Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 6

Setefane—O ne “A Amogelwa ke Modimo e Bile Modimo a mo Naya Maatla”

Setefane—O ne “A Amogelwa ke Modimo e Bile Modimo a mo Naya Maatla”

Go ithuta sengwe mo bosuping jo Setefane a neng a bo neela ka bopelokgale fa pele ga Sanehederine

E tswa mo go Ditiro 6:8–8:3

1-3. (a) Setefane o lebane le seemo sefe se se tshosang, mme gone o itshwara jang? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

 SETEFANE o eme fa pele ga maloko a kgotlatshekelo. Go na le banna ba le 71 mo holong e e manobonobo e e ka tswang e le gaufi le tempele ya Jerusalema. Kgotlatshekelo ya Sanehederine e kopane mo letsatsing leno go tla go atlhola Setefane. Banna ba ba tlileng go atlhola Setefane ke banna ba ba nang le taolo, ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo mo bathong, mme bontsi jwa bone ba nyatsa morutwa yono wa ga Jesu. Tota e bile, monna yo o phuthileng batho bano ke Moperesiti yo mogolo e bong Kaiafase, yo dikgwedi di le mmalwa pelenyana ga moo a neng a okametse lekgotla la Sanehederine fa le ne le atlholela Jesu Keresete loso. A Setefane o tshogile?

2 Go na le sengwe se se gakgamatsang ka tsela e sefatlhego sa ga Setefane se lebegang ka yone ka nako eno. Baatlhodi ba mo tlhoma matlho mme ba fitlhela sefatlhego sa gagwe se “tshwana le sefatlhego sa moengele.” (Dit. 6:15) E re ka baengele ba tshola melaetsa e e tswang kwa go Jehofa Modimo, ga ba boife sepe, ba ritibetse e bile ba mo kagisong. Go ntse fela jalo le ka Setefane—tota le baatlhodi bano ba ba tletseng letlhoo ba kgona go lemoga seo. Go tla jang gore a bo a ritibetse jaana?

3 Gompieno Bakeresete ba ka ithuta go le gontsi mo karabong ya potso eno. Re tlhoka go itse gape gore ke eng se se dirileng gore Setefane a feleletse a le mo seemong seno se se thata. O ne a femela tumelo ya gagwe jang mo nakong e e fetileng? Mme re ka mo etsa ka ditsela dife?

“Ba Fudua Batho” (Ditiro 6:8-15)

4, 5. (a) Ke eng fa Setefane a ne a dirisiwa thata mo phuthegong? (b) Ke ka tsela efe Setefane a neng “a amogelwa ke Modimo e bile Modimo a mo naya maatla”?

4 Re setse re ithutile gore Setefane o ne a dirisiwa thata mo phuthegong ya Bokeresete e e neng e sa tswa go tlhomiwa. Mo kgaolong e e fetileng ya buka eno, re ithutile gore e ne e le mongwe wa banna ba le supa ba ba ikokobeditseng ba ba neng ba ikeetleeditse go thusa baaposetoloi fa ba ne ba kopiwa go dira jalo. Re kgatlhiwa thata ke boikokobetso jwa gagwe fa re lemoga kafa Modimo a neng a mo segofaditse ka dimpho tse dintsi ka gone. Mo go Ditiro 6:8, re ithuta gore o ne a kgona go dira “dikgakgamatso le ditshupo tse dikgolo,” jaaka bangwe ba baaposetoloi ba ne ba dira. Gape re bolelelwa gore o ne a “amogelwa ke Modimo e bile Modimo a mo naya maatla.” Seno se ne se kaya eng?

5 Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “go amogelwa ke Modimo” gape le ka ranolwa e le “bopelontle.” Ga go pelaelo gore Setefane o ne a ratwa ke batho gonne o ne a le pelonomi e bile a le bonolo. O ne a bua ka tsela e e neng ya tlhotlheletsa bontsi jwa batho ba ba neng ba mo reeditse, mme a ba tlhatswa pelo gore o ne a le peloephepa le gore dilo tse a neng a di ba ruta di ne di tla ba solegela molemo. O ne a tletse maatla ka gonne moya wa ga Jehofa o ne o dira mo go ene e re ka a ne a le boikokobetso mme a latela kaelo ya one. Go na le gore a ikgogomose ka ntlha ya dimpho le bokgoni jwa gagwe, o ne a isa pako yotlhe kwa go Jehofa mme a bo a bontsha gore o amega ka lorato ka batho ba a neng a bua le bone. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo baganetsi ba gagwe ba ne ba mo tsaya e le motho yo o kotsi!

