le le kotsi le le bidiwang “Tsela.”—Dit. 9:1, 2; bona lebokose le le reng, “ Tetla e Saulo a Neng a e Neilwe Kwa Damaseko”.

3, 4. (a) Saulo o ne a diragalelwa ke eng? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

3 Ka tshoganyetso, lesedi le le tsabakelang le phatsima go dikologa Saulo. Batho ba a tsamayang le bone ba bona lesedi leno mme ba ema fela ba tsigame e bile ba tshogile. Saulo, yo o foufaditsweng, o wela fa fatshe. E re ka Saulo a sa bone, o utlwa lentswe le le tswang legodimong le re: “Saulo, Saulo, o mpogisetsa eng?” Saulo o botsa jaana a gakgametse: “O mang, Morena?” Karabo e Saulo a e newang e tshwanetse ya bo e ile ya mo garola pelo: “Ke nna Jesu, yo o mmogisang.”—Dit. 9:3-5; 22:9.

4 Re ka ithuta eng mo mafokong a ntlha a Jesu a neng a a raya Saulo? Re ka solegelwa molemo jang ke go sekaseka dilo tse di neng tsa direga fa Saulo a ne a sokologa? Mme re ka ithuta eng mo tseleng e phuthego e neng ya dirisa ka yone lobaka lwa kagiso lo lo neng lwa nna gone fa Saulo a sena go sokologa?

“O Mpogisetsa Eng?” (Ditiro 9:1-5)

5, 6. Re ka ithuta eng mo mafokong a Jesu a neng a a raya Saulo?

5 Fa Jesu a ne a emisa Saulo mo tseleng e e yang Damaseko, ga a ka a mmotsa gore: “Ke ka ntlha yang fa o bogisa barutwa ba me?” Jaaka go bontshitswe fa godimo, o ne a re: “O mpogisetsa eng?” (Dit. 9:4) Ee, Jesu o utlwa botlhoko jo balatedi ba gagwe ba bo utlwang fa ba lebane le diteko.—Math. 25:34-40, 45.

6 Fa e le gore o a bogisiwa ka ntlha ya go bo o dumela mo go Keresete, tlhomamisega gore Jehofa le Jesu ba tlhaloganya seemo se o leng mo go sone. (Math. 10:22, 28-31) Jehofa a ka nna a se ka a tlosa teko eo gone jaanong. Se lebale gore, Jesu o ne a bona seabe se Saulo a neng a nna le sone fa Setefane a ne a bolawa, mme o ne a mmona le fa a ne a gogagoga barutwa ba ba ikanyegang mo matlong a bone kwa Jerusalema. (Dit. 8:3) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a tsereganya ka yone nako eo. Mme gone, Jehofa o ne a dirisa Jesu go naya Setefane le barutwa ba bangwe nonofo e ba neng ba e tlhoka gore ba nne ba ikanyega.

7. O tshwanetse go dira eng gore o kgone go itshokela pogiso?

7 Le wena o ka kgona go itshokela pogiso fa o dira dilo tse di latelang: (1) Ititeye sehuba gore o tla nna o ikanyega go sa kgathalesege se se diregang. (2) Kopa Jehofa gore a go thuse. (Bafil. 4:6, 7) (3) Tlogela Jehofa gore e nne ene a busolosang. (Bar. 12:17-21) (4) Ikanye Jehofa gore o tla go naya nonofo ya go itshoka go fitlha a bona go tshwanela gore a tlose teko eo.—Bafil. 4:12, 13.

“Saulo, Mokaulengwe, Morena . . . o Nthomile” (Ditiro 9:6-17)

8, 9. Ananiase a ka tswa a ile a ikutlwa jang ka kabelo ya gagwe?

8 Fa Jesu a sena go araba potso eno ya ga Saulo, “O mang Morena?” o ne a mo raya a re: “Ema mme o ye kwa motseng, mme o tla bolelelwa se o tshwanetseng go se dira.” (Dit. 9:6) Saulo yo o neng a foufetse o ne a isiwa kwa lefelong lengwe kwa Damaseko, kwa a neng a itima dijo le go rapela ka malatsi a le mararo. Mo go yone nako eo, Jesu o ne a bolelela morutwa mongwe wa mo motseng oo ka Saulo, monna yo o bidiwang Ananiase, “yo Bajuda botlhe ba ba nnang [kwa Damaseko] ba neng ba mmua bontle.”—Dit. 22:12.

