Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 10

“Lefoko la ga Jehofa Le ne La Tswelela le Gola”

“Lefoko la ga Jehofa Le ne La Tswelela le Gola”

Petere o a gololwa, mme pogiso ga e thibele go anama ga dikgang tse di molemo

E tswa mo go Ditiro 12:1-25

1-4. Petere o lebane le seemo sefe se se thata, mme o ne o tla ikutlwa jang fa o ne o le mo seemong seo?

 GO UTLWALA modumo o o boitshegang wa setswalo se segolo sa tshipi fa Petere a tswalelwa mo kgolegelong. O isiwa kwa seleng ya gagwe a bofilwe ka dikeetane a le fa gare ga badisa ba babedi ba Baroma. Go tswa foo, o leta diura tse dintsi, gongwe malatsi, a letetse go utlwa gore go tla diragala eng ka ene. Ga go sepe se a se bonang fa e se fela dipota le ditswalo tsa kgolegelo, dikeetane tse a bofilweng ka tsone le badisa.

2 Petere o newa katlholo e e setlhogo. Kgosi Herode Ageripa I o ikemiseditse go mmolaya. a Tota e bile, Petere o tla ntshediwa kwa bathong morago ga moletlo wa Tlolaganyo gore a bolawe, mme katlholo eo e diretswe go itumedisa boidiidi jo bo tla bong bo le foo. Seno ga se matshosetsi fela. Ene mmusi yono o ne a sa tswa go bolaya mongwe wa baaposetoloi e bong Jakobe.

3 Ke maitseboa a pele ga letsatsi le a tlileng go bolawa ka lone. Petere o akantse eng fa a ntse a le mo seleng eo e e lefifi? A o akantse ka se Jesu a neng a mmolelela sone dingwaga pele ga foo, gore letsatsi lengwe o ne a tla golegwa a bo a isiwa kwa a sa batleng go ya teng—kwa losong lwa gagwe? (Joh. 21:18, 19) Gongwe Petere o ipotsa gore a nako eo e setse e gorogile.

4 O ne o tla ikutlwa jang fa o ne o le mo seemong se Petere a leng mo go sone? Ba le bantsi ba ne ba tla tlalelwa, le go latlhegelwa ke tsholofelo gotlhelele. Le fa go ntse jalo, a go na le seemo sepe fela se se ka dirang gore molatedi wa mmatota wa ga Jesu Keresete a latlhegelwe ke tsholofelo gotlhelele? Re ka ithuta eng mo tseleng e Petere le Bakeresete ka ene ba neng ba itshwara ka yone fa ba lebane le pogiso? Mma re boneng.

‘Phuthego E ne E Rapela e sa Kgaotse’ (Ditiro 12:1-5)

5, 6. (a) Ke eng fa Kgosi Herode Ageripa I a ile a tlhasela phuthego ya Bokeresete, mme o ne a e tlhasela jang? (b) Ke eng fa loso lwa ga Jakobe e ne e le teko mo phuthegong?

5 Jaaka re bone mo kgaolong e e fetileng ya buka eno, phuthego ya Bokeresete e ne ya itumela fela thata fa Korenelio wa Moditšhaba le ba lelapa la gagwe ba ne ba sokologa. Mme gone, Bajuda ba ba sa dumeleng ba tshwanetse ba bo ba ile ba tshoga tota fa ba utlwa gore jaanong Bajuda ba le bantsi ba Bakeresete ba ne ba obamela ka kgololesego le batho ba e neng e se Bajuda.

6 Radipolotiki yo o botlhale, e bong Herode, o ne a bona seno e le tshono ya go dira gore a amogelwe ke Bajuda, ka jalo o ne a simolola go tshwara Bakeresete makgwakgwa. Gongwe o ne a utlwile gore moaposetoloi Jakobe o ne a atamalane thata le Jesu Keresete. Ke gone ka moo Herode a neng “a bolaya Jakobe mogolowe Johane ka tšhaka.” (Dit. 12:2) Ruri seno e ne e le teko e kgolo mo phuthegong! Jakobe e ne e le mongwe wa baaposetoloi ba bararo ba ba neng ba bona fa Jesu a fetolwa ponalo le go bona dikgakgamatso tse dingwe tse baaposetoloi ba bangwe ba sa di bonang. (Math. 17:1, 2; Mar. 5:37-42) Jesu o ne a bitsa Jakobe le morwarraagwe e bong Johane, “Bomorwa Tumo ya Maru” ka ntlha ya tlhagafalo e kgolo e ba neng ba na le yone. (Mar. 3:17) Ka jalo, phuthego e ne e latlhegetswe ke mosupi yo o pelokgale, yo o ikanyegang e bile e le moaposetoloi yo o rategang.