6-8. (a) Ke dilo dife tse pedi tse baganetsi ba ga Setefane ba neng ba mo latofatsa ka tsone, mme ka ntlha yang? (b) Ke eng fa sekao sa ga Setefane se le molemo mo Bakereseteng gompieno?

6 Banna bangwe ba ne ba ganetsana le Setefane mme “ba ne ba sa kgone go emelana le ene, ka gonne o ne a le botlhale e bile a thusiwa ke moya o o boitshepo gore a kgone go ba araba.” a Ka ntlha ya go betwa ke pelo, ba ne ba “tlhotlheletsa batho mo sephiring” gore ba latofatse molatedi yono wa ga Keresete yo o neng a se na molato. Gape ba ne ba ‘dira gore batho, baeteledipele le bakwadi ba galefe,’ mo Setefane a neng a isiwa ka dikgoka fa pele ga Sanehederine. (Dit. 6:9-12) Baganetsi ba ga Setefane ba ne ba mo latofaletsa dilo tseno tse pedi: Go tlhapatsa Modimo le Moshe. O ne a ba tlhapatsa ka ditsela dife?

7 Balatofatsi bano ba maaka ba ne ba re Setefane o tlhapatsa Modimo ka go bua kgatlhanong le “lefelo leno le le boitshepo”—e leng tempele e e kwa Jerusalema. (Dit. 6:13) Ba ne ba mo latofatsa ka gore o tlhapatsa Moshe ka go bua kgatlhanong le Molao wa ga Moshe, le gore o fetola dingwao tse di sa bolong go nna teng go tloga mo motlheng wa ga Moshe. Tseno e ne e le ditatofatso tse di masisi tota ka gonne ka nako eo Bajuda ba ne ba tlotla tempele, dintlha tse di mo Molaong wa ga Moshe le dingwao tse dintsi tse di sa kwalwang tse ba neng ba itsenyeditse tsone mo Molaong oo. Ka jalo, ditatofatso tseo di ne di kaya gore Setefane e ne e le motho yo o kotsi, yo o neng a tshwanelwa ke loso!

8 Ka maswabi, gantsi batho ba bodumedi ba dirisa mekgwa e e jaaka eno fa ba batla go kgoreletsa tiro ya batlhanka ba Modimo. Tota le gompieno, ka dinako tse dingwe baganetsi ba bodumedi ba tlhotlheletsa baeteledipele ba setšhaba gore ba bogise Basupi ba ga Jehofa. Re tshwanetse go itshwara jang fa re lebane le ditatofatso tsa maaka? Re ka ithuta go le gontsi mo go Setefane.

Go Rera ka Bopelokgale ka “Modimo yo o Galalelang” (Ditiro 7:1-53)

9, 10. Batshwayadiphoso bangwe ba ne ba reng ka se Setefane a neng a se bua fa pele ga Sanehederine, mme ke eng se re sa tshwanelang go se lebala?

9 Jaaka go bontshitswe kwa tshimologong ya kgaolo eno, fa Setefane a ntse a reeditse ditatofatso kgatlhanong le ene, sefatlhego sa gagwe se ne se ritibetse, se tshwana le sa moengele. Jaanong Kaiafase o a mo leba a bo a re: “A go ntse jalo?” (Dit. 7:1) Jaanong e ne e le nako ya gore Setefane a bue. Mme o ne a bua!

10 Batshwayadiphoso bangwe ba ne ba tlhasela puo ya ga Setefane, ba re le fa gone e ne e le telele, ga e a ka ya araba dilo tse a neng a latofadiwa ka tsone. Le fa go ntse jalo, boammaaruri ke gore Setefane o ne a re tlhomela sekao se se molemo sa kafa re ka ‘femelang’ dikgang tse di molemo ka gone. (1 Pet. 3:15) Se lebale gore Setefane o ne a latofadiwa ka gore o tlhapatsa Modimo ka go bua kgatlhanong le tempele le gore o ne a tlhapatsa Moshe ka go bua kgatlhanong le Molao. Karabo ya ga Setefane e sobokanya dikarolo di le tharo tsa hisitori ya Baiseraele, mme mo go yone o gatelela dintlha dingwe ka kelotlhoko. A re sekasekeng nngwe le nngwe ya dikarolo tseno tse tharo tsa hisitori eno.