9 Akanya fela kafa Ananiase a tshwanetseng a bo a ne a tlhakane tlhogo ka gone! Tlhogo ya phuthego, Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing, o ne a bua le ene ka namana, a mo tlhopha gore a dire kabelo nngwe e e kgethegileng. Seo e ne e le tshiamelo e kgolo mme gone e le kabelo e e thata! Fa Ananiase a ne a bolelelwa gore o tshwanetse go ya go bua le Saulo, o ne a re: “Morena, ke utlwile batho ba le bantsi ba bua ka monna yono, ba bua dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko tse a neng a di dira batho ba gago kwa Jerusalema. Mme jaanong baperesiti ba bagolo ba mo neile taolo ya gore a tshware botlhe ba ba bitsang leina la gago.”—Dit. 9:13, 14.

10. Re ithuta eng ka Jesu mo tseleng e a neng a dirisana le Ananiase ka yone?

10 Jesu ga a ka a kgalema Ananiase fa a ntsha maikutlo a gagwe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a mo naya kaelo e e utlwalang sentle. Mme o ne a bontsha go mo akanyetsa ka go mmolelela lebaka la go bo a ne a batla gore e nne ene a dirang kabelo eno e e thata. Jesu o ne a bua jaana ka Saulo: “Monna yono ke sejana se ke se tlhophileng gore a ye go rera ka leina la me kwa ditšhabeng le kwa dikgosing le kwa Baiseraeleng. Gonne ke tla mmontsha ka tlhamalalo gore o tshwanetse go boga go le kana kang ka ntlha ya leina la me.” (Dit. 9:15, 16) Ananiase o ne a ikobela taelo ya ga Jesu ka yone nako eo. O ne a ya go batla Saulo wa mmogisi, mme a mo raya a re: “Saulo, mokaulengwe, Morena Jesu yo o neng a iponatsa mo go wena fa o ne o le mo tseleng o tla kwano, o nthomile gore ke go thuse gore o kgone go bona gape o bo o tladiwe ka moya o o boitshepo.”—Dit. 9:17.

11, 12. Re ithuta eng mo dilong tse di ileng tsa diragalela Jesu, Ananiase le Saulo?

11 Re ithuta dintlha di le dintsi mo dilong tse di neng tsa diragalela Jesu, Ananiase le Saulo. Ka sekai, Jesu o di goga kwa pele mo tirong ya go rera, fela jaaka a ne a solofetsa. (Math. 28:20) Le fa gompieno Jesu a sa bue le batho ka tlhamalalo, o kaela tiro eno a dirisa motlhanka yo o boikanyego, yo gone jaanong a mo tlhomileng go okamela ba ntlo ya gagwe. (Math. 24:45-47) Setlhopha se se Laolang se laela gore go romelwe baboledi le babulatsela gore ba ye go batla batho ba ba batlang go oketsa kitso ya bone ka Keresete. Jaaka go bontshitswe mo kgaolong e e fetileng, bontsi jwa batho bao ba ne ba rapela Modimo gore a ba kaele mme ba ile ba etelwa ke Basupi ba ga Jehofa.—Dit. 9:11.

12 Ananiase o ne a amogela ka boikobo kabelo e a neng a e newa mme a segofadiwa. A o ikobela taelo ya go naya bosupi ka botlalo, tota le fa kabelo e o e neilweng e lebega e le thata? Batho ba bangwe ba a tlalelwa fa ba tshwanelwa ke go ya ka ntlo le ntlo le go kopana le batho ba ba sa ba itseng. Ba bangwe ba fitlhela go le thata go rerela batho ba ba mo mafelong a kgwebo, mo mebileng, go ba rerela ka founo kgotsa ka makwalo. Ananiase o ne a fenya poifo ya gagwe mme a nna le tshiamelo ya go thusa Saulo gore a amogele moya o o boitshepo. b Ananiase o ne a atlega ka gonne o ne a ikanya Jesu e bile a tsaya Saulo e le mokaulengwe wa gagwe. Le rona re ka fenya poifo ya rona fa jaaka Ananiase re ka tshepa gore Jesu o kaela tiro ya go rera, re utlwele batho ba re ba rerelang botlhoko mme le ba go lebegang ba tshosa re ba tseye e le bakaulengwe ba rona ba kamoso.—Math. 9:36.

O ne “A Simolola go Rera ka Jesu” (Ditiro 9:18-30)

13, 14. Fa e le gore o ithuta Baebele mme ga o ise o kolobediwe, o ka ithuta eng mo sekaong sa ga Saulo?

13 Saulo o ne a tsaya kgato ka bonako ka se a neng a se ithutile. Fa a sena go fodisiwa, o ne a dumela go kolobediwa mme a simolola go kopanela le barutwa ba kwa Damaseko. Mme o ne a dira se se fetang seo. “Ka yone nako eo o ne a simolola go rera ka Jesu mo disinagogeng, a bolela gore Jesu ke Morwa Modimo.”—Dit. 9:20.