7, 8. Phuthego e ne ya dira eng fa Petere a sena go tsenngwa mo kgolegelong?

7 Go bolawa ga ga Jakobe go ne ga itumedisa Bajuda fela jaaka Ageripa a ne a solofetse. Seo se ne sa mo tlhotlheletsa gore morago ga foo a batle go bolaya le Petere. Jaaka go bontshitswe kwa tshimologong ya kgaolo eno, o ne a laela gore Petere a golegwe. Le fa go ntse jalo, jaaka re bone mo go Kgaolo 5 ya buka eno, Ageripa o tshwanetse a bo a ne a sa lebala gore mo nakong e e fetileng, baaposetoloi ba ile ba gololwa ka kgakgamatso mo kgolegelong. E le go tlhomamisa gore seo ga se direge gape, Herode o ne a laela gore Petere a bofiwe ka dikeetane a le fa gare ga badisa ba le 2, mme a dira gore go nne le badisa ba le 16 ba ba neng ba refosana go tlhokomela moaposetoloi yono bosigo le motshegare gore a se ka a tshaba. Fa a ne a ka tshaba, badisa bao ba ne ba tla atlholwa ka tsela e Petere a neng a tlile go atlholwa ka yone. Bakeresete ka ene ba ne ba ka dira eng mo maemong ao a a thata?

8 Phuthego e ne e itse sentle gore e tshwanetse go dira eng. Ditiro 12:5 ya re: “Fa Petere a ntse a le mo kgolegelong, phuthego e ne e mo rapelela e sa kgaotse.” Ee, ba ne ba rapelela mokaulengwe wa bone yo o rategang ka tlhoafalo, ba kopa go tswa pelong. Go bolawa ga ga Jakobe ga go a ka ga ba kgoba marapo; e bile ga go a ka ga dira gore ba lebe thapelo e se na mosola wa sepe. Jehofa o tsaya dithapelo di le botlhokwa thata. Fa di dumalana le thato ya gagwe, o tla di araba. (Baheb. 13:18, 19; Jak. 5:16) Eno ke thuto ya botlhokwa thata mo Bakereseteng gompieno.

9. Petere le Bakeresete ka ene ba ne ba re tlhomela sekao sefe se re ka se latelang mo kgannyeng ya thapelo?

9 A o itse bangwe ba badumedi ka wena ba ba lebaneng le diteko dingwe? Ba ka tswa ba itshoketse go bogisiwa, go thibelwa ke puso kgotsa masetlapelo a tlholego. Go ka nna molemo gore o ba rapelele go tswa pelong. Gape o ka tswa o itse bangwe ba ba lebaneng le mathata a a sa lemotshegeng motlhofo, a a jaaka mathata a lelapa, go kgobega marapo kgotsa dilo dingwe tse di lekang tumelo ya bone. Fa o tlhatlhanya pele o rapela, o ka nna wa gakologelwa batho ba le mmalwa ba o ka ba umakang ka maina fa o bua le Jehofa, “Moutlwi wa thapelo.” (Pes. 65:2) Boammaaruri ke gore, le wena o tlhoka dithapelo tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago fa o lebane le mathata.

Re rapelela bakaulengwe ba rona ba ba tsentsweng mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone

“O Nne o Ntshale Morago” (Ditiro 12:6-11)

10, 11. Tlhalosa tsela e moengele wa ga Jehofa a neng a golola Petere ka yone mo kgolegelong.

10 A Petere o ne a tlhobaediwa ke kotsi e a neng a lebane le yone? Ga re tlhomamisege ka seo, mme gone mo bosigong joo jwa bofelo Petere a le mo kgolegelong, o ne a robetse a le fa gare ga badisa ba babedi ba ba neng ba mo tlhokometse ka kelotlhoko. Ruri monna yono yo o ikanyegang o ne a itse gore le fa go ka direga eng mo letsatsing le le latelang, Jehofa o ne a se kitla a mo lebala. (Bar. 14:7, 8) Petere o ne a sa lebelela ditiragalo tse di gakgamatsang tse di neng di tla tloga di direga. Ka tshoganyetso fela, ga tlala lesedi le le phatsimang mo seleng ya gagwe. Moengele o ne a ema foo, mme go bonala badisa ba ne ba sa mmone, mme a tsosa Petere ka bonako. Dikeetane tse a neng a bofilwe ka tsone mo diatleng—tse go neng go bonala go le thata go di kgaola—di ne tsa wa motlhofo fela!