11, 12. (a) Setefane o ne a dirisa jang sekai sa ga Aborahame ka tsela e e molemo? (b) Ke eng fa go ne go tshwanela gore Setefane a umake Josefa mo puong ya gagwe?

11 Motlha wa ditlhogo tsa lotso. (Dit. 7:1-16) Setefane o ne a simolola ka go bua ka Aborahame, yo Bajuda ba neng ba mo tlotla ka ntlha ya tumelo ya gagwe. O ne a simolola ka go bua ka kgang eno ya botlhokwa e ba neng ba dumalana ka yone, mme a gatelela gore Jehofa, “Modimo yo o galalelang,” o ne a bonala la ntlha mo go Aborahame kwa Mesopotamia. (Dit. 7:2) Tota e bile, monna yono e ne e le moagi wa moeng mo Lefatsheng le le Solofeditsweng. Tempele le Molao wa ga Moshe di ne di ise di nne gone mo motlheng wa ga Aborahame. Ka jalo, goreng bangwe ba ne ba gatelela gore go ne go tshwanetse ga nna le tempele le melao gore batho ba kgone go ikanyega mo Modimong?

12 Gape batho ba ba neng ba reeditse Setefane ba ne ba tlotla thata setlogolwana sa ga Aborahame e bong Josefa, ka jalo Setefane o ne a ba gakolola gore bomorwarraagwe Josefa, ba e neng e le ditlhogo tsa ditso tsa Iseraele, ba ne ba bogisa monna yono yo o siameng mme ba mo rekisa gore e nne lekgoba. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a dirisa monna yono go golola Iseraele mo leubeng. Ga go pelaelo gore Setefane o ne a lemoga gore go ne go na le dilo dingwe tse Josefa le Jesu Keresete ba neng ba tshwana ka tsone, mme ga a ka a di bua ka gonne o ne a batla gore batho ba a neng a bua le bone ba tswelele ba mo reeditse.

13. Go bua ka Moshe go ne ga thusa Setefane jang go araba dilo tse a neng a latofadiwa ka tsone, mme seno se ne sa mo thusa jang go tlhalosa kgang ya gagwe ya konokono?

13 Motlha wa ga Moshe. (Dit. 7:17-43) Setefane o ne a bua dilo di le dintsi ka Moshe—eo e ne e le tshwetso e e botlhale e re ka bontsi jwa maloko a Sanehederine e ne e le Basadukae ba ba neng ba sa amogele dibuka tsotlhe tsa Baebele fa e se fela tse di kwadilweng ke Moshe. Gape, se lebale gore Setefane o ne a latofadiwa ka gore o tlhapatsa Moshe. Mafoko a ga Setefane a ne a araba tatofatso eo ka tlhamalalo ka gonne se a neng a se bua se ne se bontsha gore o ne a tlotla Moshe le Molao fela thata. (Dit. 7:38) O ne a bolela gore Moshe le ene o ne a ganwa ke batho ba a neng a leka go ba boloka. Ba ne ba mo gana fa a ne a le dingwaga di le 40. Mme dingwaga di feta 40 moragonyana, ba ne ba gwetlha boeteledipele jwa gagwe ka makgetlo a le mantsi. b Ka tsela eo, Setefane o ne a tlhalosa kgato ka kgato kgang eno ya gagwe ya konokono: Gantsi batho ba Modimo ba ne ba gana batho ba Jehofa a neng a ba tlhoma gore ba ba etelele pele.

14. Fa Setefane a ne a dirisa sekai sa ga Moshe, o ne a se amanya jang le dintlha tsa puo ya gagwe?

14 Setefane o ne a gakolola bareetsi ba gagwe gore Moshe o ne a boleletse pele gore go ne go tla nna le moporofeti yo o tshwanang le Moshe mo Iseraele. Moporofeti yoo e ne e tla nna mang mme o ne a tla amogelwa jang? Setefane o ne a tla araba dipotso tseo kwa bofelong jwa puo ya gagwe. O ne a bua ntlha e nngwe ya botlhokwa: Moshe o ne a ithutile gore lefelo lengwe le lengwe la mmu le ne le ka dirwa boitshepo, fela jaaka go ne ga dirwa ka lefelo la mmu le setlhatshana se neng se tuka mo go lone, kwa Jehofa a neng a bua le Moshe gone. Ka jalo, a Jehofa o tshwanetse go obamelwa fela kwa lefelong lengwe le le rileng kgotsa mo kagong e le nngwe, e e jaaka tempele e e kwa Jerusalema? Mma re boneng.