14 Fa e le gore o ithuta Baebele mme ga o ise o kolobediwe, a o tla dira jaaka Saulo mme o tseye kgato ka se o se ithutileng le go kolobediwa? Gone ke boammaaruri gore Saulo o ne a iponela ka matlho kgakgamatso e Keresete a neng a e dira, mme ga go pelaelo gore seno se ne sa mo tlhotlheletsa go tsaya kgato. Mme go na le ba bangwe ba le bone ba neng ba iponela dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira, mme ba se ka ba dira sepe ka gone. Ka sekai, setlhopha sengwe sa Bafarasai se ne se mo lebile fa a ne a fodisa monna mongwe yo o neng a omeletse seatla, mme Bajuda ba le bantsi ba ne ba itse gore Jesu o ne a tsositse Lasaro mo baswing. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ga ba a ka ba fetoga e bile ba ne ba mo ganetsa fela thata. (Mar. 3:1-6; Joh. 12:9, 10) Go farologana le bone, Saulo ene o ne a fetoga. Ke eng fa Saulo a ile a fetoga fa ba bangwe bone ba ile ba palelwa? Ka gonne o ne a boifa Modimo go na le batho e bile a anaanela thata bopelotlhomogi jo Keresete a neng a mmontshitse jone. (Bafil. 3:8) Fa le wena o ka nna le boikutlo joo, ga o kitla o letla sepe se go thibela go nna le seabe mo tirong ya go rera mme o tla dira ka natla gore o tshwanelegele go kolobediwa.

15, 16. Saulo o ne a dira eng mo disinagogeng, mme Bajuda ba kwa Damaseko ba ne ba itshwara jang?

15 A o kgona go bona ka leitlho la mogopolo kafa boidiidi jwa batho bo tshwanetseng jwa bo bo ne bo gakgametse ka gone, bo tshogile e bile bo galefile thata fa bo bona Saulo a simolola go rera ka Jesu mo disinagogeng? Ba ne ba botsa jaana: “A monna yono ga se ene yo o neng a bogisa batho ba ba kwa Jerusalema ba ba bitsang leina leno?” (Dit. 9:21) Fa Saulo a ne a tlhalosa lebaka la go bo a fetotse tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka Jesu, o ne a “ntsha mabaka a a utlwalang sentle a gore Jesu ke Keresete.” (Dit. 9:22) Mme mabaka a a neng a ba naya one a ne a se kitla a kgona go ba tlhatswa pelo botlhe. O ne a se kitla a kgona go fetola megopolo ya batho bano ba ba ratang dingwao kgotsa ba ba ikgogomosang. Mme gone, Saulo ga a ka a ineela.

16 Dingwaga di le tharo morago ga moo, Bajuda ba kwa Damaseko ba ne ba sa ntse ba ganetsa Saulo. Kgabagare, ba ne ba swetsa ka gore ba mmolaye. (Dit. 9:23; 2 Bakor. 11:32, 33; Bagal. 1:13-18) Fa Saulo a sena go utlwa ka leano leo, o ne a bona go le molemo gore a tswe mo motseng ka sephiri. Batho bangwe ba ne ba mo folosetsa kwa tlase ka phatlha mo loboteng a le mo serotong. Luke o bitsa batho bao ba ba neng ba thusa Saulo go tshaba mo bosigong joo “barutwa ba [ga Saulo].” (Dit. 9:25) Mafoko ano a bontsha gore gongwe bangwe ba batho ba ba neng ba reeditse Saulo a bua kwa Damaseko ba ne ba amogela molaetsa wa gagwe mme ba nna balatedi ba ga Keresete.

17. (a) Batho ba itshwara jang fa ba utlwa boammaaruri jo bo mo Baebeleng? (b) Re tshwanetse go tswelela pele re dira eng, mme ka ntlha yang?

17 Lekgetlo la ntlha fa o ne o bolelela ba lelapa la gago, ditsala tsa gago le batho ba bangwe ka dilo tse di molemo tse o di ithutileng, o ka tswa o ne o lebeletse gore mongwe le mongwe o tla amogela boammaaruri jo bo utlwalang sentle jo bo mo Baebeleng. Bangwe ba ka tswa ba ne ba bo amogela mme bontsi ga bo a dira jalo. Eleruri, maloko a ba ntlo ya gago a ka tswa a ne a go tsaya o le mmaba. (Math. 10:32-38) Le fa go ntse jalo, fa o tswelela pele o tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go tlhalosa mabaka go ya ka Dikwalo, mme o itshwara sentle jaaka Mokeresete, tota le batho ba ba go ganetsang ba ka nna ba fetola tsela e ba lebang dilo ka yone.—Dit. 17:2; 1 Pet. 2:12; 3:1, 2, 7.