Ba ne “ba fitlha fa setswalong sa tshipi se se tswelang kwa motseng, mme se ne sa bulega ka bosone fela.”—Ditiro 12:10

11 Moengele o ne a naya Petere ditaelo tseno tse dikhutshwane: “Tsoga ka bonako! . . . Apara o bo o rwala ditlhako tsa gago. . . . Apara seaparo sa gago sa ka fa ntle.” Petere o ne a dira jalo a sa okaoke. Kgabagare, moengele o ne a re: “O nne o ntshale morago,” mme Petere o ne a dira fela jalo. Ba ne ba tswa mo seleng, ba feta badisa ba masole ba ba neng ba eme kwa ntle, mme ba tsamaya ka tidimalo go ya kwa setswalong se segolo sa tshipi. A ba ne ba tla kgona go tswa mo go sone? Fa e le gore Petere o ne a ipotsa potso eo, o ne a tla tloga a bona karabo. Fa ba ntse ba atamela setswalo seno, “se ne sa bulega ka bosone fela.” Ka bonako fela, ke fa ba setse ba dule mme ba le mo mmileng, mme morago ga moo moengele o ne a nyelela. Fa Petere a ntse a eme foo a le esi, e ne e le gone a lemogang gore ruri dilo tseno tsotlhe e ne e se toro fela. E ne e se ponatshegelo. O ne a golotswe!—Dit. 12:7-11.

12. Ke eng fa re ka kgothadiwa ke go tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a neng a golola Petere ka yone?

12 Ruri go a kgothatsa go tlhatlhanya ka maatla a magolo a Jehofa a nang le one a go golola batlhanka ba gagwe. Petere o ne a tshwerwe ke kgosi e e neng e engwe nokeng ke puso e e maatla go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa nna gone mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, o ne a tswa motlhofo fela mo kgolegelong! Gone ke boammaaruri gore ga se batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba ba gololwang jalo ka tsela ya kgakgamatso. Ga a ka a golola Jakobe ka kgakgamatso; e bile moragonyana ga a ka a tlhola a golola Petere ka kgakgamatso, fa kgabagare mafoko a Jesu a neng a a bolelelapele ka moaposetoloi yono a ne a diragadiwa. Gompieno Bakeresete ga ba a lebelela go gololwa ka tsela ya kgakgamatso. Le fa go ntse jalo, re a itse gore Jehofa ga a fetoga. (Mal. 3:6) E bile re a itse gore go ise go ye kae, o tla dirisa Morwawe go golola dimilionemilione tsa batho mo kgolegelong e ba sa kgoneng go tswa mo go yone, e leng loso. (Joh. 5:28, 29) Ditsholofetso tse di ntseng jalo di ka re kgothatsa thata fa re lebana le diteko gompieno.

“Ba ne Ba Mmona Mme ba Gakgamala” (Ditiro 12:12-17)

13-15. (a) Maloko a phuthego a a neng a kokoane kwa ntlong ya ga Marea a ne a itshwara jang fa Petere a goroga? (b) Morago ga moo, buka ya Ditiro e bua thata ka eng, mme gone Petere o ne a tswelela a nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe ba Bakeresete jang?

13 Petere o ne a eme mo mmileng o o lefifi, a sa ntse a ipotsa gore a ye kae. Mme o ne a dira tshwetso. Gaufi le fa a neng a le gone, go ne go nna mosadi mongwe wa Mokeresete, yo o bidiwang Marea. Go bonala mosadi yono wa motlholagadi a ne a itsholetse, ka gonne ntlo ya gagwe e ne e le kgolo jaana mo a neng a kgona go amogela phuthego yotlhe. E ne e le mmaagwe Johane Mareko, yo pego ya Ditiro e buang ka ene lekgetlo la ntlha fano, le yo moragonyana Petere a neng a mo tsaya jaaka morwawe. (1 Pet. 5:13) Le fa go ne go setse go le thari thata, bontsi jwa maloko a phuthego eo a ne a le mo ntlong ya ga Marea mo bosigong jono, a rapela ka tlhoafalo. Ga go pelaelo gore ba ne ba rapelela gore Petere a gololwe—mme gone ba ne ba sa lebelela gore Jehofa o ne a tla araba thapelo ya bone ka tsela eo!