15, 16. (a) Ke eng fa go ne go le botlhokwa gore Setefane a umake motlaagana mo puong ya gagwe? (b) Setefane o ne a dirisa jang tempele ya ga Solomone mo puong ya gagwe?

15 Motlaagana le tempele. (Dit. 7:44-50) Setefane o ne a gakolola kgotla gore pele tempele e e kwa Jerusalema e agiwa, Modimo o ne a laela Moshe gore a age motlaagana—lefelo la go obamela le le tshwanang le mogope e bile le kgona go sutisiwa. Go ne go se ope yo le ka motlha a neng a ka re tempele e ne e le botlhokwa go feta motlaagana ka gonne Moshe ka boene o ne a obamela mo go one.

16 Moragonyana fa Solomone a ne a aga tempele kwa Jerusalema, o ne a tlhotlhelediwa go umaka thuto nngwe ya botlhokwa fa a ne a rapela. Jaaka Setefane a bontsha, “Mogodimodimo ga a nne mo matlong a a dirilweng ka diatla.” (Dit. 7:48; 2 Ditir. 6:18) Jehofa a ka nna a dirisa tempele go diragatsa maikaelelo a gagwe, mme seo ga se reye gore o dirisa yone fela. Ka jalo, ke eng fa baobamedi ba gagwe ba tshwanetse go akanya gore kobamelo e e itshekileng e tshwanetse go direlwa fela mo kagong e e dirilweng ka diatla tsa batho? Setefane o ne a konela puo eno ka go nopola mafoko ano a a maatla a a tswang mo bukeng ya Isaia: “Jehofa a re, legodimo ke setulo sa me sa bogosi, mme lefatshe ke sebeo sa dinao tsa me. Lo tla nkagela ntlo e e ntseng jang? Kgotsa lefelo le ke ikhutsang mo go lone le kae? Ke nna ke dirileng dilo tseno tsotlhe, a ga go jalo?”—Dit. 7:49, 50; Isa. 66:1, 2.

17. Ke jang puo ya ga Setefane e neng ya (a) senola maikutlo a a sa siamang a bareetsi ba gagwe, le go (b) araba dilo tse a neng a latofadiwa ka tsone?

17 Fa o ntse o sekaseka puisano ya ga Setefane le Sanehederine go tla go fitlha fano, a ga o dumele gore o ne a bua ka tsela e e botswerere fa a senola maikutlo a a sa siamang a balatofatsi ba gagwe? O ne a bontsha gore boikaelelo jwa ga Jehofa bo tswelela bo direga le gore bo bogolo, ga bo eme felo go le gongwe e bile ga bo laolwe ke dingwao tsa batho. Ba ba neng ba tsaya kago e ntle e e kwa Jerusalema le ditlwaelo le dingwao tse di neng di amana le Molao wa ga Moshe e le tsone tsa botlhokwa, ba ne ba sa tlhaloganye boikaelelo jwa Molao le jwa tempele! Puo ya ga Setefane e ne ya tsosa potso eno ya botlhokwa: A go ikobela Jehofa ga se yone tsela e e di gaisang tsotlhe ya go bontsha go tlotla Molao le tempele? Ruri se Setefane a neng a se bua se ne se naya bosupi jo bo utlwalang sentle jwa se a neng a se dira, ka gonne o ne a dira bojotlhe go ikobela Jehofa.

18. Re tshwanetse go leka go etsa Setefane ka ditsela dife?

18 Re ka ithuta eng mo puong ya ga Setefane? O ne a itse Dikwalo sentle. Le rona re tshwanetse go nna baithuti ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la Modimo fa re batla go tlhalosa “lefoko la boammaaruri sentle.” (2 Tim. 2:15) Gape sekao sa ga Setefane se ka re ruta go nna pelontle le go akanyetsa maikutlo a batho ba bangwe fa re bua le bone. Ruri bareetsi ba gagwe ba ne ba mo ganetsa fela thata! Le fa go ntse jalo, o ne a dirisa nako e ntsi a bua le bone ka dilo tse ba neng ba dumalana ka tsone, e leng dilo tse banna bao ba neng ba di tseela kwa godimo thata. Gape o ne a bua le banna bao ba bagolwane ka tlotlo, a ba bitsa “borra.” (Dit. 7:2) Le rona re tshwanetse go bolela boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo ka “bonolo le ka tlotlo e e boteng.”—1 Pet. 3:15.