18, 19. (a) Baaposetoloi ba ne ba itshwara jang fa Barenabase a ne a ba tlhomamisetsa gore tota Saulo ke morutwa? (b) Re ka etsa Barenabase le Saulo jang?

18 Fa Saulo a tsena kwa Jerusalema, barutwa ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go bo ba sa dumele fa a ba bolelela gore jaanong ke morutwa. Le fa go ntse jalo, fa Barenabase a ne a tlhomamisetsa baaposetoloi gore tota Saulo e ne e le morutwa, ba ne ba mo amogela mme ba nna le ene ka lobakanyana. (Dit. 9:26-28) Saulo o ne a le kelotlhoko mme gone o ne a sa tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo. (Bar. 1:16) O ne a rera ka bopelokgale kwa Jerusalema, gone kwa a simolotseng teng go bogisa barutwa ba ga Jesu Keresete setlhogo. Bajuda ba kwa Jerusalema ba ne ba tshoga fa ba lemoga gore monna yo ba neng ba akanya gore o tla di goga kwa pele mo go fediseng Bakeresete jaanong o fetogile mongwe wa bone, mme ba ne ba swetsa ka gore ba mmolaye. Pego ya re: “E rile bakaulengwe ba utlwa ka seno, ba ne ba isa [Saulo] kwa Kaesarea ba bo ba mo romela kwa Tareso.” (Dit. 9:30) Saulo o ne a ikobela kaelo e Jesu a neng a e mo naya a dirisa phuthego. Saulo le phuthego ba ne ba solegelwa molemo ke kaelo eo.

19 Ela tlhoko gore Barenabase ke ene a neng a tsaya kgato pele go thusa Saulo. Ga go pelaelo gore go mo thusa jalo ka bopelonomi go ne ga dira gore batlhanka bano ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa e nne ditsala tse dikgolo. A le wena o etsa sekao sa ga Barenabase mme o ithaopela go thusa batho ba basha mo phuthegong, ka go bereka le bone mo bodireding jwa tshimo le go ba thusa gore ba gatele pele semoyeng? O tla segofadiwa thata fa o dira jalo. Fa e le gore o mmoledi yo mosha wa dikgang tse di molemo, a o etsa sekao sa ga Saulo ka go amogela thuso e bakaulengwe ba gago ba go nayang yone? Fa o bereka le baboledi ba ba nang le maitemogelo, o tla tokafatsa bokgoni jwa gago mo bodireding, boipelo jwa gago bo tla oketsega e bile o tla nna le ditsala tse di nnelang ruri.

“Batho ba le Bantsi Ba ne Ba Dumela mo Moreneng” (Ditiro 9:31-43)

20, 21. Batlhanka ba Modimo ba motlha wa pele le wa gompieno, ba dirisitse jang nako ya fa ba “tshela ka kagiso” ka tsela e e molemo?

20 Fa Saulo a sena go sokologa le go tswa mo motseng ka pabalesego, “barutwa botlhe mo Judea, Galalea le Samarea ba ne ba tshela ka kagiso.” (Dit. 9:31) Barutwa ba ne ba dirisa jang nako eno e e siameng? (2 Tim. 4:2) Pego ya re ba ne ba “nonotshiwa.” Baaposetoloi mmogo le bakaulengwe ba bangwe ba ba nang le maikarabelo ba ne ba nonotsha tumelo ya barutwa, mme ba etelela phuthego pele fa e ntse e ‘bontsha gore e boifa Jehofa e bile e amogela kgomotso ya moya o o boitshepo.’ Ka sekai, Petere o ne a dirisa nako eo go nonotsha barutwa ba kwa motseng wa Lida o o mo Lebaleng la Sharona. Maiteko a gagwe a ne a dira gore bontsi jwa batho ba ba nnang mo motseng oo ba dumele “mo Moreneng.” (Dit. 9:32-35) Barutwa ga ba a ka ba itewa tsebe ke mekgele e mengwe, go na le moo ba ne ba leka ka natla go tlhokomelana le go rera dikgang tse di molemo. Matswela a seno e ne ya nna gore phuthego ‘e ne ya nna e oketsega.’