14 Petere o ne a kokota fa setswalong sa kgoro e e tsenang mo lolwapeng lo lo fa pele ga ntlo. Lelata le le bidiwang Roda—leina le le tlwaelegileng mo Segerikeng le le rayang sethunya sa “Rosa”—le ne la tla fa kgorong. O ne a sa dumele se a neng a se utlwa. E ne e le lentswe la ga Petere! Go na le gore mosetsana yono yo o itumetseng a bule kgoro, o ne a tlogela Petere a eme mo mmileng mme a sianela mo ntlong a bo a leka go bolelela phuthego gore Petere o teng. Ba ne ba re o a tsenwa, mme e re ka e ne e se motho yo o ineelang motlhofo fela, o ne a nna a gatelela gore o bua boammaaruri. Bangwe ba bone ba ne ba ineela mme ba re gongwe ke moengele wa ga Petere. (Dit. 12:12-15) Mo nakong eo yotlhe, Petere o ne a ntse a kokota go fitlha kgabagare ba ya kwa kgorong mme ba e bula.

15 Fa ba le mo kgorong, “ba ne ba mmona mme ba gakgamala”! (Dit. 12:16) Ka tsela e ba neng ba itumetse ka yone, Petere o ne a tshwanelwa ke go ba didimatsa gore a kgone go ba bolelela se se mo diragaletseng, mme a ba kopa gore ba bolelele morutwa Jakobe le bakaulengwe ba bangwe dikgang tseno, mme morago ga moo a tsamaya pele masole a ga Herode a ka mmona. Petere o ne a ya go tswelela a direla ka boikanyegi kwa lefelong lengwe le le babalesegileng. Ga a tlhole a umakiwa gope mo bukeng eno ya Ditiro, kwantle ga seabe se a nnileng le sone mo go rarabololeng kgang ya go rupa, e e umakiwang mo go Ditiro kgaolo 15. Jaanong buka ya Ditiro e bua thata ka tiro ya ga moaposetoloi Paulo le maeto a gagwe. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega gore gongwe le gongwe fela kwa Petere a neng a ya gone, o ne a nonotsha tumelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. Ga go pelaelo gore o ne a tlogela batho ba ba neng ba le kwa ntlong ya ga Marea ba itumetse fela thata.

16. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore mo isagweng re tlile go nna le dilo di le dintsi tse di tla re itumedisang?

16 Ka dinako tse dingwe Jehofa o naya batlhanka ba gagwe dilo tse di fetang tse ba neng ba di lebeletse, mme seno se dira gore ba sale ba phophoma boitumelo ka gonne ba sa dumele se ba se bonang. Eno ke tsela e bakaulengwe le bokgaitsadi ba ga Petere ba Bakeresete ba neng ba ikutlwa ka yone mo bosigong joo. Ke kafa le rona gompieno re ka ikutlwang ka gone ka dinako tse dingwe fa re bona tshegofatso e e humisang ya ga Jehofa. (Diane 10:22) Mo isagweng, re tla bona ditsholofetso tsotlhe tsa ga Jehofa di diragadiwa mo lefatsheng lotlhe. Ruri masego a a tla bong a le teng ka nako eo a tla bo a feta kgakala sepe fela se re ka akanyang ka sone gompieno. Ka jalo, fa fela re nna re ikanyega, re ka solofela go itumelela dilo tse di itumedisang mo isagweng.

“Moengele wa ga Jehofa O ne A Dira Gore a Lwale” (Ditiro 12:18-25)

17, 18. Ke eng se se neng sa dira gore batho ba fore Herode?

17 Tota le Herode o ne a sala a akabetse fa a utlwa tsela e Petere a golotsweng ka yone—mme gone seo ga se a ka sa mo itumedisa. Ka yone nako eo Herode o ne a laela gore Petere a batliwe, go tswa foo a dira gore badisa ba ba neng ba mo tlhokometse ba botsolodiwe. Ba ne ba ‘otlhaiwa,’ gongwe ba bolawa. (Dit. 12:19) Herode Ageripa o ne a se kutlwelobotlhoko e bile a se pelotlhomogi. A monna yono yo o setlhogo o ile a otlhaiwa?

18 Ageripa a ka tswa a ne a ikutlwa a tlhabilwe ke ditlhong gonne a paletswe ke go bolaya Petere, mme go ise go ye kae o ne a bona sengwe se se neng sa dira gore a ikgodise gape. Go ne ga tsoga seemo se mo go sone baba ba gagwe ba neng ba batla go dira kagiso le ene, mme ga go pelaelo gore o ne a tlhoafaletse go bua fa pele ga boidiidi jo bogolo jwa batho. Luke o bega gore pele Herode a ya go bua, o ne “a apara diaparo tsa segosi.” Rahisitori wa Mojuda e bong Josephus a re diaparo tsa ga Herode di ne di dirilwe ka selefera, mo e leng gore fa a ema mo leseding, o ne a galalela. Radipolotiki yono yo o ikgantshang o ne a simolola go bua. Boidiidi bo ne jwa goa jaana bo mo fora: “Le ke lentswe la modimo, ga se la motho!”—Dit. 12:20-22.