19. Setefane o ne a bolelela Sanehederine jang molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo ka bopelokgale?

19 Le fa go ntse jalo, ga re okaoke go bua ka boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo ka gonne re tshaba go kgopisa batho; e bile ga re nyenyefatse melaetsa ya dikatlholo tsa ga Jehofa. Setefane ke sekao se se molemo. Ga go pelaelo gore o ne a lemoga gore bosupi jotlhe jo a neng a bo boleletse Sanehederine bo ne bo sa fetola tsela e baatlhodi bao ba ba peloethata ba neng ba ikutlwa ka yone. Ka jalo, a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo, o ne a konela puo ya gagwe ka go bua ka bopelokgale gore ba ne ba tshwana fela le borraabonemogologolwane ba ba ileng ba gana Josefa, Moshe le baporofeti botlhe. (Dit. 7:51-53) Tota e bile, baatlhodi bano ba Sanehederine ba ne ba bolaile Mesia, yo Moshe le baporofeti botlhe ba neng ba boleletse pele ka go tla ga gagwe. Ruri ba ne ba tlodile Molao wa ga Moshe go feta ka tsela epe fela e e ka akanngwang!

“Morena Jesu, Amogela Moya wa Me” (Ditiro 7:54–8:3)

“E rile ba utlwa dilo tseno, ba ne ba galefa fela thata mme ba ne ba batla go mo gobatsa.”—Ditiro 7:54

20, 21. Lekgotla la Sanehederine le ne la itshwara jang fa le utlwa mafoko a ga Setefane, mme Jehofa o ne a mo nonotsha jang?

20 Boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa jo Setefane a neng a bo bolelela baatlhodi bano bo ne jwa ba galefisa fela thata. Ba ne ba itshwara ka tsela e e se nang seriti mme ba ne ba batla go mo gobatsa. Monna yono yo o ikanyegang o tshwanetse a bo a ne a bona gore ga ba na ba mo utlwela botlhoko, fela jaaka ba ile ba se ka ba utlwela Mong wa gagwe Jesu botlhoko.

21 Setefane o ne a tlhoka bopelokgale gore a kgone go itshokela se se neng se tla tloga se mo diragalela, mme ga go pelaelo gore o ne a kgothadiwa thata ke ponatshegelo e ka bopelonomi Jehofa a neng a mmontsha yone ka nako eo. Setefane o ne a bona kgalalelo ya Modimo mme a bona Jesu a eme kafa seatleng sa ga Jehofa sa moja! Fa a ntse a tlhalosetsa baatlhodi ba gagwe ponatshegelo eo, ba ithiba ditsebe ka diatla. Ka ntlha yang? Pelenyana ga moo, Jesu o ne a bolelela lone lekgotla leno gore ke Mesia le gore mo nakong e e sa fediseng pelo o tla nna kafa seatleng sa moja sa ga Rraagwe. (Mar. 14:62) Ponatshegelo ya ga Setefane e ne e supa gore Jesu o ne a bua boammaaruri. Tota e bile, lekgotla leo la Sanehederine ke lone le neng la oka Mesia le go mmolaya! Ba ne ba ema botlhe ka nako e le nngwe mme ba kgobotletsa Setefane ka maje go fitlha a swa. c

22, 23. Ke ka ditsela dife loso lwa ga Setefane lo neng lo tshwana le lwa Mong wa gagwe, mme ke jang Bakeresete gompieno ba ka nnang le tsholofelo fela jaaka Setefane?

22 Setefane o ne a swa ka tsela e e tshwanang le e Mong wa gagwe a neng a swa ka yone, a ritibetse maikutlo, a ikantse Jehofa ka botlalo e bile a itshwaretse babolai ba gagwe. O ne a re, “Morena Jesu, amogela moya wa me,” gongwe e le ka gonne a ne a sa ntse a bona Morwa motho a na le Jehofa mo ponatshegelong. Ga go pelaelo gore Setefane o ne a itse mafoko ano a a kgothatsang a ga Jesu: “Ke nna tsogo le botshelo.” (Joh. 11:25) Kgabagare Setefane o ne a rapela Modimo jaana ka tlhamalalo ka lentswe le le kwa godimo: “Jehofa, o se ka wa ba bona molato ka ntlha ya boleo jono.” Fa a sena go bua jalo, o ne a robala mo losong.—Dit. 7:59, 60.