21 Go ela kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di le dintsi le bone ba ne ba “tshela ka kagiso.” Mebuso e e neng e gatelela batho ba Modimo ka masomesome a dingwaga e ne ya khutla ka tshoganyetso, mme dithibelo dingwe tse di neng di dirilwe mo tirong ya go rera di ne tsa tlosiwa kgotsa tsa phimolwa gotlhelele. Basupi ba le diketekete ba ne ba dirisa tshono eno go rera phatlalatsa, mme ba ile ba nna le matswela a a itumedisang.

22. O ka dirisa jang kgololesego e o nang le yone ka tsela e e molemo?

22 A o dirisa kgololesego e o nang le yone ka tsela e e molemo? Fa e le gore o nna mo nageng e e nang le kgololesego ya bodumedi, Satane a ka rata go go raela gore o gagamalele dikhumo mme e seng dilo tsa Bogosi. (Math. 13:22) O se ka wa iteega tsebe. Dirisa lobaka lope fela lwa kagiso lo o nang le lone ka tsela e e molemo. Leba lobaka lono e le tshono e e siameng ya go naya bosupi ka botlalo le go aga phuthego. Se lebale gore maemo a gago a ka fetoga ka tshoganyetso fela o sa lebelela.

23, 24. (a) Re ithuta dintlha dife mo pegong ya ga Tabitha? (b) Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?

23 Akanya ka se se neng sa diragalela morutwa mongwe yo o bidiwang Tabitha, kgotsa Dorekase. O ne a nna kwa Jopa, motse o o gaufi le Lida. Kgaitsadi yono yo o ikanyegang o ne a dirisa nako le dithoto tsa gagwe ka tsela e e molemo, a “dira ditiro tse di molemo le go thusa bahumanegi.” Le fa go ntse jalo, o ne a bobola ka tshoganyetso mme a swa. c Loso lwa gagwe lo ne lwa hutsafatsa barutwa ba kwa Jopa thata, segolobogolo batlholagadi ba a neng a ba direla ditiro tsa bopelonomi. Fa Petere a goroga kwa ntlong e setopo sa ga Dorekase se neng se baakanyetswa mo go yone gore se fitlhiwe, o ne a dira kgakgamatso e go seng ope wa baaposetoloi ba ga Jesu Keresete yo o kileng a e dira. Petere o ne a rapela mme a tsosa Tabitha mo baswing! Akanya fela kafa batlholagadi le barutwa ba bangwe ba tshwanetseng ba bo ba ne ba itumetse ka gone fa Petere a ba biletsa mo kamoreng mme a ba naya Tabitha a tshela. Ruri ditiragalo tseno di tshwanetse tsa bo di ile tsa ba nonotsha gore ba itshokele diteko tse di neng di larile kwa pele! Go a utlwala go bo kgakgamatso eno e ne ya “itsiwe mo Jopa yotlhe, mme batho ba le bantsi ba ne ba dumela mo Moreneng.”—Dit. 9:36-42.

O ka etsa Tabitha jang?

24 Re ithuta dithuto tse pedi tsa botlhokwa mo pegong eno e e amang pelo ya ga Tabitha. (1) Botshelo bo bokhutshwane. Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore re itirele leina le le molemo le Modimo fa re sa ntse re kgona! (Mor. 7:1) (2) Tsholofelo ya tsogo ya baswi ke ya mmatota. Jehofa o ne a bona ditiro tse dintsi tsa bopelonomi tse Tabitha a neng a di dira, mme o ne a mo duela. O tla gakologelwa tiro ya rona ya bonatla mme o tla re tsosa mo baswing fa go ka direga gore re swe pele ga Aramagedona. (Baheb. 6:10) Ka jalo, le fa gone jaanong re ka tswa re itshoketse “nako ya mathata” kgotsa re itumelela go “tshela ka kagiso,” a re tsweleleng pele re naya bosupi ka botlalo ka ga Keresete.—2 Tim. 4:2.

a Bona lebokose le le reng, “ Saulo wa Mofarasai”.

b Go ne go tlwaelegile gore baaposetoloi e nne bone ba nayang motho mpho ya moya o o boitshepo. Le fa go ntse jalo, mo boemong jono jo bo sa tlwaelegang, go bonala Jesu a ne a naya Ananiase thata ya go fetisetsa mpho ya moya mo go Saulo. Fa Saulo a sena go sokologa, go ne ga feta lobaka lo loleele a sa kopane le baaposetoloi ba ba 12. Le fa go ntse jalo, go bonala a ne a tlhagafetse mo nakong eo yotlhe. Ka jalo, Jesu o tshwanetse a bo a ile a naya Saulo nonofo e a neng a e tlhoka go diragatsa kabelo ya gagwe ya go rera.