19, 20. (a) Ke eng fa Jehofa a ne a otlhaya Herode? (b) Re ka ithuta eng mo pegong e e buang ka go bolawa ga ga Herode Ageripa ka tshoganyetso?

19 Modimo ke ene yo o tshwanetseng go tlotlomadiwa jalo, mme o ne a ntse a lebile! Herode o ne a ka kgona go tila masetlapelo. O ka bo a ile a kgalemela boidiidi joo kgotsa go ganetsa se ba neng ba se bua. Go na le moo, se se neng sa mo diragalela se ne se bontsha sentle gore seane seno se boammaaruri: “Boikgogomoso bo dira gore motho a we.” (Diane 16:18) “Ka tshoganyetso fela, moengele wa ga Jehofa o ne a dira gore a lwale.” O ne a dira gore monna yono yo o boikgogomoso le yo o itseelang kwa godimo a swe loso lo lo tsitsibanyang mmele le lo lo tlhabisang ditlhong. Herode o ne “a jewa ke diboko a bo a swa.” (Dit. 12:23) Gape Josephus a re Ageripa o ne a otlhaiwa ka tshoganyetso, mme a oketsa ka gore kgosi eno yone e ne e akanya gore e ne ya bolawa ka ntlha ya go bo e ile ya dumela go forwa ke boidiidi jwa batho. Josephus a re Ageripa o ne a boga malatsi a le matlhano pele a swa. b

20 Ka dinako tse dingwe go ka bonala e kete batho ba ba bosula ba dira dilo tse di sa siamang mme ba bo ba sa otlhaiwe. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa ka gonne “lefatshe lotlhe le laolwa ke Satane.” (1 Joh. 5:19) Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba a tshwenyega fa ba bona e kete baikepi ga ba otlhaelwe ditiro tsa bone. Leno ke lengwe la mabaka a a dirang gore dipego tse di jaaka eno di re gomotse tota. Tota e bile, re bona Jehofa a tsaya kgato, e le go gakolola batlhanka botlhe ba gagwe gore ke morati wa tshiamiso. (Pes. 33:5) Go ise go ye kae, go tla rena tshiamiso.

21. Ke thuto efe ya botlhokwa e re ithutang yone mo go Ditiro kgaolo 12, mme ke eng fa e re kgothatsa gompieno?

21 Pego eno e konela ka mafoko ano a a kgothatsang thata: “Lefoko la ga Jehofa le ne la tswelela le gola e bile le anama.” (Dit. 12:24) Pego eno e e tlhalosang kafa tiro ya go rera e neng ya gola ka gone e ka re gakolola kafa Jehofa a segofaditseng ka gone tiro e e tshwanang le eo mo motlheng wa rona. Ke boammaaruri gore, pego e e mo go Ditiro kgaolo 12 ga e bue fela ka go bolawa ga moaposetoloi mongwe le go gololwa ga yo mongwe. Mme gape e tlhalosa kafa Jehofa a neng a senya ka gone maiteko a ga Satane a go fedisa phuthego ya Bokeresete le a go emisa tiro ya go rera e ba neng ba e dira ka tlhagafalo. Ditlhaselo tseo di ne tsa folotsa, fela jaaka maano otlhe a a ntseng jalo a se kitla a atlega. (Isa. 54:17) Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba emang le Jehofa le Jesu Keresete ba nna karolo ya tiro e e se kitlang e folotsa le ka motlha. A eno ga se kgang e e kgothatsang? Ruri go anamisa “lefoko la ga Jehofa” gompieno ke tshiamelo e kgolo!

a Bona lebokose le le reng, “ Kgosi Herode Ageripa I”.

b Ngaka nngwe e e dirang dikaro e bile gape e le mokwadi a re matshwao a Josephus le Luke ba a tlhalosang, a ka tswa a ne a bakilwe ke dibokwana tse di neng di kaba mala gore a se ka a bereka sentle, mme seo e le se se ka nnang sa dira gore motho a swe. Ka dinako tse dingwe, fa motho yo o nang le dibokwana tseno a swa, o a di tlhatsa kgotsa di itswela ka botsone mo mmeleng wa gagwe. Buka nngwe ya ditshupiso ya re: “E re ka Luke e ne e le ngaka, tsela e a tlhalosang dilo ka yone e bontsha gore [Herode] o ne a swa setlhogo tota.”