23 Ka jalo, Setefane e ne ya nna ene moswelatumelo wa ntlha mo balateding ba ga Keresete. (Bona lebokose le le reng, “ E ne E le ‘Moswelatumelo’ ka Tsela Efe?”) Le fa go ntse jalo, ka maswabi ga se ene wa bofelo. Go tla go fitlha le gompieno, batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ntse ba bolawa ke batho ba ba ratang bodumedi le dipolotiki le ke baganetsi ba bangwe ba ba setlhogo. Le fa go ntse jalo, le rona fela jaaka Setefane re na le mabaka a a utlwalang a go nna le tsholofelo. Gone jaanong Jesu o busa e le Kgosi mme o dirisa maatla a magolo a Rraagwe a mo neileng one. Ga go sepe se se tla mo thibelang go tsosa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang mo baswing.—Joh. 5:28, 29.

24. Ke seabe sefe se Saulo a neng a nna le sone mo go bolaweng ga moswelatumelo e bong Setefane, mme loso lwa monna yoo yo o ikanyegang lo ne lwa ama jang batho bangwe ka tsela e e molemo?

24 Lekau lengwe le le bidiwang Saulo le ne le ntse le lebile dilo tseno tsotlhe. O ne a sa bone sepe se se phoso ka go bolawa ga ga Setefane, mo a neng a tlhokometse diaparo tsa batho ba ba neng ba kgobotletsa Setefane ka maje. Moragonyana ga moo, o ne a di goga kwa pele mo go bogiseng batho ba Modimo setlhogo. Mme loso lwa ga Setefane lo ne lo tla ama batho bangwe ka tsela e e molemo le mo isagweng. Sekao sa gagwe se ne se tla nonotsha Bakeresete ba bangwe gore ba nne ba ikanyega le gore ba nne le phenyo e e tshwanang le ya gagwe. Mo godimo ga moo, Saulo—yo mo dingwageng tse di latelang a neng a tla bidiwa Paulo—o ne a tla gakologelwa seabe se a nnileng le sone mo losong lwa ga Setefane mme a ikwatlhaele seo. (Dit. 22:20) O ne a thusitse go bolaya Setefane, mme moragonyana o ne a tla lemoga gore ‘e ne e le motlhapatsi, a bogisa batho ba Modimo e bile a se na maitseo.’ (1 Tim. 1:13) Go bonala sentle gore Paulo ga a ka a lebala Setefane le puo e e maatla e a neng a e neela mo letsatsing leo. Tota e bile, dingwe tsa dipuo tsa ga Paulo di ne di na le mafoko mangwe a a neng a buiwa ke Setefane mo puong ya gagwe. (Dit. 7:48; 17:24; Baheb. 9:24) Fa nako e ntse e ya, Paulo o ne a ithuta ka botlalo go etsa sekao sa tumelo le sa bopelokgale sa ga Setefane, yo e neng e le monna yo o neng “a amogelwa ke Modimo e bile Modimo a mo naya maatla.” Potso ke gore, A le rona re tla etsa sekao seo?

a Bangwe ba baganetsi bano e ne e le maloko a ‘setlhopha sa Bagololesegi.’ Ba ka tswa ba ne ba kile ba tshwarwa ke Baroma mme moragonyana ba gololwa, kgotsa e ka tswa e ne e le makgoba a a golotsweng a a neng a sokologela mo Sejudeng. Bangwe ba bone ba ne ba tswa kwa Kilikia, kwa Saulo wa Tareso a neng a tswa gone. Pego eno ga e tlhalose gore a Saulo e ne e le mongwe wa Bakilikia ba ba neng ba se ka ba itsetsepela kgatlhanong le Setefane.

b Puo ya ga Setefane e na le tshedimosetso e re sa e fitlheleng gope mo ditemaneng tse dingwe tsa Baebele, e e jaaka dintlha tse di malebana le thuto ya Egepeto e Moshe a neng a e rutilwe, dingwaga tsa gagwe fa a ne a tshaba kwa Egepeto lekgetlho la ntlha le gore o ne a nna lobaka lo lo kae kwa Midiana.

c Ga go bonale molao wa Roma o ne o neile Sanehederine taolo ya go atlholela batho loso. (Joh. 18:31) Mme gone, Setefane o ne a bolawa ke segopa sa batho ba ba neng ba galefile mme e ne e se ka taelo ya kgotlatshekelo.